Book of Martyrs ya ga Jean Crespin
Book of Martyrs ya ga Jean Crespin
KA 1546, banna ba le 14 ba kwa Meaux, kwa Fora, ba ne ba bonwa molato wa go nna bakgelogi mme ba atlholelwa gore ba fisiwe ba ntse ba tshela. Molato wa bone e ne e le eng? Ba ne ba kopanela kwa malapeng a batho, ba rapela, ba opela difela, ba keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa le go bolela gore ga ba kitla ba amogela kobamelo ya medingwana e bomopapa ba neng ba e dirile karolo ya bodumedi.
Ka letsatsi la polao, morutisi wa kereke ya Katoliki ya Roma e bong François Picard o ne a botsa banna ba ba neng ba atlhotswe ka ntlha ya se ba se dumelang ka Sejo sa Morena sa Maitseboa. Ba ne ba mo araba ka go mmotsa potso malebana le thuto ya Katoliki ya gore senkgwe le beine tse di neng di dirisiwa kwa segopotsong seo di ne tsa fetoga ka kgakgamatso go nna nama ya mmatota ya ga Jesu le madi a gagwe. Banna bao ba ba neng ba atlhotswe ba ne ba botsa ka gore, ‘A senkgwe seo se utlwala jaaka nama? Kgotsa a beine e utlwala jaaka madi?’
Le fa dipotso tsa banna bao ba ba 14 di ne di sa arabiwa, ba ne ba bofelelwa mo dikoteng mme ba fisiwa ba ntse ba tshela. Ba ba neng ba sa kgaolwa maleme a bone ba ne ba opela difela. Baruti ba ba neng ba le mo lefelong la polao, ba ne ba leka go dira gore ba se ka ba utlwala ka go opelela kwa godimo go ba feta. Ka letsatsi le le latelang mo lefelong leo, Picard o ne a bolela gore banna bao ba ba 14 ba atlholetswe go ya kwa diheleng ka bosakhutleng.
Ka dingwaga tsa bo1500, Yuropa e ne e le lefelo le le kotsi mo baganetsing ba bodumedi. Bontsi jwa batho ba ba neng ba ganetsana le dithuto tse di amogetsweng ke kereke ba ne ba dirwa dilo tse di garolang pelo ke baganetsi ba bone ba bodumedi. Motswedi mongwe wa tshedimosetso o o malebana le go boga gono ke buka ya ga Jean Crespin ya Le Livre des martyrs (Buka ya Baswelatumelo), e e gatisitsweng kwa Geneva, Switzerland, ka 1554. E itsege gape e le Histoire des martyrs. *
Mmueledi o Nna le Seabe mo Phetogong e Kgolo
Crespin, yo o tshotsweng mo e ka nnang ka 1520 kwa Arras, e gone jaanong e leng bokone jwa Fora, o ne a ithuta dithuto tsa molao kwa Louvain, kwa Belgium. Go ka direga gore o ne a ithuta la ntlha ka megopolo ya Balweladiphetogo fa a ne a le koo. Ka 1541, Crespin o ne a ya kwa Paris go ya go dira e le mokwaledi wa moitse mongwe yo o itsegeng wa tsa molao. Mo e ka nnang ka nako eo, o ne a iponela ka matlho fa Claude Le Painctre, yo o neng a atlholwa gore ke mokgelogi, a fisiwa kwa Place Maubert, kwa Paris. Crespin o ne a kgatlhilwe thata ke tumelo ya mothudi yono wa gauta yo mosha, yo o neng a bolawa ka ntlha ya se Crespin a neng a re ke go “itsise batsadi ba gagwe le ditsala boammaaruri.”
Mo e ka nnang ka nako eo, Crespin o ne a simolola go dira e le mmueledi kwa Arras. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, dilo tse disha tse a neng a di dumela di ne tsa dira gore a latofadiwe ka gore ke mokgelogi. Gore a se ka a sekisiwa, o ne a tshabela kwa Strasbourg, kwa Fora mme moragonyana a nna kwa Geneva, kwa Switzerland. Fa Crespin a le koo, o ne a itsalanya le batho ba ba neng ba tshegetsa Phetogo e Kgolo. O ne a tlogela tiro ya gagwe e e amanang le dilo tsa molao mme a simolola go nna mogatisi.
Crespin o ne a gatisa dibuka tsa bodumedi tsa Balweladiphetogo ba ba jaaka John Calvin, Martin Luther, John Knox le Theodore Beza. O ne a gatisa karolo ya Baebele ya mokwalo wa Segerika e gantsi e bidiwang Tesetamente e Ntšha le Baebele—e feletse kgotsa bontlhanngwe jwa yone—ka Seesemane, Sefora, Selatine, Sentadiana le Se-Spain. Le fa go ntse jalo, Crespin o ne a tuma ka buka ya gagwe ya Book of Martyrs. Mo go yone o ne a umaka batho ba le bantsi ba ba neng ba bolaelwa go nna bakgelogi mo dingwageng tse di magareng ga 1415 le 1554.
Boikaelelo Jwa Pego ya Baswelatumelo
Bontsi jwa dibuka tse di gatisitsweng ke Balweladiphetogo di ne di kgala bosetlhogo jo bo neng bo dirwa ke baeteledipele ba kereke ya Katoliki. Di ne di kgothaletsa batho ka gore di bontshe “bogaka” jwa baswelatumelo ba Baporotesetanta e le go tsweletsa pele go boga ga batlhanka ba Modimo ba nako e e fetileng, go akaretsa le Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Gore a neele Baporotesetanta ka ene sekao sa batho ba ba ka ba etsang, Crespin o ne a kwala lenaane la batho ba ba neng ba bolawa ka ntlha ya tumelo ya bone. *
Buka ya ga Crespin e ne e na le direkoto tsa tsheko, kafa dilo di neng di tsamaya ka teng kwa dikgotlatshekelong le dipego tsa basupi ba ba boneng ka matlho mmogo le bosupi jo bo kwadilweng ke balatofadiwa fa ba ne ba le kwa kgolegelong. Gape e ne e na le makwalo a a kgothatsang a a neng a kwadilwe ke bao ba neng ba le kwa kgolegelong, mangwe a one a tletse ka mafoko a a nopotsweng go tswa mo Baebeleng. Crespin o ne a dumela gore tumelo ya bakwadi bao e ne e “tshwanelwa ke go gopolwa ka bosakhutleng.”
Bontsi jwa dithuto tse go tlotliwang ka tsone mo bukeng ya ga Crespin di theilwe mo dikganetsanong tse di itsegeng thata tse di neng di le magareng ga Bakatoliki le Baporotesetanta. Ka sekai, babogisi le batho ba ba bogisiwang ba ne ba ngangisana ka dikgang tse di jaaka go dirisa ditshwantsho mo kobamelong, pakatori, go rapelela baswi mmogo le gore a setlhabelo sa ga Jesu se ne sa boelediwa ka Mmisa wa Katoliki le gore a mopapa ke moemedi wa Modimo.
Book of Martyrs ke bosupi jwa kganetsano le go se itshokelane go go neng go bontsha gore go ne go ntse jang ka dinako tseo tsa bosetlhogo. Le fa Crespin a ne a tlhomile mogopolo mo tseleng e Bakatoliki ba neng ba bogisa Baporotesetanta ka yone, ga re a tshwanela go lebala gore Baporotesetanta le bone ka dinako dingwe ba ne ba bogisa Bakatoliki ka bosetlhogo jo bo tshwanang.
Go ralala hisitori, bodumedi jwa maaka bo ile jwa ikgotlela ka “madi a baporofeti le a baitshepi mo go ene le a botlhe ba ba bolailweng mo lefatsheng.” Eleruri, madi a batho ba Modimo a ba lebang e le baswelatumelo ba ba ikanyegang, a goela kwa godimo go bona pusolosetso. (Tshenolo 6:9, 10; 18:24) Go ka direga gore bangwe ba batho ba ba neng ba boga le go swela tumelo ya bone mo motlheng wa ga Jean Crespin ba ne ba batla boammaaruri jwa bodumedi ka bopeloephepa.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 5 Setlhogo sengwe se se ranotsweng ke Crespin sa re Book of Martyrs, That Is, a Collection of Several Martyrs Who Endured Death in the Name of Our Lord Jesus Christ, From Jan Hus Until This Year, 1554. Dikgatiso dingwe tse di tokafaditsweng le tse dikgolo tse di nang le tshedimosetso le ditlhogo di le mmalwa di ne tsa gatisiwa fa Crespin a sa ntse a tshela; mme tse dingwe di ne tsa gatisiwa fa a sena go swa.
^ ser. 11 Dipego tse dingwe tse pedi tsa baswelatumelo di ne tsa gatisiwa ka 1554—ka one ngwaga o Crespin a neng a gatisa buka ya gagwe ya Book of Martyrs—e nngwe e ne ya kwalwa ke Ludwig Rabus ka Sejeremane mme e nngwe e ne ya kwala ke John Foxe ka Selatine.
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Tsebe ya setlhogo sa buka ya ga Crespin se se reng “Book of Martyrs” (Kgatiso ya 1564)
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Go bolawa ga Baporotesetanta fa pele ga Kgosi Henry II wa Mofora le lekgotla la gagwe
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 13]
Images, both pages: © Société de l’Histoire du Protestantisme Français, Paris