Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Tla Tlhopha ka Botlhale?

A o Tla Tlhopha ka Botlhale?

A o Tla Tlhopha ka Botlhale?

Jordan wa dingwaga di le 17, o ngongorega jaana: “Mmino wa batsadi ba me o lapisa pelo fela thata.” *

Mmaagwe e bong Denise ene o ngongorega jaana: “Mmino wa morwaake o tletse tlalelo le kgalefo.”

KE ENG fa gantsi batsadi le basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba sa dumalane ka mmino? Lebaka lengwe ke gore mmino o batho ba o ratang o a fetoga fa ba ntse ba gola. Lebaka le lengwe ke gore mmino ka boone o a fetoga. Ka jalo, mmino o o tumileng gompieno o ka nna wa se tlhole o ratiwa ka moso.

Le fa lebaka e ka tswa e le lefe, mmino o a re tlhotlheletsa. A o lemogile kafa mmino o amang maikutlo a gago ka teng? Fa Kgosi Saulo wa Iseraele wa bogologolo a ne a tshwenyegile, mmino o o lapolosang o ne o mo ritibatsa. (1 Samuele 16:23) Ka ditsela dingwe, dipina di ka tshwantshiwa le batho ba re itsalanyang le bone. Dipina dingwe di ka dira gore re nne le maikutlo a a siameng, a a jaaka boitumelo le lorato. Tse dingwe di dira gore re nne le maikutlo a a sa siamang, a a jaaka kgalefo le letlhoo.—Diane 13:20.

E re ka mmino o na le tlhotlheletso e e maatla jalo, batsadi le bana ba tshwanetse go tlhopha mmino o ba o reetsang ka botlhale. Fa e le gore o motsadi, a tota o kgatlhegela go itse se bana ba gago ba dingwaga tsa bolesome le ba dingwaga tse di kwa tlase ba se reetsang le gore ba se reetsa nako e e kana kang? A o ba tlhomela melao?

Seo ga se reye fela go ba iletsa go reetsa dialebamo dingwe kgotsa mefuta mengwe ya mmino. Gape o tshwanetse go thusa bana ba gago ba dingwaga tsa bolesome go tlhopha mmino o mongwe o o amogelesegang. Buka ya On Becoming Teenwise e bolela jaana: “O ka se ka wa tseela motho selo se a se ratang thata mme o bo o mo tlogela a iphotlhere fela. Go tshwanetse ga nna le sengwe, sengwe se sesha mo boemong jwa sone, go sa nneng jalo a ka boela kwa mekgweng ya gagwe ya bogologolo.”

Ntlha e nngwe e o tshwanetseng go e ela tlhoko ke eno: Bana ba gago ba senya nako e kana kang ba reeditse mmino? A nako e ba e fetsang ba reeditse mmino e kgoreletsa nako e ba tshwanetseng go e dirisetsa dilo tse di botlhokwa, tse di jaaka tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae, dilo tsa kobamelo ya Modimo kgotsa maikarabelo mangwe mo lelapeng? Jaaka Baebele e bolela, “sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng.”—Moreri 3:1.

Go itlhaola e ka nna bothata jo bongwe. Gone ke boammaaruri gore rotlhe re tlhoka nako ya go nna re le nosi e bile re tshwanetse go dira nako ya go akanya ka dilo tse di botlhokwa mo botshelong. (Pesalema 1:2, 3) Le fa go ntse jalo, fa motho a feteletsa dilo, go itlhaola go ka dira gore a ikakanyetse a le nosi. (Diane 18:1) Felipe, yo gone jaanong a nang le dingwaga di le 20, o ne a tsaya go reetsa mmino e le ‘nako e a tlhokang go nna a le nosi ka yone.’ Mme a re: “Mmè o ne a tshwenyegile ka gore ke a itlhaola.”

Ke eng se se ka thusang basha ba ba tshwanang le Felipe le batsadi ba bone gore ba se ka ba nna le dikgotlhang mme ba dumalane fa go tliwa mo mminong? Rotlhe re ka dira jang gore re tlhophe mmino ka botlhale? Batho ba le bantsi ba lemogile gore melaometheo ya Baebele e a thusa. Ke eng fa o sa tlotle le bana ba gago ka dipotso tse tharo tse di latelang?

Mmino oo o na le molaetsa ofe? “A kgokafalo le boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe kgotsa bogagaru di se ka tsa ba tsa umakwa mo go lona.” (Baefeso 5:3) Dipina di le dintsi di na le mafoko a a siameng. Mme tse dingwe, e ka tswa e le ka tsela e e bofitlha kgotsa e e seng bofitlha, di buelela kgotsa di rotloetsa boitshwaro jo bo thulanang le melao e e siameng, e e jaaka melaometheo ya Baebele. Ke boammaaruri gore mefuta mengwe ya mmino e itsege ka go nna le boitsholo jo bo sa siamang, letlhoo le thubakanyo. Mokwadi mongwe e bong Karen Sternheimer a re: “Gantsi mafoko a mmino wa rap a a tshosa, ka dinako tse dingwe a na le bosetlhogo, letlhoo la basadi le matlhapa.” Gantsi mafoko a mmino wa heavy-metal a na le thubakanyo le boloi. Tota le mmino o o tlwaelegileng o o tumileng o ka rotloetsa boitshwaro jo bo sa siamang. Ka jalo, fa o tlhopha mmino, dirisa ‘maatla a gago a go akanya’ gore o tlhophe ka botlhale. (Baroma 12:1) O se ka wa tlhopha mmino fela ka go bo o tumile kgotsa o na le moribo o o monate.

Mmino o ama maikutlo a me jang? “Dibela pelo ya gago, gonne metswedi ya botshelo e tswa mo go yone.” (Diane 4:23) Mmino o o o tlhophang ga o bontshe fela se se leng mo mogopolong le mo pelong ya gago go senola se o leng sone. O ka tlhotlheletsa mogopolo le pelo ya gago. Jordan, yo o nopotsweng kwa pelenyana a re: “Go reetsa mefuta mengwe ya mmino go ne ga dira gore ke galefe le go nna dikgoka.” Ipotse jaana: ‘Mmino o ke o reetsang o ama jang tsela e ke akanyang ka yone le e ke ikutlwang ka yone? A o dira gore ke ikutlwe ke ritibetse e bile ke lapologetswe kgotsa a o dira gore ke tlhobaele le go galefa? A o dira gore ke nne le dikakanyo tse di sa siamang?’ (Bakolosa 3:5) Fa e le gore mmino o o rileng o dira gore o nne le maikutlo kgotsa dikakanyo tse di sa siamang, go tla nna botoka gore o o latlhe. (Mathaio 5:28, 29) Hannah yo o nang le dingwaga di le 17, a re: “Ke bona kafa mmino o o sa siamang o senyang batho ka teng mme ga ke batle go o reetsa gotlhelele.”

A mmino o ka tlhotlheletsa mekgwa ya me e e siameng? Amose 5:15 ya re: “Tlhoang se se bosula, mme lo rate se se molemo.” Gompieno seo ke kgwetlho ka gonne go ya ka boporofeti jwa Baebele, batho ka kakaretso ke “baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, . . . barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo.” (2 Timotheo 3:1-4) Ke ka moo temana ya 5 e reng: “Bano o ba fularele.”

O fularela jang batho ba ba ntseng jalo? Ga go na pelaelo gore o tshwanetse go dira se se fetang go nna kgakala le bone fela. Gape o tshwanetse go gana dilo tse di bontshang ditsela tsa bone tsa go tlhoka bomodimo. (Baefeso 4:25, 29, 31) Mme a seo se tla fokotsa mmino o o ka o tlhophang go sa tlhokege? Le e seng!

Leka go Reetsa Mmino o o Farologaneng

Mo malapeng a le mantsi, batsadi le basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba rata go reetsa mefuta ya mmino e ba bangwe ba ratang go e reetsa. Lena a re: “Morwadiake wa dingwaga di le 13 o ne a nkutlwisa mmino o a o ratang mme gone jaanong ke rata go o reetsa.” Heather, wa dingwaga di le 16, o itumelela go reetsa mmino wa batsadi ba gagwe mme batsadi ba gagwe le bone ba rata go reetsa mmino wa gagwe mme ka metlha ba refosana di-CD.

Mo lefatsheng ka bophara, dimilione tsa Basupi ba ga Jehofa ba dingwaga le ditso tse di farologaneng ba itumelela mefuta e e farologaneng ya mmino, go akaretsa le dipina tse di nonotshang semoyeng tse di mo bukeng ya dipina ya Opelelang Jehofa. * Le fa go ntse jalo, dipina tseno di ka tswa di farologane le tse ditso dingwe di tlwaetseng go di reetsa.

O ka tswa o le motsadi kgotsa mosha, fa o batla go reka alebamo kgotsa go tsaya mmino o o rileng mo Internet, ke eng o sa ipotse dipotso tseno: ‘Ke mang yo o dirileng gore ke kgone go itumelela mmino? A ga se Mmopi wa me e bong Jehofa Modimo? Ka jalo, nka mmontsha jang gore ruri ke anaanela dimpho tse a nneileng tsone? A nka se dire jalo ka go tseela kwa godimo melao ya gagwe ya se se siameng le se se sa siamang le ya se se botlhale le se se seng botlhale?’ Go akanya ka dipotso tseno go tla go thusa gore o tlhophe mmino wa gago ka botlhale mme seno se tla go itumedisa se bo se itumedise le Mmopi wa gago.—Diane 27:11.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 17 Di ka tsewa mo atereseng eno ya Internet www.pr418.com.

[Mafoko a a mo go tsebe 7]

Mefuta mengwe ya mmino e itsege ka go nna le boitsholo jo bo sa siamang

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

Go na le mefuta e e farologaneng ya mmino e o ka e itumelelang

[Lebokoso mo go tsebe 7]

Lebaka La go Bo ke Dirile Diphetogo

Ashley, wa dingwaga di le 24 a re: “Mo dingwageng tsa me tsa bolesome ke ne ke ineetse mo bojalweng le mo diokobatsing e bile ke dirisa dikgoka mme mmino o o neng o dira gore ke batle go tshela jalo e ne e le mmino wa heavy-metal le rap. Mafoko a matlhapa, a a tletseng letlhoo le moribo o o maatla le o o tlhotlheletsang o ne o dira gore ke ikutlwe ke le maatla. Gape mmino ono o ne wa dira gore ke ikgolaganye le ditsala tsa me tse di dirisang diokobatsi. Batho ba mmino wa rap le ditlhopha tsa mmino wa heavy-metal e ne e le dikao le bagaka ba rona.

“Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae botshelo jwa me bo ne jwa tswa mo taolong. Fa ke ne ke le dingwaga di le 17, ke ne ka batla ke swa ka ntlha ya go dirisa selekanyo se se feteletseng sa diokobatsi. Fa ke tsoga, ke ne ka rapela Modimo gore a nthuse. Mosimane mongwe o ne a kile a mpolelela gore leina la Modimo ke Jehofa mme ke ne ke le amanya le Basupi ba ga Jehofa. Ka jalo, ke ne ka tsaya buka ya dinomoro tsa founo, ka letsetsa Basupi mogala mme ka simolola go ithuta Baebele le bone.

“Ke ne ka tlogela mekgwa ya me e e bosula mme ka latlha mmino wa me. Mme fa ke ne ke latlhela di-CD tsa me mo matlakaleng, ke ne ka ema foo ke di lebeletse. Pelo ya me e ne e le botlhoko thata. Ka jalo, ke ne ka ikgopotsa gore mmino ono mmogo le mekgwa ya me e e leswe, e ne e ntshenya. Ke ne ka retologa mme ka tsamaya.

“Le gompieno, morago ga dingwaga di le dintsi, ke sa ntse ke ngokwa ke mmino wa heavy metal le rap. Ka jalo, ke o tila jaaka e kete ke diokobatsi tse di tshwakgolang. Gone jaanong ke itumelela mefuta e mengwe ya mmino e e akaretsang dipina tsa marato, mmino wa rock o o motlhofo le mmino mongwe wa tlelasiki. Mme se se itumedisang le go feta ke gore ke kgona go o laola.”

[Lebokoso mo go tsebe 9]

Dintlha Tse di ka Thusang Batsadi

A mmino o ngwana wa gago a o reetsang o dira gore o tshwenyege? O ka mo thusa jang kwantle ga go ngangisana le ene? Ela tlhoko dikakantsho tse di latelang:

Nna le tshedimosetso Pele ga o bua, itse dintlha tsa botlhokwa. Reetsa mmino, ela tlhoko mafoko a yone mme o sekaseke khabara ya one. Ipotse jaana, ‘A ke na le lebaka la gore ke tshwenyege kgotsa a ke tshwayatshwaya diphoso?’ Baebele ya re: “Batho ba ba botlhale ba akanya pele ga ba bua; go tswa foo se ba se buang se tlhotlheletsa le go feta.”—Diane 16:23, Today’s English Version.

Nna le temogo Mmino o ka go thusa go bona gore ngwana wa gago o dira eng, o akanya eng le gore o ikutlwa jang. Mo fate maikutlo ka tsela e e bonolo. Mmotse jaana: “O rata eng ka mmino ono? A o bua ka sengwe se o tshwenyegileng ka sone?” Go tswa foo, reetsa ka kelotlhoko fa a araba. Diane 20:5 ya re: “Dikakanyo tsa motho di tshwana le metsi mo sedibeng se se kwa teng, mme motho yo o nang le temogo a ka kgona go a aga.”—TEV.

Mo thuse Maikaelelo a gago ga se fela go dira gore ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome a latlhe CD e e sa amogelesegeng. Go na le moo, o batla go thapisa ‘bokgoni jwa gagwe jwa go lemoga se se siameng le se se sa siamang’ gore a itirele ditshwetso tse di siameng. (Bahebera 5:14) Ka jalo, thusa ngwana wa gago go nna le bokgoni jo bo tla mo thusang mo botshelong jwa gagwe jotlhe: Mo rute go dira dipatlisiso le go dirisa melaometheo ya Baebele. Ka tsela eno, o tla mo thusa gore a nne le bokgoni jwa go akanya le botlhale jwa bomodimo, tse di leng botlhokwa go gaisa gauta yotlhe mo lefatsheng!—Diane 2:10-14; 3:13, 14.

Nitama, nna pelotlhomogi le go nna pelonomi “[Apara] lorato lwa bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele.” (Bakolosa 3:12) Fa o buisana le ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome, o se ka wa gagamatsa molao kgotsa wa ngangisana le ene. Gakologelwa gore le wena o kile wa nna mosha yo o mo dingwageng tsa bolesome.

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Dirisa melao e e siameng fa o tlhopha mmino