Ditiragalo Tsa Lefatshe
Ditiragalo Tsa Lefatshe
Mo ngwageng wa ntlha le halofo wa fa batho ba ba rekisang batho ba ne ba tshwarwa, “mapodise a kwa China a ne a golola basadi ba le 10 621 le bana ba le 5 896 ba ba ileng ba tsewa ka dikgoka.” Go ne ga tshwarwa batho ba ba dirang seno ba ba ka nnang 15 673.—CHINA DAILY, CHINA.
“Barutabana ba ba fetang 1 000 ba ile ba kobiwa kwa Kenya ka ntlha ya go sotla basetsana ba sekolo ka tlhakanelodikobo mo dingwageng di le pedi tse di fetileng. . . . Tirelo ya thelefouno ya sephiri e e thusang batho ya lefatshe lotlhe . . . e ile ya bontsha gore bothata jono bo aname thata go feta kafa go neng go akanngwa ka gone pele.”—DAILY NATION, KENYA.
Go ya ka patlisiso nngwe, batho ba ba neng ba dirisa malao a go ntshofatsa matlalo a bone (tanning) ba mo kotsing ka diperesente di le 75 ya go nna le melonoma (mofuta wa kankere ya letlalo) go na le batho ba ba iseng ba ko ba a dirise. Batho ba ba kileng ba dirisa didirisiwa tsa go ntshofatsa matlalo a bone ka diura tse di fetang 50, go ka direga gore ba nne le melonoma ka makgetlho a a fetang 2,5 go ya go 3,0.—CANCER EPIDEMIOLOGY, BIOMARKERS & PREVENTION, U.S.A.
“Ke diperesente di le robedi fela [tsa ba e tlileng go nna banyadiwa kwa Canada] tse di akanyang gore go sa tlhakanele dikobo pele ga lenyalo ke selo se se siameng” mme “diperesente di le 74 tsa baratani di setse di nna mmogo pele ga di nyalana.”—WEDDINGBELLS, CANADA.
Dikotsi Tsa Metsi a a Kgotletsweng
Go ya ka pego nngwe ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, “gone jaanong batho ba ba oketsegileng ba swa ka ntlha ya metsi a a kgotletsweng go na le gore ba swe ka ntlha ya thubakanyo ya mefuta yotlhe go akaretsa le dintwa.” Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le bega gore ditone di le dimilione di le pedi tsa leswe—tsa temothuo le tsa madirelo, mmogo le thulaganyo e e tsamaisang leswe—di tshololelwa mo dinokeng le mo mawatleng letsatsi le letsatsi mme di anamisa malwetse le go senya medikologo ya dilo tse di tshelang. Mo godimo ga moo, mo metsotswaneng mengwe le mengwe e le 20, go swa ngwana yo o ka fa tlase ga dingwaga di le tlhano ka ntlha ya bolwetse jo bo amanang le metsi a a kgotletsweng. Achim Steiner, yo e leng motsamaisimogolo wa Thulaganyo ya Tikologo ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng a re: “Gore lefatshe le atlege, . . . rotlhe re tlhoka go bona tharabololo e e amogelesegang le e e siameng ya go fokotsa leswe le le nnang teng le tsela e e tshwanetseng ya go le latlha.”
Go Opela Gore ba Boe ba Bue
Balwetse bangwe ba ba ileng ba latlhegelwa ke bokgoni jwa bone jwa go bua fa ba sena go itewa ke setorouko, ba ile ba kgona go boa ba bua gape ka ntlha ya go opela. Dingaka tsa malwetse a boboko di ile tsa rotloetsa balwetse ba setorouko gore ba opele se ba batlang go se bua, ba tlhalose se ba se akanyang ka go dirisa meribo le mmino. Kalafi eno, e go tweng ke kalafi ya mmino, e nnile le diphelelo tse di molemo thata. The Wall Street Journal e tlhalosa go re, morago ga kalafi ya dibeke di le 15, “balwetse ba ithuta ka bonya go dira gore mafoko a ba a opelang a feleletse e le a ba a buang.”
“Koketsego e Kgolo ya go Tsietsa mo Tlelaseng”
Canadian Council on Learning (CCL) ya re, mo patlisisong ya baithuti ba le 20 000 ba ba leng mo ngwageng wa bone wa ntlha kwa yunibesithing kwa Canada, diperesente di le 73 “di ile tsa dumela gore di kile tsa tsietsa ka tsela e e masisi gangwe kgotsa ka makgetlo a a oketsegileng fa ba ne ba kwala sengwe fa ba le kwa sekolong se segolwane.” Yunibesithi nngwe e ile ya bega gore makgetlho a go tsietsa le a go utswa dikgopolo tsa ba bangwe a ile a oketsega ka diperesente di le 81 fa gare ga dingwaga tsa 2003 le 2006. Dr. Paul Cappon, yo e leng poresidente ya CCL, a re: “Mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng, Internet le didirisiwa tsa botegeniki di dirile gore go nne le koketsego e kgolo ya go tsietsa mo tlelaseng.”