Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Maemo a Bosa a ka Fetolang Ditiragalo ka Teng

Kafa Maemo a Bosa a ka Fetolang Ditiragalo ka Teng

Kafa Maemo a Bosa a ka Fetolang Ditiragalo ka Teng

DIPEGO tsa hisitori di re bolelela ka ditiragalo tse di gakgamatsang tse mo go tsone maemo a bosa a neng a nna le seabe se segolo mo tseleng e di ileng tsa felela ka yone. Mma re sekasekeng dikai di le pedi fela.

Fa go Ne go Nna le Sefefo

Ka 1588, Kgosi Philip wa kwa Spain o ne a romela ditlhopha tsa dikepe, tse di itsiweng e le Spanish Armada, go tlhasela Engelane. Mme dilo ga di a ka tsa tsamaya ka tsela e go neng go lebeletswe ka yone, ka gonne maemo a bosa a ne a senya dithulaganyo.

Setlhopha sa dikepe tsa Spain se ne sa kgabaganya English Channel mme se ne sa kgatlhantshiwa ke setlhopha se segolo sa dikepe tsa Baesemane. Dikepe tsa Baesemane tse di kgonang go laolwa motlhofo di ne tsa lwa le dikepe tsa kwa Spain mme tsa di senya go sekae. Morago ga foo, dikepe tsa Spanish Armada di ne tsa emisa gaufi le Calais ka gonne di ne di laetswe go tsaya masole a mangwe go ya go tlhasela Engelane jaaka go ne go rulagantswe.

Go ntse go le jalo, Baesemane ba ne ba tshuba dikepe tsa bone di le mmalwa ka molelo ba le mo lefifing mme phefo le go elela ga metsi a lewatle go ne ga dira gore di ye kwa dikepeng tse di tshetletsweng tsa Ba-Spain di sa laolwe ke ope. Batsamaisi ba dikepe ba Ba-Spain ba ne ba kgaola ditshetledi tsa dikepe di le dintsi gore di se ka tsa thulwa ke dikepe tse di tukang molelo. Kgato eo e Ba-Spain ba e tsereng e ne e ya itshupa e le kotsi moragonyana.

Morago ga tiragalo eo ya kwa Calais, ditlhopha tsoopedi tsa dikepe di ne tsa leba kwa North Sea di kgoromediwa ke phefo. Ka nako eo, dikepe tsa Baesemane di ne di feletswe ke poere e e dirisiwang mo marumong a tlhobolo, ka jalo di ne tsa ikgogela morago mme tsa ya kwa lotshitshing lwa Engelane. E re ka phefo e ne e ba kgoromeletsa go sele e bile Baesemane ba le fa gare ga bone le naga ya Spain, Ba-Spain ba ne ba patelesega gore ba ye kwa bokone go potologa Scotland, go tswa foo, ba bo ba ya borwa go fitlha ba feta Ireland mme kgabagare ba boela kwa Spain.

Ka yone nako eo, setlhopha se segolo sa dikepe tsa kwa Spain se ne se tlhaela dijo le metsi fela thata, gape mo dikepeng tseo tse di senyegileng, go ne go na le batsamaya ka dikepe ba le bantsi ba ba gobetseng, go akaretsa le ba bangwe ba ba neng ba tshwerwe ke bolwetse jwa scurvy. Ka jalo, setlhopha sotlhe sa batsamaya ka dikepe se ne sa fiwa dijonyana tse dinnye, e leng selo se se neng sa dira gore se koafale le go feta.

Morago ga gore ba potologe Scotland, sefefo se segolo sa lewatle la Atlantic se ne sa phailela dikepe tseo kwa ntlheng e e yang kwa lotshitshing lwa Ireland. Tsela e e siameng ya go itshireletsa kgatlhanong le difefo e ne e le go emisa dikepe ka go latlhela ditshetledi mme ba bo ba letela diphefo tse di siameng. Le fa go ntse jalo, e re ka ditshetledi tse dintsi di ne di kgaotswe fa di ne di tlhaselwa ke dikepe tse di tukang mo tiragalong e e fetileng, dikepe di le 26 tsa kwa Spain di ne tsa thubegela kwa lotshitshing lwa Ireland mme seno se ne sa dira gore go swe mo e ka nnang banna ba le 5 000 go ya go ba le 6 000.

Ka nako ya fa dikepe tsa Armanda di boela kwa Spain, go ne go setse go sule batsamaya ka dikepe ba ba ka nnang 20 000. Selo se le sengwe se se dirileng gore go nne le dintsho tse dintsi le gore go senyege dikepe tse dintsi jaana e tshwanetse ya bo e ne e le maemo a bosa. Go bonala fa Ba-Dutch ba ne ba akanya jalo. Moragonyana, mo moletlong mongwe wa mentlele wa segopodiso sa masetlapelo a Spanish Armada, Ba-Dutch ba ne ba boeletsa tumelo e e tumileng ya gore Modimo ke ene a ikarabelelang mo masetlapelong a tlholego e bile ba ne ba gabile mentlele eo ka mafoko ano: “Jehofa o ne a butswela mme ba gasaganngwa.”

Ba ne Ba Fenngwa ke Pula

Tiragalo e nngwe e e fetotseng lefatshe e e neng ya amiwa thata ke maemo a bosa, e ne e le Ntwa ya Kwa Waterloo ka 1815. Dipego tsa hisitori di bolela gore mo lefelong la ntwa la Waterloo, le le ka nnang dikilometara di le 21 kwa borwa jwa Brussels, kwa Belgium, masole a a ka nnang 70 000 a ne a bolawa kgotsa a gobala mo diureng di le mmalwa fela. Kgosanakgolo ya Wellington ya Moboritane e ne ya tlhopha lefelo le go neng go tla lwelwa mo go lone mme ya tlhopha lefelo le le kwa godimo. Le fa masole a Bafora a ga Napoleon a ne a feta masole a Wellington kgakala ka palo, Napoleon o ne a tshwanetse go fenya mmaba pele go nna bosigo, ka gonne masole a Wellington a ne a tla thusiwa ke masole a Prussia mo bosigong joo. Le fa go ntse jalo, le mo lekgetlhong leno, maemo a bosa a ne a nna le seabe se segolo.

Dipula tsa matlakadibe di ne tsa na bosigo pele ga ntwa. Masole a le mantsi a ne a gakologelwa bosigo joo e le jo bo utlwisang botlhoko go gaisa mo matshelong a bone. Tota le fa bangwe ba bone ba ne ba kgona go tlhoma ditente tse dinnye, lesole lengwe le ne la bolela ka khutsafalo go re malao a bone mo teng ga ditente a ne a lebega a le metsi e kete a ne a le kwa tlase ga letsha. Mmu o o neng o kolobeditswe ke pula, o ne wa nna seretse. Go tlhomamisega gore o fenya masole a Wellington ka bonako, Napoleon o ne a batla go simolola go tlhasela phakela. Le fa go ntse jalo, o ne a ka se kgone go tlhasela pele ga diura di le mmalwa moragonyana.

Lebaka le legolo le le dirileng gore a diege e ne e le ka ntlha ya mmu o o neng o tshwanetse go oma go sekae pele ga ntwa e ka simolola. Gape seretse se ne sa dira gore dikanono tse Napoleon a neng a rata go di dirisa di se ka tsa bereka sentle. Sa ntlha, seretse se ne se dira gore go nne thata go tsamaisa dikanono tseo mme seo se ne sa dira gore masole a palelwe ke go di dirisa ka bonako. Sa bobedi, marumo a dikanono a ne a tshwanetse go thuntsha go tswa kwa tlase gore a gobatse masole a Wellington le go feta. Le fa go ntse jalo, seno ga se a ka sa direga ka gonne mmu o o kolobileng o ne wa ba fetsa maatla. Seno se ne se le kotsi mo go Napoleon le masole a gagwe. Ka jalo, ka ntlha ya maemo a a maswe thata a bosa, masole a ga Napoleon a ne a fenngwa mme ene o ne a isiwa botshwarwa.

Mo ditiragalong tseno tse pedi tse di tlhalositsweng fa godimo, go bonala sentle gore maemo a bosa a nnile le seabe se segolo mo ditiragalong tse di ileng tsa ama lefatshe. Mme ditiragalo tseno di ne tsa nna le seabe se segolo mo go nneng gone ga Mmusomogolo wa Boritane.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Spanish Armada

[Motswedi wa Setshwantsho]

© 19th era/Alamy

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ntwa ya Kwa WAterloo

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Bettmann/CORBIS