Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“A Batho ba tla Senya Lefatshe Leno?”

“A Batho ba tla Senya Lefatshe Leno?”

“A Batho ba tla Senya Lefatshe Leno?”

● Fa Lefatshe le lebiwa go tswa kwa lefaufaung, le lebega jaaka leje le lentle le le bobududu le bosweu. Mme fa le sekasekiwa ka kelotlhoko, go bonala legae la rona le le mo kotsing. Ka ntlha yang? Karabo e motlhofo: Batho e ntse e le baagi ba ba sa le kgathaleleng. Mo godimo ga moo, batho ba senya lefatshe e seng fela ka go le kgotlela ka tsela ya mmatota ka go rema dikgwa le ka go senya dilo tsa lone mme gape ba ntse ba le senya ka boitshwaro jo bo sa siamang le ka go itlhokomolosa kamano ya bone le Modimo, ba dira jalo ka go dira thubakanyo, go tsholola madi le ka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.

Go kile ga bolelelwa pele ka seemo seno se se utlwisang botlhoko dingwaga tse di ka nnang dikete di le pedi tse di fetileng mo boporofeting jo bo kgatlhang jo bo kwadilweng mo Baebeleng. (2 Timotheo 3:1-5; Tshenolo 11:18) Baebele gape e ne ya bolelela pele gore Modimo—e seng motho ope—o tla baakanya seemo seno ka botlalo. Dintlha tseno tsa botlhokwa di tla tlhalosiwa mo puong ya phatlalatsa e e reng, “A Batho ba Tla Senya Lefatshe Leno?” Puo eno e tla neelwa kwa Dikopanong tsa Kgaolo tsa Basupi ba ga Jehofa tsa “A Bogosi Jwa Modimo bo Tle!” tse di tla tshwarwang mo lefatsheng lotlhe mme di tla simolola ka September mo Afrika Borwa.

O lalediwa ka lorato go nna teng kwa kopanong ya kgaolo e e gaufi le mo lefelong le o nnang mo go lone. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, tsweetswee ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba lefelo la lona kgotsa o kwalele bagatisi ba makasine ono. Aterese ya Internet ya www.pr418.com e na le lenaane la mafelo a dikopano di tla tshwarelwang kwa go one go ralala lefatshe.