Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha ba Botsa Jaana

A ke Paletswe mo Botshelong?

A ke Paletswe mo Botshelong?

“Ke ne ke a tle ke ikutlwe ke se motho wa sepe fa ke ipapisa le tsala ya me. Sengwe le sengwe se ne se le motlhofo mo botshelong jwa gagwe—go ne go lebega a sa dire ka natla gore a nne le sepe sa dilo tseo! Go ne ga dira gore ke ipotse gore bothata ke eng ka nna. Tsela e ke neng ke akanya ka yone e ne e mpogisa.”—Annette. *

A BOIKUTLO jwa go inyatsa bo dira gore o se ka wa dira dilo tse disha tse o sa di itseng? A ka dinako dingwe dikakgelo tse di dirwang ka maitlhomo a a siameng ke batho ba o ba tlotlang, di dira gore o se ka wa itshepa? A diphoso tse o di dirileng mo nakong e e fetileng di go kgoba marapo gore o se ka wa leka go dira sengwe gape? Fa e le gore go ntse jalo, o ka lebana jang le dilo tse o ileng wa palelwa mo go tsone—tsa mmatota kgotsa tse o akanyang gore o ka palelwa go di dira?

O tla solegelwa molemo fela thata fa o ka batla karabo ya potso ya bofelo ka gonne tota e bile, mongwe le mongwe o na le sengwe se se mo palelang. (Baroma 3:23) Mme batho ba ba kgonang go amogela gore go na le dilo dingwe tse di ba palelang mo botshelong, ke batho ba ba nonofileng. Seo se kaya gore ba kgona go nna le boikutlo jo bo siameng ka diphoso tsa bone mme ba bo ba leka gape. Mme mo nakong e e tlang, go ka direga thata gore ba atlege! Mma re bone kafa o ka lebanang le dikgwetlho di le tharo ka gone—go ka direga gore o palelwe, o akanye gore o tla palelwa le go palelwa ka tsela ya mmatota.

GO KA DIREGA GORE O PALELWE → SE SE KA DIREGANG

O lebeletse gore o tla palelwa, ka jalo o swetsa ka gore o se ka wa leka, o akanya gore o ka se atlege mo go se o batlang go se dira.

Lemoga sekgoreletsi. Fa tlase fano, tshwaya ka ✔ go bapa le tiro e o ka ratang go atlega go e dira—mme o ikutlwa o tlhomamisegile gore o tla palelwa ke go e dira fa o ka leka.

  • Go buelela se o se dumelang fa pele ga bana ba o tsenang le bone mo tlelaseng

  • Go tsenya kopo ya tiro

  • Go bua fa pele ga batho

  • Go nna le seabe mo motshamekong

  • Go opela kgotsa go tshameka seletswa sa mmino

  • Tse dingwe ․․․․․

Akanya ka gone. Sekaseka tiro e o e tlhophileng fa godimo mme o akanye gore go ka felela ka eng ka go araba dipotso tse di latelang:

‘Nka rata gore go ka bo go diregile eng?’

․․․․․

‘Ke boifa gore go tla direga eng?’

․․․․․

Jaanong kwala lebaka le le lengwe la go bo o tshwanetse go leka go dira tiro eno le fa go ka direga gore o palelwe ke go e dira.

․․․․․

Sekao sa mo Baebeleng. Fa Jehofa Modimo a ne a laela Moshe gore a etelele setšhaba sa Iseraele pele, selo sa ntlha se a ileng a akanya ka sone ke gore ke eng se se neng se ka se tsamaye sentle. O ne a botsa Modimo a re: “A re re mongwe le mongwe o gana go reetsa molaetsa wa me?” Go tswa foo o ne a simolola go akanya thata ka makoa a gagwe. O ne a re: “Ga ke ise ke tsamaye ke itse go bua sentle. Ga ke kgone go akanya ka se ke tla se buang.” Tota le fa Jehofa a sena go mo solofetsa gore o tla mo thusa, Moshe o ne a mo kopa jaana: “Tsweetswee romela motho yo mongwe go e dira.” (Ekesodo 4:1, 10, 13, Contemporary English Version) Kgabagare Moshe o ne a amogela kabelo ya gagwe mme re itse gore seo se ne sa felela ka eng. Moshe, a kaelwa ke Modimo, o ile a kgona go etelela Baiseraele pele dingwaga di le 40.

Se o ka se dirang. Kgosi Solomone o ne a kwala jaana: “Sotlhe se seatla sa gago se se bonang go se dira, se dire ka maatla a gago.” (Moreri 9:10) Ka jalo, go na le gore o letle poifo ya go palelwa e go thibela go dira sengwe, dira selo seo ka bojotlhe. Ke eng fa o sa akanye ka nako nngwe e o ileng wa kgona go dira sengwe botoka go feta kafa o neng o lebeletse ka gone? O ile wa ithuta eng ka wena fa o ne o atlega? Se o se ithutileng se ka go thusa jang go fenya poifo epe fela e o ka tswang o na le yone gone jaanong?

Ntlha e o ka e dirisang: Fa go tlhokega, kopa kakantsho go tswa mo motsading kgotsa mo tsaleng e e godileng e e ka go thusang gore o itshepe. *

O AKANYA GORE O TLA PALELWA → SE O AKANYANG GORE SE DIRAGETSE

Fa motho mongwe a atlega go dira sengwe o akanya gore wena o a palelwa ka gonne o ipapisa le ene.

Lemoga sekgoreletsi. O ipapisa le mang mme motho yoo o ile a kgona go atlega go dira eng se se dirang gore o akanye gore wena o ka se atlege mo go sone?

․․․․․

Akanya ka gone. A go atlega ga motho yoo tota go kaya gore wena o paletswe? Fa tlase fano, kwala ka tiragalo ya bosheng, e e jaaka tlhatlhobo ya kwa sekolong, e o akanyang gore o dirile sentle mo go yone mme motho yo mongwe o dirile sentle go go gaisa.

․․․․․

Jaanong kwala gore ke ka ntlha yang fa go ne go le mosola gore o iteke.

․․․․․

Sekao sa mo Baebeleng. Kaine o ne a “tuka bogale” fa go ne go bonala sentle gore Jehofa o ne a amogela morwarragwe e bong Abele. Jehofa o ne a tlhagisa Kaine ka lefufa la gagwe mme gape o ne a tlhalosa gore o solofela gore Kaine a ka atlega fa a batla go dira jalo. Jehofa o ne a mo raya jaana: “Fa o simolola go dira molemo, a ga o kitla o godisiwa?” *Genesise 4:6, 7.

Se o ka se dirang. Go na le gore o ‘gaisane’—tota le fa e le fela go akanya ka gone—amogela gore batho ba bangwe ba kgona go atlega mo dilong dingwe. (Bagalatia 5:26; Baroma 12:15) Ka fa letlhakoreng le lengwe, kwantle ga go ikgogomosa, lemoga dilo tse di kgethegileng tse o nang le bokgoni mo go tsone. Baebele e bolela jaana: “A mongwe le mongwe a bontshe se tiro ya gagwe e leng sone, mme ke gone a tla nnang le lebaka la go itumela ka ga gagwe ka esi.”Bagalatia 6:4.

GO PALELWA GA MMATOTA → SE TOTA SE DIRAGETSENG

O akanya ka dilo tse o paletsweng mo go tsone mo nakong e e fetileng mme o akanya gore ga go mosola go leka go di dira gape.

Lemoga sekgoreletsi. Ke dilo dife tse o ileng wa palelwa mo go tsone tse di dirang gore o kgobege marapo thata?

․․․․․

Akanya ka gone. A dilo tse o di kwadileng tse o ileng wa palelwa mo go tsone ruri di kaya se tota o leng sone? Ka sekai, fa e le gore o ineetse mo bokoeng bongwe, a seo se kaya gore ga o na mosola? Kgotsa a go kaya fela gore o tlhoka thuso? Fa o ne o ka wa o ntse o tshameka motshameko mongwe, o ne o tla amogela gore motho yo mongwe a go thuse go ema gore o boe o tshameke gape. Ke eng fa o sa dire se se tshwanang fa o palelwa ke go dira sengwe? Fa tlase fano, kwala leina la motho yo o ka buang le ene ka bothata jwa gago. *

․․․․․

Sekao sa mo Baebeleng. Ka dinako dingwe moaposetoloi Paulo o ne a ikutlwa a kgobilwe marapo ke makoa a gagwe. O ne a kwala jaana: “Ruri ke motho yo o tlhomolang pelo.” (Baroma 7:24, CEV) Le fa go ntse jalo, go lebega Paulo a ile a lemoga gore bosaitekanelang jwa gagwe bo ne bo sa kaye gore ke motho wa mofuta mang. O ne a kwala jaana: “Ke tlhabane tlhabano e e molemo, ke tabogile lobelo go ya bofelong, ke bolokile tumelo.”—2 Timotheo 4:7.

Se o ka se dirang. Go na le gore o tlhome mogopolo mo makoeng a gago, akanya le ka dilo tse di molemo ka wena. Ga go pelaelo gore Jehofa o dira jalo. Baebele e bolela jaana: “Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe.”—Bahebera 6:10; Pesalema 110:3.

Gakologelwa seno: Ga go na ope yo o itekanetseng. Mongwe le mongwe o palelwa ke sengwe ka dinako dingwe. Fa o ka ithuta go nna motho yo o nonofileng, o tla bo o na le selo sa botlhokwa se se tla go thusang fa o setse o godile. Diane 24:16 e bolela jaana: “Mosiami o ka wa ga supa, mme ruri o tla tsoga.” Ke mofuta wa motho yo o ka nnang ene!

 

^ ser. 3 Leina le fetotswe.

^ ser. 23 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona makasine wa Tsogang! wa May 2010, tsebe 26-28.

^ ser. 31 Kaine o ne a tlhopha go itlhokomolosa kgakololo ya ga Jehofa. Go palelwa ga gagwe go gatelela botlhokwa jwa go laola boikutlo bope fela jwa lefufa jo re ka nnang le jone fa motho yo mongwe a atlega.—Bafilipi 2:3.

^ ser. 36 Mokeresete yo o dirileng boleo jo bo masisi o tla solegelwa molemo ke go bua le mogolwane mo phuthegong.—Jakobe 5:14, 16.