Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ga ba Bannye Thata

Ga ba Bannye Thata

Ga ba Bannye Thata

● Ke se mmè mongwe wa kwa California, U.S.A., a neng a se kwala malebana le kgang nngwe e go tlotliwang ka yone mo bukeng ya Ithute mo Morutising yo Mogolo. O ne a tlhalosa jaana: “Mo bekeng e e fetileng fa re ne re isitse morwarona e bong Javan yo o nang le dingwaga di le tharo go ya go bona ngaka ya malwetse a bana, ngaka e ne ya re botsa gore a re tlotlile le Javan malebana le dirwe tsa gagwe tsa tsalo. Ke ne ka itumela thata go mmolelela ka buka ya Morutisi, e e tlhalosang gore go tla bo go sa siama gore ope fela a tshameke ka dirwe tsa gagwe tsa tsalo. Ngaka e ne e kgatlhilwe thata ke go bo re tlotlile le ene ka gone.”

Mmaagwe o ne a oketsa jaana: “Tsela e go tlotliwang ka dilo tseno ka yone mo bukeng eno e molemo tota.” Kgaolo e a neng a bua ka yone e ne e le e e nang le setlhogo se se reng “Kafa Jesu a Neng a Sirelediwa ka Teng.” E tlhalosa kafa Rraagwe Jesu wa kwa legodimong a ileng a sireletsa Morwawe ka teng gore a se ka a utlwisiwa botlhoko ke Kgosi Herode yo o bosula fa Jesu a ne a le monnye thata go ka itshireletsa ka boene. (Mathaio 2:7-23) Go tswa foo, buka eno e bontsha kafa tota le e leng bana ba bannye ba ka rutiwang ka teng gore ba itshireletse fa mongwe a leka go ba sotla ka tlhakanelodikobo.

O ka kopa gore o romelelwe khopi ya buka eno ya ditsebe di le 256, e e nang le ditshwantsho tse dintle, e e lekanang le makasine ono. Tlatsa fela setlankana se se fa tlase fano mme o bo o se romela kwa atereseng e e tshwanetseng mo lenaaneng le le mo tsebe 5 ya makasine ono.

□ Kwantle ga go ipofa tsweetswee ke kopa gore lo nthomelele khopi ya buka e e bontshitsweng fano.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.