Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pogo e Tshwanetse go Fela!

Pogo e Tshwanetse go Fela!

Khieu o ne a simolola go boga fa rraagwe a ne a bolawa ka go bo a ile a letla dikgomo tsa gagwe gore di tsene mo tshimong ya mabele e e fa gaufi. Moragonyana, mmaagwe le bokgaitsadie ba babedi ba ne ba bolawa, e le bangwe ba batho ba ba neng ba bolawa ke masole a kwa Cambodia a mokgatlho wa Khmer Rouge. Morago ga foo Khieu o ne a gobadiwa ke bomo e e epetsweng ka fa tlase ga mmu. O ne a leta malatsi a le 16 kwa sekgweng pele ga thuso e goroga. Leoto la gagwe le ne la tshwanelwa ke go kgaolwa. Khieu a re: “Ke ne ke sa batle go tshela.”

O KA tswa o ile wa ela tlhoko gore pogo ga e tlhaole. Masetlapelo a tlholego, bolwetse, bogole, bokebekwa jo bo dirwang ka dikgoka le masetlapelo a mangwe a ka bogisa mongwe le mongwe, gongwe le gongwe le ka nako nngwe le nngwe. Mekgatlho e e direlang batho ba bangwe molemo e ile ya dira ka natla go thibela kgotsa bobotlana go fokotsa go boga ga batho. Mme ke eng se ba se fitlheletseng ka se ba se dirileng?

Akanya ka sekai se le sengwe—go lwantsha tlala. Go ya ka lokwalodikgang lwa Toronto Star, masetlapelo a tlholego a dirile gore batho ba le bantsi ba sale ba se na matlo le dijo. Le fa go ntse jalo, lokwalodikgang lono lo bega gore “maiteko a a dirwang ke mekgatlho go fokotsa tlala a kgorelediwa ke thubakanyo e e ntseng e oketsega.”

Baeteledipele ba dipolotiki, ba loago le ba tsa kalafi, botlhe ba ile ba tsaya matsapa a magolo go fokotsa pogo mme diphelelo tsa gone di kgoba marapo. Dithulaganyo tse di dirilweng go thusa go tokafatsa ikonomi ga di a fedisa khumanego. Mekento, diokobatsi le mekgwa ya karo ya maemo a a kwa godimo ga e kgone go fedisa malwetse otlhe. Badiredibagolo ba sepodise le masole a a romelwang kwa dinageng di sele go boloka kagiso ga ba kgone go dira sepe fa bokebekwa bo ntse bo tswelela pele kgotsa bo oketsega.

Ke eng fa go na le pogo e kana kana? A Modimo o amega ka se se diragalelang batho? Jaaka re tla bona, batho ba le dimilione ba ile ba bona dikarabo tse di gomotsang tsa dipotso tseno mo Baebeleng.