Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Botlhale Jwa ga Kgosi Solomone

Botlhale Jwa ga Kgosi Solomone

Botlhale Jwa ga Kgosi Solomone

● Morutabana mongwe o ne a botsa baithuti ba gagwe ba grade ya bonè gore ba itse eng ka Kgosi Solomone yo o umakilweng mo Baebeleng. Sheena wa dingwaga di le robongwe o ne a bolela gore e ne e le kgosi e e botlhale thata mme a tlhalosa kafa a ileng a rarabolola ka teng kgotlhang e e neng e le fa gare ga basadi ba babedi ba ba neng ba bolela gore ke bommaagwe ngwana a le mongwe. Kwa tshimologong, bana ba a tsenang le bone mo tlelaseng ba ne ba tshosiwa ke go utlwa kafa Solomone a ileng a rarabolola kgang eo ka teng mme gone morutabana o ne a bolela gore o ile a e rarabolola ka tsela e e siameng.

Sheena o ne a tlhalosa gore o ne a ithutile seno ka go bala Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Bibela, buka e e nang le polelo e e buang ka botlhale jwa ga Solomone. Sheena o ne a tlhalosa jaana: “Bana ba le barataro ba ba mo tlelaseng ya me ba ne ba kgatlhegela go nna le buka ya Dipolelo Tsa Bibela.” Mme a oketsa jaana: “Morutabana le ene o ne a kopa e le nngwe. Ka jalo, ke ne ka kgona go tsamaisa palogotlhe ya dikhopi di le supa.”

O ka kopa go romelelwa khopi ya Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Bibela, e e nang le dipolelo di le 116 tse di buang ka batho le ka ditiragalo tsa Baebele. Fa o batla gore o romelelwe khopi ya buka eno, tlatsa setlankana se se fa tlase fano mme o bo o se romela kwa atereseng e e tshwanetseng mo lenaaneng le le mo tsebe 5 ya makasine ono.

□ Kwantle ga go ipofa tsweetswee ke kopa gore lo nthomelele khopi ya buka e e bontshitsweng fano.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.