Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ke a Lo Leboga ka Ntlha ya Setlhogo Seno!”

“Ke a Lo Leboga ka Ntlha ya Setlhogo Seno!”

“Ke a Lo Leboga ka Ntlha ya Setlhogo Seno!”

● Batho go ralala lefatshe ba ile ba bontsha kanaanelo ya bone ka ntlha ya motseletsele wa ditlhogo tsa Tsogang! tsa “Motlotlo wa Lelapa” tse di mo tsebe 30 le 31 ya makasine ono. Ditshwantsho le dipotso tse motho a kgonang go nna le seabe mo go tsone, dikarata tsa Baebele tse motho a kgonang go di segolola le go di boloka, karolo ya bana batlang ditshwantsho tseno le dikarolo tsa se se ka dirwang ke lelapa, di a ruta e bile di itumelelwa ke lelapa lotlhe. Ela tlhoko dikakgelo tse di latelang:

“Ke tshwara thuto ya Baebele ka poso le ditlogolo tsa me tse pedi tsa basimane tse di nang le dingwaga di le 12. Ka go dirisa karolo ya ‘Motlotlo wa Lelapa,’ ke dira gore ba kwale dikarabo tsa bone mme ba bo ba nthomelela ditsebe tseo. Go lebega fa ditlogolo tsa me di itumelela thuto ya rona thata mme go kwalelana ga rona ka poso go nthusa go tlhalosa dintlha tse go buiwang ka tsone mo go oketsegileng. Ke a lo leboga ka ntlha ya setlhogo seno!”

V. C., United States

“Bosheng jaana, morwaake wa dingwaga di le tlhano o ne a nkopa gore re sekaseke karolo ya ‘Ke Eng se se Phoso ka Setshwantsho Seno?’ ka nako ya go robala. Ke ne ka e bona mme ra simolola go tlotla ka setshwantsho seo. Morago ga foo, morwaake o ne a reetsa ka kelotlhoko fa ke ntse ke bala pego eo ka tlhamalalo go tswa mo Baebeleng. Gone jaanong, mo e ka nnang maitseboa mangwe le mangwe o batla go ithuta. Nna le ba lelapa la me re lo leboga go tswa pelong go thusa bana ba rona gore ba itumelele Baebele.”

M. F., France

“Ke ne ka kopana le David wa dingwaga di le 12 le Jennifer wa dingwaga di le thataro kwa boemelong jwa dibese. Rraabone o ne a bona gore ke tsamaisetsa batho ba ba neng ba tsamaya ka bese Tsogang! mme o ne a ba letla gore ba tle kwa go nna go tla go bona gore ke dirang. Fa rre le morwawe ba ne ba simolola go bala dimakasine, nna le Jennifer yo mmotlana re ne ra itumelela go sekaseka ditshwantsho tse dintle tsa dinonyane le diphologolo. Re ne ra bua ka dilo tsotlhe tse dintle tse Jehofa Modimo a di dirileng gore re di itumelele. Fa re fitlha mo tsebe 31, re ne ra leka karolo ya ‘Bana Batlang Ditshwantsho Tseno.’ Fa ke ntse ke leka go bona setshwantsho sa ntlha, Jennifer o ne a phetlha ditsebe ka bonako mme a se bona mo metsotswaneng e sekae. Re ne ra leka go bona setshwantsho sa bobedi le sa boraro mme gape e ne e le ene a di bonang pele. Tota e bile, Jennifer o ne a batla go tswelela go fitlha re wetsa go batla ditshwantsho tsotlhe mo dimakasineng tse di farologaneng di le lesome! Kgabagare, Jennifer o ne a kopa dikhopi tse dingwe tse pedi gore a di isetse rraagwe le mogolowe. Fa ke tsamaya, boraro jwa bone bo ne jwa bontsha kanaanelo ka ntlha ya tshedimosetso e e molemo e e mo dimakasineng tseo.”

M. C., Ecuador