Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgapetla ya Kgopa ya Scaly-Foot

Kgapetla ya Kgopa ya Scaly-Foot

A e Ne e Tlhamilwe?

Kgapetla ya Kgopa ya Scaly-Foot

● E na le kgapetla e e thata go gaisa e e kileng ya bonwa mo dilong tsa tlholego. Kgopa eno ya scaly-foot, e e fitlhelwang kwa tlasetlase ga Lewatle la India, e kgona go emelana le maatla a metsi e le dimetara tse di ka nnang 2 400 kwa tlase ga lewatle. Mo godimo ga moo, setshedinyana seno se se nang le mmele o o boleta ga se amiwe ke metsi a a nang le asiti e ntsi le go fetofetoga ga themperetšha—go akaretsa le metsi a a mogote a a pomponyegang go tswa mo mafelong a a mogote. Gape kgapetla eno e sireletsa kgopa eno le mo ditsheding tse dingwe tse di ka batlang go e tlhasela.

Ela tlhoko: Kgapetla ya kgopa ya scaly-foot e na le dileiyara di le tharo. Ya ntlha e na le di-sulfide tsa aene; ya bobedi e tshwana le leiyara ya poroteine e e fitlhelwang mo mefuteng e mengwe ya dikgopa; mme ya boraro yone e dirilwe ka minerale wa calcium o o bidiwang aragonite. E re ka kgopa eno ya scaly-foot e na le dileiyara tse tharo tse di e sireletsang, makakaie a a jang dikgopa ga a kgone go e tlhasela fa a leka go thuba kgapetla ya yone ka dinala tsa one tse di nonofileng. Lekakaie le ka nna la tshwara kgopa ka malatsi a mantsi mme gone kgapetla ya yone e ka se thubege.

Makasine wa Discover o bega go re, ka go dirisa sedirisiwa se se nang le ntlha ya teemane se se bidiwang indenter, babatlisisi ba ile ba lemoga gore “leiyara e e ka fa ntle e dirilwe gore e phanyege ka tsela e e kgonang go monya maatla. Go phanyega go direga fela mo leiyareng e e nang le dikarolwana tsa sulfide ya aene. Go phanyega ka dikarolwana tse dinnye gono ga go monye fela maatla mme gape go tlhomamisa gore go se ka ga nna le maphanyego a magolwane.” Mme leiyara e e fa gare e monya maatla a a nnang teng fa e tlhaselwa.

Babatlisisi ba solofetse go dira dihelemete le diaparo tse marumo a tlhobolo a ka se kgoneng go phunyeletsa mo go tsone mmogo le mebele ya dikepe le difofane, e e tshwanang le kgapetla ya kgopa ya scaly-foot. Makasine wa Discover wa re: “Tota le diphaepe tsa oli tsa kwa Arctic tse di nnang di itewa ke dikgapetla tse dikgolo tsa aese di ka solegelwa molemo.”

O akanya eng? A kgapetla ya kgopa ya scaly-foot e ile ya nna gone ka boyone fela? Kgotsa a e ne e tlhamilwe?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

“Indenter”

Leiyara e e ka fa ntle

Leiyara e e fa gare

Leiyara e e kwa teng

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 23]

Courtesy Anders Warén