Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Ile Ka Tshela Botshelo jo bo Kgotsofatsang Thata

Ke Ile Ka Tshela Botshelo jo bo Kgotsofatsang Thata

Ke Ile Ka Tshela Botshelo jo bo Kgotsofatsang Thata

Jaaka go Boletse Herawati Neuhardt

Ke tsholetswe kwa Cirebon, kwa Indonesia, toropo e e tumileng ka matsela a yone a a kgabisitsweng a batik, a a tsentsweng mebala e e galolang e e nang le dipaterone tse di dirilweng ka seatla. Ka tsela nngwe botshelo jwa me jwa go nna morongwa bo tshwana le jwa letsela la batik—bo ile jwa nna le dilo tse di itumedisang fa ke ntse ke kopana le batho ba ditso tse di farologaneng ba kwa Borwabotlhaba jwa Asia le South Pacific. Mma ke tlhalose.

KA 1962, fa ke ne ke le dingwaga di le lesome, mmè o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Mme fa nako e ntse e tsamaya, ene le rre, ba bobedi jwa bone e leng Ba-China ba ba tsholetsweng kwa Indonesia, mmogo le rona bana ba bone ba le batlhano, re ne ra nna Basupi.

Gantsi re ne re amogela barongwa le balebedi ba ba etang mo legaeng la rona fa ba etetse phuthego ya rona go tla go re kgothatsa semoyeng. Sekao sa bone se se molemo le metlotlo ya bone e e agang e ne ya nkama fela thata. Fa ke ne ke le dingwaga di le 19, ke ne ka swetsa ka gore ke nne mo bodireding jwa Bokeresete jwa nako e e tletseng. Ngwaga morago ga foo, ke ne ka nyalana le Josef Neuhardt, morongwa mongwe wa Mojeremane yo o neng a goroga kwa Indonesia ka 1968. Morago ga loeto lwa rona lwa mokete wa lenyalo, re ne ra fudugela kwa Sumatra, setlhaketlhake sa bobedi se segolo go gaisa mo ditlhaketlhakeng tse di fetang tse 17 000 tsa Indonesia. Fa re le koo, ke ne ka tsamaya le Josef mo tirong ya gagwe ya go nna molebedi yo o etang, e leng tiro e akaretsang go etela diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa.

Go Rera Kwa Sumatra

Potologo ya rona kgotsa lefelo le re neng re abetswe go le bereka, e ne e simolola kwa toropong e e mogote e e tlhanaselang ka batho ya Padang, kwa Sumatra Bophirima, go ya kwa Lake Toba, letsha le legolo la lekgwamolelo le le kwa lefelong la dithaba la Sumatra Bokone. Moragonyana re ne ra abelwa go bereka borwa jwa setlhaketlhake seo. Re ne re nna re le mo tseleng re tsamaya ka kolotsana ya rona ya bogologolo ya Volkswagen Beetle, re tsamaya mo ditseleng tsa sekgwa tse di nang le dikhuti, re kgabaganya marogo a a reketlang a a dirilweng ka ditlhare tsa khokonate le go dikologa gaufi le dikgwamolelo tse dikgolo—dingwe tsa tsone e le tse di didimetseng mme tse dingwe e le tse di ka thunyang nako nngwe le nngwe. Bosigo re ne re robala fa fatshe mo matlong a maemo a a kwa tlase a a kwa sekgweng a a neng a se na motlakase, diphaephe tsa metsi kgotsa matlwana a go tlhapela. Re ne re tlhapa le go tlhatswa diaparo kwa didibeng le kwa dinokeng. E ne e le botshelo jo bo motlhofo mme re ne re rata batho ba koo. Ba ne ba re amogela ka lorato, ba re naya dijo mme ba le bantsi ba ne ba kgatlhegela Baebele.

Gaufi le Padang, batho ba Ba-Minangkabau, ba bontsi jwa bone e neng e le Bamoseleme, ba ne ba gakgametse e bile ba itumetse fa re ne re ba bontsha go tswa mo Baebeleng gore Modimo o mongwe fela—ga se Tharonngwe, jaaka dikereke tse di ipitsang gore ke tsa Bokeresete di bolela. (Duteronome 6:4) Batho ba le bantsi ba ne ba amogela dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka boitumelo mme moragonyana bangwe ba ba kgatlhegang ba ne ba gatela pele sentle semoyeng. Kwa Lake Toba, batho ba Ba-Batak, ba bontsi jwa bone ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete, ba ne ba itse leina la Modimo e bong Jehofa ka gonne ba ne ba le bone mo Baebeleng ya bone ya Se-Batak. (Pesalema 83:18) Le fa go ntse jalo, ba ne ba tlhoka go tlhaloganya botoka ka Modimo le ka maikaelelo a gagwe ka batho. Ba le bantsi ba bone ba ne ba amogela thuto ya Baebele mme ba nna bareri ba ba tlhoafetseng ba Bakeresete.

Go Bula Dipelo Tsa Batho Kwa Java

Ka 1973, nna le Josef re ne ra abelwa go bereka kwa Java, e leng setlhaketlhake sengwe se se bogolo jwa halofo ya Great Britain mme se ne se na le baagi ba ba fetang dimilione di le 80. * Re ne ra bolelela ditlhopha tsa ditso tsa Ba-Java, Ba-Sunda le tsa Ba-China dikgang tse di molemo.

E re ka ke godisitswe ke le Mo-China wa kwa Indonesia, ke ne ke bua dipuo di le dintsi, go akaretsa Se-Java, Se-Sunda, Se-Indonesia le Seesemane. Ka ntlha ya seo, ke ne ka nna le metlotlo e mentsi e e kgatlhang ya Baebele le batho ka dipuo tsa segabone.

Kwa motsemogolong wa Indonesia e leng Jakarta, e e leng mo setlhaketlhakeng sa Java, ke ne ka tlotla ka tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la Paradaise le mosetsana mongwe wa dingwaga di le 19, yo go lebegang a ne a hutsafetse. Fa ke ntse ke mmalela go tswa mo Baebeleng, o ne a thubega ka selelo. O ne a bolela jaana a dirisa lefoko le le bontshang lorato le tlotlo: “Mma, ke a leboga go bo o mpoleletse dilo tseno.” O ne a oketsa jaana: “Ka moso, ke tla tlhoka di-rupiah tse dingwe di le dimilione di le 1,5 (R1 100) gore ke duele madi a me a yunibesithi mme ke ne ke akanya gore ke rekise bokgarebane jwa me gore ke bone madi ao. Pele ga o fitlha ke ne ke rapelela kaelo. Jaanong ke bone karabo. Ke ikemiseditse go emisa dithuto tsa me mme ke tswelele ke le phepa mo boitsholong.” Mosetsana yono o ne a itumelela go ithuta mo go oketsegileng ka Baebele.

Fa e sa le ka tiragalo eo, go ne ga nna le Ba-Java ba bangwe ba ba oketsegileng, go akaretsa le Ba-Sunda le Ba-China, ba ba ileng ba dira gore matshelo a bone a dumalane le melao e e phepa ya Lefoko la Modimo. Mme seno se dirile gore ba nne le kagiso ya mogopolo le boitumelo jwa mmatota, fela jaaka Modimo a solofeditse.—Isaia 48:17, 18.

Kalimantan—Legae la Ba-Dayak

Go tloga kwa Java, nna le Josef re ne ra fudugela kwa Kalimantan e leng porofense nngwe ya kwa Indonesia ya Borneo, e leng setlhaketlhake sa boraro se segolo mo lefatsheng (morago ga Greenland le New Guinea). Naga e e nang le dikgwa tse di kitlaneng, dithaba tse di makgawekgawe le dinoka tse dikgolo, Borneo ke legae la Ba-China, Bamoseleme ba Ba-Malay le Ba-Dayak ba ba tlholegang gone—setlhopha sa batho ba ba nnang thata mo nokeng ba ka nako nngwe e kileng ya bo e le batsomi ba ditlhogo tsa batho.

Go fitlha kwa metseng e e kgakala ya Ba-Dayak, re ne re tsamaya ka mokoro kgotsa ka mokorwana wa logong mo sekgweng se go iseng go nne ope mo go sone se se gaufi le dinoka. Go ne go na le dikwena tse dikgolo tse di neng di aramela letsatsi mo dintshing tsa noka, ditshwene di re lebile go tswa mo ditlhareng mme re bona dinonyane tse di diphuka di mebalabala. Ee, tirelo ya borongwa koo e ne e le selo se se kgatlhang!

Bontsi jwa malapa a Ba-Dayak a ne a nna mo matlong a a agilweng mo godimo ga dikota mme a agilwe ka dilo tsa mo sekgweng. Matlo mangwe a ne a le mannye; mme a mangwe e ne e le matlo a maleele a go neng go nna malapa a le mmalwa mo go one. Batho ba le bantsi ba ne ba ise ba ko ba bone Mo-Yuropa, ka jalo, mongwe le mongwe o ne a batla go bona Josef. Bana ba ne ba taboga mo motseng ba goa ba re, “Moruti! Moruti!” Morago ga foo mongwe le mongwe o ne a tla go tla go utlwa gore moruti yo mosweu a reng. Josef o ne a bua a ranolelwa ke Basupi ba lefelo leo, ba morago ga foo ba neng ba rulaganya go tshwara dithuto tsa Baebele le batho ba bantsi ba ba kgatlhegang.

Re Leba Kwa Papua New Guinea

Ka ntlha ya kgatelelo e e neng e oketsega go tswa mo baganetsing ba bodumedi, puso ya Indonesia e ne ya thibela Basupi ba ga Jehofa ka December 1976. Ka ntlha ya seo, nna le Josef re ne ra abelwa go ya go direla kwa Papua New Guinea.

Fa re sena go goroga kwa motsemogolong wa Port Moresby, re ne ra wetsa khoso ya dikgwedi di le pedi ya go ithuta puo ya Se-Hiri Motu, puo ya lefelo leo e e dirisiwang mo kgwebong. Go tswa foo re ne ra fudugela kwa Daru, kwa setlhaketlhakeng se sennye se se kwa porofenseng e e kgakala ya bophirima. Fa re le koo, ke ne ka kopana le Eunice, mosadi yo mokima, yo o nonofileng e bile a ratega mme meno a gagwe a ne a na le mmala o bohibidu jo bontsho ka ntlha ya go tlhafuna betel nut dingwaga tse dintsi. Fa Eunice a ne a ithuta gore Modimo o batla gore batlhanka ba gagwe ba nne phepa mo mmeleng, mo boitsholong le mo semoyeng, o ne a tlogela mokgwa wa gagwe wa go tshwakgolwa ke seokobatsi mme a nna Mokeresete yo o ikanyegang. (2 Bakorintha 7:1) Nako nngwe le nngwe fa re ne re bona batho ba ba ikokobeditseng jaana ba dirisa boammaaruri jwa Baebele, re ne ra anaanela le go feta mafoko ano a a mo go Pesalema 34:8: “Lekang mme lo bone gore Jehofa o molemo.”

Fa nako e ntse e tsamaya, Josef o ne a boa gape a nna molebedi yo o etang mme ra etela mo e ka nnang karolo nngwe le nngwe ya Papua New Guinea, naga e e nang le dipuo tse di ka nnang 820. Gore re tle re kgone go bua le batho ba ba oketsegileng, re ne ra oketsa nngwe ya dipuo tseo mo lenaaneng la rona—Tok Pisin, puo e e tlwaelegileng e e dirisiwang ke ditlhopha tse di farologaneng. Gore re fitlhe kwa ditoropong le kwa metseng e e farologaneng, re ne ra tsamaya ka maoto, ka koloi, ka mokoro, ka mokorwana wa logong le ka difofane tse dinnye mme re ne re itshokela mogote o o boitshegang, menang le go nna re tshwarwa ke malaria.

Mme ka 1985, re ne ra amogela kabelo e nngwe ya borongwa—ra ya Solomon Islands, kwa botlhaba jwa Papua New Guinea. Fa re le koo, re ne ra bereka mo ofising ya lekala ya lefelo leo ya Basupi ba ga Jehofa, ra ba ra etela ditlhopha tsa ditlhaketlhake go ya go kgothatsa diphuthego le go ya kwa dikopanong tsa Bokeresete. Re ne ra boa gape ra tshwanelwa ke go ithuta puo e ntšha—mo lekgetlong leno e le puo ya Solomon Islands Pidgin. Mme abo go ne go itumedisa jang ne go tlotla le batho ba kwa Solomon Islands ba ba ratang Baebele!

Loeto Lwa Me lo Lo Boima go Gaisa

Ka 2001, thibelo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Indonesia e ne ya tlosiwa mme nna le Josef re ne ra boela kwa Jakarta. Le fa go ntse jalo, ka bonako morago go foo, go ne ga lemogiwa gore monna wa me yo o rategang o na le malignant melanoma, mofuta mongwe wa kankere ya letlalo e e etegelang ka bonako. Re ne ra ya kwa motseselegaeng wa gaabo Josef kwa Jeremane gore a ye go bona kalafi. Mme ka maswabi, ka 2005, ka letsatsi la segopotso la ngwaga wa bo33 wa lenyalo la rona, o ne a tlhokafala mme o letetse go tsosiwa mo baswing gore a tle go tshela mo lefatsheng le lesha la Paradaise. (Johane 11:11-14) O ne a le dingwaga di le 62 mme a na le dingwaga di le 40 a le mo bodireding jwa nako e e tletseng.

Ke ile ka nna mo Jakarta, mo ke sa ntseng ke tswelela ke le morongwa teng. Ke tlhologelelwa monna wa me thata. Mme go ruta ba bangwe ka boammaaruri jo bo botlhokwa jo bo mo Lefokong la Modimo go nthusa go itshoka, ka gonne bodiredi bo dira gore ke ikutlwe ke kgotsofetse thata le gore ke nne le boikaelelo mo botshelong. Ee, nka bua ke sa belaele gore Jehofa o ile a nnaya botshelo jo bo kgatlhang le jo bo kgotsofatsang thata.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Baagi ba kwa Java gompieno ba feta dimilione di le 120.

[Mmapa mo go tsebe 25]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

INDONESIA

Java

JAKARTA

Cirebon

Sumatra

Padang

Lake Toba

Borneo

PAPUA NEW GUINEA

PORT MORESBY

Daru

SOLOMON ISLANDS

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Herawati a na le batho ba a neng a ithuta Baebele le bone kwa Solomon Islands

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ke na le Josef kwa Holland, pelenyana fela ga loso lwa gagwe ka 2005