Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mafura a Diamusi Tsa mo Lewatleng

Mafura a Diamusi Tsa mo Lewatleng

A a Ne a Tlhamilwe?

Mafura a Diamusi Tsa mo Lewatleng

● Ka masomesome a dingwaga, baitsesaense ba ne ba sa kgone go tlhaloganya gore go tla jang gore didolofine di kgone go thuma ka lobelo lwa dikilometara tse di ka nnang 40 ka ura. Baitsesaense ba ne ba akanya gore diphologolo tseno ga di na mesifa e e lekaneng go ka dira jalo. Mme didolofine di na le sephiri, sephiri seo se fitlhelwa mo mafureng a tsone, e leng selo se se raraaneng se gape se fitlhelwang ka fa tlase ga letlalo la di-porpoise, maruarua le diphologolo tse dingwe tsa mo lewatleng.

Ela tlhoko: New World Encyclopedia ya re: “Mafura ano ke leiyara e e kima ya dithishu tse di rulagantsweng sentle tse di nang le disele tse dintsi tsa mafura.” A mo mmeleng otlhe a phologolo e bile a “ngaparetse thata mo mesifeng le mo marapong a a rulagantsweng sentle a e leng mahihiri le ditshika tse di golaganeng.” Mme mo thulaganyong eno ya mahihiri le ditshika tse di golaganeng go na le difaeba tse di taologang le collagen, e leng poroteine e gape e fitlhelwang mo letlalong le mo marapong a phologolo. Ka jalo, mafura ano ga se fela leiyara ya mafura a a thuthafatsang mmele. Ke thulaganyo ya maemo a a kwa godimo e e golaganyang dithishu tse di tshelang tse di farologaneng.

Ka jalo, mafura ano a thusa jang didolofine le di-porpoise gore di thume ka lobelo jaana? Ka sekai, di-porpoise tsa Dall di thuma ka lobelo lwa dikilometara tse di ka nnang 56 ka ura. Lebaka lengwe ke gore mafura a dira gore diphologolo tseno di nne le popego e e dirang gore di kgone go thuma motlhofo. Lebaka le lengwe ke gore mafura a a fa gare ga mogatla le lefafa le le kwa morago a na le di-collagen le difaeba tse di taologang tse dintsi tse di golaganeng—tse di dirang gore mogatla o kgone go obega le go boloka maatla. Ka jalo, fa mesifa e dira gore mogatla o ye ntlheng e nngwe, mafura a a dirang jaaka seporing a gogela mogatla kwa morago, ka go dira jalo, a oketsa maatla le go e thusa gore e se ka ya dirisa maatla a mantsi.

Gape mafura a dira gore phologolo e kgone go lelesela mo metsing gape a thusa gore e thuthafale. Mafura ano a e thusa gore e nne le maatla ka nako ya fa go se na dijo tse di lekaneng. Go a utlwala go bo mafura ano a a e thusang ka ditsela tse di farologaneng a ngokile kgatlhego ya batho ba ba lekang go tokafatsa tsela e dikepe di dirang ka yone le tsela e di tsamayang ka yone mo lewatleng.

O akanya eng? A mafura ano a a thusang go dira dilo tse di gakgamatsang a nnile gone fela ka boone? Kgotsa a a ne a tlhamilwe?

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Setshwantsho se se bontshang kafa collagen le difaeba tse di taologang tse di golaganeng di lebegang ka teng

Difaeba tse di tlhatlaganeng