Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo o a Amega?

A Modimo o a Amega?

MO MOSONG wa November 1, 1755, toropo ya Lisbon, kwa Portugal, e ne ya itewa ke thoromo ya lefatshe. Go ne ga latela tsunami le melelo tse di neng tsa senya bogolo jwa toropo mme tsa bolaya diketekete tsa batho.

Morago ga thoromo ya lefatshe ya kwa Haiti ka 2010, kakgelo ya mogatisi mongwe wa lokwalodikgang lwa kwa Canada lwa National Post, e ne ya re: “Masetlapelo otlhe a magolo a leka tumelo ya batho. Mme fela jaaka [masetlapelo a magolo a] thoromo ya lefatshe ya kwa Lisbon, dithoromo tsa lefatshe tsa segompieno tse di tshwanang le ya kwa Haiti di leka tumelo ya batho go feta diteko tse dingwe.” Kgatiso eo e ne ya konela jaana: “Modimo a ka tswa a latlhile Haiti.”

E re ka Jehofa Modimo e le “Mothatayotlhe,” o na le maatla a a sa feleng, go akaretsa le bokgoni jwa go fedisa pogo. (Pesalema 91:1) Mo godimo ga moo, re ka tlhomamisega gore o a amega. Ka ntlha yang?

Re Itse Eng ka Modimo?

Modimo o utlwela batho ba ba bogang botlhoko. Fa Baiseraele e ne e le makgoba kwa Egepeto e bile ba tshwerwe makgwakgwa ke batho ba ba neng ba ba tshwere, Modimo o ne a bolelela Moshe jaana: “Kwantle ga pelaelo ke bone pogisego ya batho ba me ba ba kwa Egepeto, e bile ke utlwile selelo sa bone ka ntlha ya bao ba ba gatelelang go dira; ka gonne ke itse sentle botlhoko jo ba bo utlwang.” (Ekesodo 3:7) Seno se kaya eng? Se kaya gore Modimo o amega ka batho fa ba boga. E bile, makgolokgolo a dingwaga moragonyana, moporofeti Isaia o ne a kwala jaana ka Baiseraele: “Mo matshwenyegong otlhe a bone, go ne go mo tshwenya thata.”—Isaia 63:9.

“Ditsela tsotlhe tsa gagwe di tshiamiso.” (Duteronome 32:4) Modimo o tshiamo e bile ga a na tlhaolele mo go sengwe le sengwe se a se dirang. “O tla disa tsela ya batho ba gagwe ba ba ikanyegang,” mme gape o tla ‘duela ka pitlagano ba ba pitlaganyang’ basiami. (Diane 2:8; 2 Bathesalonika 1:6, 7) Kwantle ga go tlhaola ope, “ga a tseye letlhakore la babusi e bile ga a rate bahumi go feta bahumanegi, ka gonne o bopile batho botlhe.” (Jobe 34:19, Today’s English Version) Gape Modimo o itse tsela e e molemolemo ya go fedisa pogo ya batho. Go farologana le Modimo, tsela e batho ba rarabololang dilo ka yone e ka tshwantshiwa le go dirisa sefapo se sennye thata go bofa ntho e e dutlang madi ya motho yo o thuntshitsweng. Le fa sefapo seo se ka fitlha bothata, se dira go le gonnye go baakanya mathata a a sa bonaleng le e leng go fedisa pogo ya motho yo o thuntshitsweng.

A ngaka e ka dirisa sefapo se sennye thata go bofa ntho e e dutlang madi ya motho yo o thuntshitsweng?

Modimo o ‘kutlwelobotlhoko, o pelontle e bile o na le bopelonomi jo bogolo jwa lorato.’ (Ekesodo 34:6) Lefoko “kutlwelobotlhoko,” jaaka le dirisitswe mo Baebeleng, le kaya kutlwelobotlhoko e e lorato le e e tlhotlheletsang motho go thusa motho yo mongwe. Tshimologo ya lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “bopelontle” le tlhalosiwa e le “go thusa motho yo mongwe go tswa pelong ka selo se a se tlhokang.” Go ya ka Theological Dictionary of the Old Testament, lefoko le le ranotsweng e le “bopelonomi jwa lorato” le akaretsa “go tsaya kgato go thusa motho yo o lebaneng le masetlapelo kgotsa tlalelo.” Jehofa Modimo ga a utlwe botlhoko fela fa batho ba boga mme o tlhotlhelediwa ke kutlwelobotlhoko, bopelontle le bopelonomi jo bo lorato go ba thusa. Ka jalo, re ka tlhomamisega gore o tla fedisa pogo.

Setlhogo se se fetileng se ile sa tlhalosa mabaka a mararo a konokono a a dirang gore batho ba boge gompieno, a lepe la one le sa bakiweng ke Modimo. Mma jaanong re sekaseke gore dilo tseo di bakiwa ke eng.

Tshwetso ya Motho

Kwa tshimologong Adame o ne a laolwa ke Modimo. Le fa go ntse jalo, fa a ne a fiwa tshono ya go itlhophela, o ne a swetsa ka gore a gane bolaodi jwa Modimo mme a batla go bona ditlamorago tsa go sa laolwe ke ene. O ne a itlhokomolosa tlhagiso eno ya ga Jehofa e e mo go Genesise 2:17: “Ruri o tla swa.” Go palelwa ke go ikobela taolo e e itekanetseng ya Modimo go ne ga felela ka boleo le bosaitekanelang. Baebele e tlhalosa jaana: “Fela jaaka boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” (Baroma 5:12) Mme Modimo o tla fedisa ditlamorago tsa boleo.

Ditiragalo Tse di sa Lebelelwang

Jaaka go bontshitswe fa godimo, motho wa ntlha e bong Adame o ne a gana kaelo ya Modimo—yone kaelo e e tlhokegang gore batho ba nne ba sireletsegile—tota le mo masetlapelong a tlholego. Tshwetso ya gagwe e ka tshwantshiwa le molwetse yo o ganang thuso ya ngaka e e nang le bokgoni le maitemogelo. Fa molwetse a sa itse dikotsi le mathata a a ka nnang teng mo botsogong jwa gagwe a ngaka e a itseng, a ka boga ka ntlha ya go itlhokomolosa kaelo ka boomo. Ka tsela e e tshwanang, ke go sa tshware lefatshe sentle ga batho—go akaretsa go dirisa mekgwa e e sa babalesegang ya go aga le go itlhokomolosa maatla a tlholego a lefatshe—go gantsi go bakang masetlapelo a tlholego. Le fa go ntse jalo, Modimo ga a kitla a letla maemo ano go tswelela goyagoile.

“Mmusi wa Lefatshe Leno”

Ke eng fa Modimo a ile a letlelela Satane go laola lefatshe fa a sena go tsuologa? Go ya ka buka nngwe, “mebuso e mesha ya mofuta le fa e le ofe e busa ka nakwana fela fa e le gore e ka kgona go pega puso ya nako e e fetileng molato ka ntlha ya mathata a a leng gone.” Fa Jehofa a ka bo a ile a tlosa Satane yo e leng “mmusi wa lefatshe leno” pele ga nako, Satane a ka bo a ile a bolela gore go palelwa ga gagwe ke molato wa Mmusi wa nako e e fetileng e bong Modimo. (Johane 12:31) Le fa go ntse jalo, ka go bo Modimo a dirile gore go fete nako e e rileng ya gore Satane a dirise bolaodi jwa gagwe ka botlalo mo lefatsheng, seno se ile sa bontsha kafa Satane a paletsweng ka teng jaaka mmusi. Le fa go ntse jalo, go sa ntse go na le potso e e tlhokang go arabiwa, Re ka tlhomamisega jang gore pogo e tla fela?