Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jesu ‘O Tlosa Boleo Jwa Lefatshe’

Jesu ‘O Tlosa Boleo Jwa Lefatshe’

Jesu ‘O Tlosa Boleo Jwa Lefatshe’

● Johane Mokolobetsi o ne a bolela gore Jesu ‘o tlosa boleo jwa lefatshe.’ (Johane 1:29) Seno se ne sa dira gore go tlhomiwe mogopolo thata mo seabeng se Jesu a nang le sone mo go bolokeng batho ba ba kutlo.

Le fa go ntse jalo, ke eng fa Jesu a ile a tshwanelwa ke go swa gore a boloke baleofi? O ne a fitlhelela eng ka go ntsha botshelo jwa gagwe ka go rata? Ke bomang ba ba solegelwang molemo ke loso lwa gagwe? Seno se ka kaya eng mo go wena?

Ngwaga le ngwaga, Basupi ba ga Jehofa ba kopana mmogo go gopola loso lwa ga Jesu ka letsatsi le a suleng ka lone. Monongwaga, letsatsi leo le tla nna ka Sontaga, April 17, fa letsatsi le sena go phirima.

Basupi ba ga Jehofa ba go laletsa ka lorato gore o kopanele le bone go tla go tlhatlhoba botlhokwa jwa loso lwa ga Jesu. Go tla sekasekiwa dikarabo tsa Baebele tsa dipotso tse di fa godimo fano.

O ka ya mo lefelong le le gaufi le mo o nnang teng. Tsweetswee botsa Basupi ba ga Jehofa ba lefelo la lona ka nako le ka lefelo le le tshwanetseng.