Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Dipounama Tsa Gago ke “Dijana Tse di Tlhwatlhwakgolo”?

A Dipounama Tsa Gago ke “Dijana Tse di Tlhwatlhwakgolo”?

A Dipounama Tsa Gago ke “Dijana Tse di Tlhwatlhwakgolo”?

● Kgosi Solomone wa bogologolo o ne a kwala jaana: “Go na le gouta, le dikorale tse dintsi; mme dipounama tsa kitso ke dijana tse di tlhwatlhwakgolo.” (Diane 20:15) Gouta ga e bolo go tsewa e le tlhwatlhwakgolo mme mo motlheng wa ga Solomone, dikorale le tsone di ne di le tlhwatlhwakgolo. Le fa go ntse jalo, dipounama tsa rona di ka nna botlhokwa go feta dilo tseno. Jang? E seng ka ntlha ya tsela e di lebegang ka yone mme ka ntlha ya se di se buang.

Dipounama tse di tlhwatlhwakgolo di bua dilo tse di molemo, tse di pelonomi le tse di lorato. E re ka e le “dipounama tsa kitso,” di bua boammaaruri ka Modimo jaaka go kwadilwe mo Baebeleng. Ee, buka eno ya bogologolo e tletse ka botlhale le boammaaruri kaga Mmopi wa rona e bile e na le kgakololo e e molemolemo malebana le botshelo.—Johane 17:17.

Ka maswabi, batho ba le bantsi ba dirisa dipounama tsa bone ka tsela e e sa siamang ka go bua dilo tse di seng boammaaruri ka Modimo. Ka sekai, batho bangwe ba mo pega molato ka ntlha ya tshiamololo le pogo e e mo lefatsheng, tse bontsi jwa tsone di bakiwang ke batho ka bobone. Mo kgannyeng eno, Diane 19:3 e bolela jaana: “Batho bangwe ba ikutlwisa botlhoko ka ditiro tsa bone tsa boeleele ba bo ba pega Morena molato.”—Today’s English Version.

Ba bangwe ba fokotsa tlhwatlhwa ya dipounama tsa bone ka go bua dilo tse di seng boammaaruri, ka tshebo e e utlwisang botlhoko kgotsa le e leng go senya ba bangwe leina. Ka go dirisa puo ya tshwantshetso e e maatla, Diane 26:23 e balega jaana: “Dipounama tse di tlhoafetseng mmogo le pelo e e bosula di tshwana le selefera e e manegilweng mo kapetleng ya sejana sa letsopa.” Fela jaaka “selefera e e manegilweng” e e fitlhang sejana sa letsopa kafa tlase, “dipounama tse di tlhoafetseng,” mo go kayang maikutlo a a nonofileng kgotsa tlhoafalo, tota di ka nna tsa bo di fitlha “pelo e e bosula.”—Diane 26:24-26.

Mme gone, bosula jo bo ntseng jalo ga bo a fitlhega mo Modimong. O bona se tota re leng sone! Go a tshwanela go bo Jesu Keresete a ile a re: “Ntlafatsa pele bokafateng jwa senwelo le jwa sejana, gore bokafantle jwa sone le jone bo tle bo nne phepa.” (Mathaio 23:26) Abo seno se le boammaaruri jang ne! Mo godimo ga moo, fa re le phepa kafa teng kgotsa re itshekile e bile dipelo tsa rona di tladitswe ka dilo tsa semoya, seno se tla bonala ka se re se buang. Seno se tla felela ka eng? Dipounama tsa rona di tla nna “dijana tse di tlhwatlhwakgolo” segolobogolo mo matlhong a Modimo.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Dipounama tsa ba ba botlhale ke “dijana tse di tlhwatlhwakgolo”