Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa Ba Ntse ba Batla Gauta, Ba ne Ba Bona Legae

Fa Ba Ntse ba Batla Gauta, Ba ne Ba Bona Legae

Fa Ba Ntse ba Batla Gauta, Ba ne Ba Bona Legae

CHINATOWN. Mo ditoropong di le dintsi go ralala lefatshe, lefoko leno le dira gore batho ba akanye ka ditshwantsho tse di mebalabala tsa mabenkele a Ba-China, diresetšhurente, meletlo le metantsho ya kgogela. Le fa go ntse jalo, Chinatown nngwe le nngwe e na le hisitori ya yone. Ba-China ba ba nnang kwa Australia gompieno ba koo ka ntlha ya dikokomana tse di tlileng pele ga bone tsa Ba-China, ba ka bopelokgale ba ileng ba fudugela kwa lotshitshing lo lo kwa borwa, ba solofetse gore ba tla huma fa ba ya go bereka kwa meepong e e neng e sa tswa go bonwa.

Meepo ya New Gold Mountain

Kwa tshimologong, palo ya Ba-China ba ba neng ba fudugela kwa Australia e ne e le potlana mme go ile ga thologela ba le bantsi fa gauta e sena go bonwa ka 1851. Go tswa kwa molomong wa Noka ya Pearl, kwa Porofenseng ya Guangdong kwa China, banna ba le diketekete ba ile ba tswa koo ba tsaya loeto lo lo lapisang ka sekepe go ya kwa borwa. Pelenyana, gauta e ile ya bonwa kwa California, U.S.A. mme Ba-China ba ba buang Se-Canton ba ile ba bitsa meepo eo ya gauta ba re ke Gold Mountain. Ka jalo, meepo ya gauta ya kwa Australia e ne ya bidiwa New Gold Mountain.

E ne e se tsholofelo ya go bona gauta fela e e ileng ya tlhotlheletsa banna ba Ba-China go tlogela magae a bone. China e ile ya nna le ntwa ya selegae, masetlapelo a tlholego le khumanego, tse tsotlhe di ileng tsa dira gore botshelo bo nne thata.

Ka bomadimabe, bangwe mo setlhopheng sa ntlha se se neng sa tsaya loeto go ya kwa Australia ba ile ba swa mo tseleng. Ba ile ba bolawa ke malwetse a a ileng a tlhasela ka ntlha ya dikepe tse di tletseng thata mo loetong lwa bone lo loleele. Fa e le batho ba ba falotseng bone, botshelo kwa nageng e ntšha bo ne jwa nna bokete go feta kafa ba neng ba lebeletse ka teng.

Go Dira ka Natla mo Meepong ya Gauta

Kgabagare, go jewa ke bodutu e ile ya nna selo se se nnelang ruri ka gonne go ya ka ngwao ya bone basadi le bana ba ne ba tshwanetse go sala kwa China go boloka tatelano ya losika lwa bone mo lelapeng. Ka 1861, banna ba Ba-China ba ba fetang 38 000 ba ne ba nna kwa Australia mme go ne go na le basadi ba le 11 fela ba Ba-China. Le fa go ntse jalo, ke ba le mmalwa fela ba ba neng ba ikaeletse go nna koo. Ba le bantsi ba ne ba ikemiseditse go boela kwa magaeng le kwa malapeng a bone ba na le khumo le maemo.

Go batla go huma le go nna le maemo go ne ga ba tlhotlheletsa go batla gauta. Badiri bao ba meepo ba ne ba nna mo ditenteng mme ba bereka ka natla diura di le dintsi mo letsatsing le le mogote. Bobotlana kwa tshimologong bangwe ba ne ba boifa go epa ka fa tlase ga lefatshe ka ntlha ya ditumelobotlhodi dingwe. Ka jalo, ba ne ba simolola go epa le go sefa mmu go bona gauta go tswa foo ba bo ba e tsokotsa mo meseleng e e dirilweng ka logong. Maiteko a bone a ile a nna le matswela. Direkoto di bontsha gore mo gare ga ngwaga wa 1854 le 1862, gauta e e bokete jo bo kwa tlasenyana ga dikilogerama di le 18 660 e e ileng ya bonwa kwa nageng ya Victoria e ile ya romelwa kwa China.

Ka maswabi, khumo eno e e neng e sa tswa go bonwa e ne ya senngwa ka go betšha le ka ntlha ya go tshwakgolwa ke seokobatsi se se bidiwang opium—e leng dilo tse batho ba ba jewang ke bodutu ba neng ba ineela motlhofo mo go tsone. Gantsi seno se ne se dira gore ba feleletse ba lwala, ba latlhegelwe ke madi a bone le go se tlhole ba kgona go boela gae. Bangwe ba ile ba bona thuso go tswa mekgatlhong ya Ba-China le go tswa mo bathong ba ba ratang go direla ba bangwe molemo mme ba bangwe ba ile ba tlhokafala go sa tlhokege, ba humanegile e bile ba le nosi.

Gape Ba-China ba ne ba tshwanelwa ke go itshokela go fufegelwa le go belaelwa ke badiri ba bangwe ba moepo ba e seng Ba-China, ba ba neng ba bona batswakwa bano e le setlhopha se se leng seoposengwe, se se atlegileng le se se gaisanang sa badiri. Boikutlo jono jo bo sa siamang bo ne jwa dira gore go nne le dikhuduego le gore Ba-China ba tlhaselwe. Gauta ya bone e ile ya gapiwa mme ditente le dilwana tsa bone di ile tsa jewa ka molelo. Kgabagare bosetlhogo jono bo ne jwa fokotsega. Le fa go ntse jalo, mo e ka nnang dingwaga di le 50 morago ga gore gauta e bonwe, Immigration Restriction Act ya 1901 e ne ya thibela Ba-Asia go tsena kwa Australia—thibelo eno e ne ya se ka ya tlosiwa go tla go fitlha ka 1973.

Fa Gauta e Fela

Fa go ne go sa tlhole go na le gauta mo meepong, Ba-China bangwe ba ne ba tlhopha go tswelela ba nna kwa Australia. Ka lebaka leno, go ile ga simolola ga nna le mafelo a go tlhatswiwang kwa go one, diresetšhurente le dipolasi tsa merogo le maungo tsa Ba-China. Gape Ba-China ba ile ba itsiwe ka go dira difanitšhara le go rekisa maungo le merogo e e foreshe. Ka lebaka leo, kwa bofelong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga, mafelo a Ba-China kgotsa Chinatown, a ne a bonwa mo ditoropong di le dintsi tsa Australia, go akaretsa Atherton, Brisbane, Broome, Cairns, Darwin, Melbourne, Sydney le Townsville.

Ka gonne go ne go tla basadi ba le mmalwa ba ba tshotsweng kwa China mo Australia, banna ba le bantsi ba Ba-China ba ile ba nna ba sa nyala. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba ile ba nyala basadi ba kwa Australia, le fa go ne go na le tlhaolele kgatlhanong le manyalo a a ntseng jalo. Fa nako e ntse e tsamaya, bana ba ba tshotsweng mo manyalong ao a ditso tse di kopaneng ba ile ba nna karolo ya botlhokwa mo setšhabeng sa Australia.

Gompieno, Ba-China ba le bantsi ba batswakwa ba nna kwa Australia go feta le e leng pele. Ba le bantsi ba goroga ba batla go nna le thuto e e kwa godimo le ditshono tsa go nna le dikgwebo. Mo godimo ga moo, batswakwa jaanong ba akaretsa basadi ba le bantsi. Ka ntlha ya phetogo e e sa lebelelwang e e bakilweng ke go fetoga ga ikonomi ya lefatshe, fa banna ba le bantsi ba ba tlamelang malapa ba sena go fudusetsa malapa a bone kwa Australia, bontsi jwa bone bo boela kwa Asia go ya go bereka kwa China, Hong Kong, Singapore kgotsa Taiwan.

Ee, dinako di fetogile. Mme mo bathong ba ba tswang kwa dinageng di sele go ralala lefatshe, mokgele o sa ntse o le mongwe—go bona pabalesego le katlego kwa nageng e sele.

Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 20]

KGAKALA GO FETA KAFA BA NENG BA AKANTSE

Gore ba tile go duela lekgetho la go tsena mo nageng, bapalami ba dikepe ba Ba-China ba ne ba fologa go bapa le lotshitshi lwa Australia lo lo kgakala le maemakepe a magolo e bile lo le makgolokgolo a dikilometara go tswa kwa meepong ya gauta. Toropo ya Robe, e e leng kwa Australia Borwa, e ile ya nna nngwe ya mafelo ao. Toropo ya Robe e ne e na le palo ya batho ba ba magareng ga 100 le 200 mme mo dikgweding di le tlhano fela tsa ngwaga wa 1857, go ile ga kgabaganya bobotlana Ba-China ba le 12 000 mo toropong eo.

Mo tirong ya bone e e thata e e neng e ba tlhoka go itshoka le go dirisana mmogo, banna ba le makgolokgolo ba ile ba kgona go feta ka monokela mo nageng e e neng e se na baagi ba le bantsi, ba ya kwa meepong ya gauta. Le fa go ntse jalo, go ne go le kgakala go feta kafa ba neng ba akantse ka teng mme loeto lo ile lwa tsaya dibeke di le tlhano. Batswakwa bano fa ba le mo loetong, ba ile ba ntsha dimela tsa lewatle le go ja dikankaruu le di-wombat. Gape ba ile ba epa didiba mme ba tlogelela ba bangwe ba ba latelang motlhala.

Banna bao ba ile ba gwanta ba salane morago, ba ntse ba opela fa ba ntse ba tsamaya mme ba apere diaparo tsa bone tsa setso, ba logile meriri e bile ba rwele dihutse tse di dirilweng ka matlalo a diphologolo. Go ile ga bonwa madi a tshipi a Ba-China mo tseleng. Banna ba ba neng ba goroga ba ile ba latlha madi ao fa ba ne ba lemoga gore ga a na boleng kwa Australia.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Image H17071, State Library of Victoria

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 21]

SENGWE SE SE BOTOKA GO GAISA GAUTA

Wayne Qu o ne a berekela Academy of Sciences e e kwa China e le rasaense wa tikologo. E le go tsweletsa tiro ya gagwe pele, ene le mosadi wa gagwe e bong Sue ba ile ba fudugela kwa Europe ka bo1990 kwa Wayne a ileng a ya go ithutela go nna le thuto e e kwa godimo gone. Fa ba le koo, banyalani bano ba ile ba kopana le Basupi ba ga Jehofa mme ba tlotla le bone ka Baebele. Ka ngwaga wa 2000, Wayne le Sue ba ne ba fudugela kwa Australia, kwa bobedi jwa bone ba neng ba tswelela ka dithuto tsa bone—Sue a ithutela saense ya dimolekhule. Gape ba ile ba tswelela go ithuta Baebele.

Wayne o tlhalosa jaana: “Re feditse dingwaga di le dintsi re batla di dikerii tsa yunibesithi. Le fa go ntse jalo, ke ne ke a tle ke ipolele jaana: ‘Kwa bokhutlong, rotlhe re a gola, re a lwala mme re bo re swa. A seno ke boikaelelo jwa botshelo?’ Tsotlhe e ne e lebega e le matsapa a bophiri. Le fa go ntse jalo, Baebele e ile ya naya nna le Sue dikarabo tse di utlwalang sentle le tse di kgotsofatsang tsa dipotso tse di botlhokwa mo botshelong.

“Gape thuto ya rona ya Baebele e ile ya dira gore re sekaseke kgang nngwe e pele re iseng re ko re akanye ka yone—go nna gone ga Mmopi. Ke ile ka bala kgatiso ya Basupi ya Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? le go bala ka thuto ya ga Charles Darwin ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe. Se ke ileng ka se bala, mmogo le dipatlisiso tse ke di dirileng tsa saense, di ile tsa ntlhatswa pelo gore go na le Mmopi. Sue le ene o ile a feleletsa a dumela se se tshwanang.

“Selo se sengwe se se ileng sa re tlhatswa pelo gore Modimo o gone ke maatla a Baebele e nang le one a go fetola matshelo a batho gore a nne botoka. Eleruri buka eno e e gakgamatsang ga ya re naya fela tsholofelo ka isagwe mme gape e re neile ditsala tsa mmatota gape e ile ya dira gore re nne le lenyalo le le nonofileng. Nna le Sue re ne ra kolobediwa ka ngwaga wa 2005 mme re itumeletse go bona selo se se nang le boleng jo bo kwa godimo thata go feta thuto e e kwa godimo le go gaisa “gouta e e nyelelang.”—1 Petere 1:7.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Modiri wa moepo wa gauta yo o tswang kwa China, ka bo1860

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 19]

Sydney Chinatown: © ARCO/​G Müller/​age fotostock; gold miner: John Oxley Library, Image 60526, State Library of Queensland