Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikakgelo Tsa Babadi

Dikakgelo Tsa Babadi

Dikakgelo Tsa Babadi

Ditshedi Tsa Mefutafuta Tsa Karolo e e Kwa Godimo ya Amazon

(April 2010) Setlhogo sa lona se bolela gore batho ba Ba-Awajun (Ba-Aguaruna) ba obamela medimo e le metlhano. E re ka ke le leloko la setšhaba sa Ba-Awajun, ga ke dumalane le seo. Ke akanya gore lo dirile phoso ka gonne batho ba le bantsi ba Ba-Awajun ba ipitsa Bakeresete mme ga re obamele medimo e le metlhano jaaka makasine wa lona o tlhalosa. E re ka batho ba Ba-Awajun ba bala makasine wa lona gangwe le gape, tsweetswee baakanyang phoso eno.

T.P.T., Peru

“Tsogang!” e a araba: Mokwadi o ile a bona tshedimosetso ya gagwe go tswa mo metsweding e e farologaneng a bo a botsolotsa batho ba ba kileng ba nna kwa metseng ya kwa Aguaruna, a ba a bona tshedimosetso go tswa mo dibukeng di le mmalwa tse di gatisitsweng. Nngwe ya dibuka tseo, e leng “Atlas Regional del Perú,” Kgatiso ya 2004, e neela maina e bo e tlhalosa medimo e le metlhano ya Ba-Aguaruna. Le fa go ntse jalo, jaaka o bolela, batho ba metse mengwe ya kwa Aguaruna ba ile ba sokologela mo bodumeding jo bo ipitsang jwa Bokeresete. Re kopa maitshwarelo fa e le gore re ka tswa re dirile ka tsela epe gore batho ba nne le kgopolo e e sa siamang.

Kafa o ka Lepalepanang le go Kwakwaetsa ka Teng (May 2010) Ke lo lebogela setlhogo seno. Le nna ke a kwakwaetsa mme gantsi ke ne ke ikutlwa ke jewa ke bodutu ka ntlha ya seo. Mme fa ke sena go bala setlhogo seno, ke ne ka lemoga gore ga ke nosi. Gone jaanong ke ikemiseditse go lebana le bokoa jwa me mme jaaka Rafael, “fa lefoko lengwe le dira gore ke kwakwaetse, . . . ke a itshegela” mme ke kgona go dira motlae ka gone.

Y. S., Japane

Basha ba Botsa Jaana . . . Nka Tokafatsa Jang go Itlotla ga Me? (May 2010) Ke na le dingwaga di le 12 mme ke nna le mmè yo o lwalang thata mme o nkgodisa a le nosi. Fa ke ne ke bala potso e e reng, “A o ikutlwa o ratiwa?” Go bua boammaaruri fela ke ne ka araba ka go re, “Nnyaa.” Seo se ne sa nkutlwisa botlhoko. Ka jalo, ke ne ka bua le Bakeresete bangwe ba ba godileng, ka ba ka bua le mmè ka gone. Setlhogo seno se ne sa nthusa gore ke tlhaloganye gore ga ke tlhoke go iteba ka tsela e e sa siamang jalo. Batho ba le bantsi ba a nthata. Ke a lo leboga go bo lo nthusitse gore ke bone kafa Jehofa a amegang ka rona basha ka teng.

C. H., France

Setlhogo seno se ile sa nthusa gore ke itshokele dilo tse di botlhoko tse di ntiragaletseng mo nakong e e fetileng le go lepalepana le maikutlo a go ikutlwa ke se na mosola a a sa ntseng a ntshwenya ka dinako tse dingwe. Nka se lebale ditsela tse tharo tsa gore ke tokafatse go itlotla ga me tse go neng go tlotliwa ka tsone mo setlhogong seno mme segolobogolo papiso ya madi a pampiri a a gagogileng go se kae! Ke lo leboga ka ntlha ya setlhogo se se molemo seno!

S. W., South Korea