Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Ke Eng se se Tlhaelang mo Setshwantshong Seno?

Bala 2 Dikgosi 5:1, 9-16, 20-27. Jaanong leba setshwantsho. Ke dilo dife tse di tlhaelang? Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e ka fa tlase. Feleletsa setshwantsho ka go tshwaraganya dikhutlo mme o bo o se tsenya mebala.

1. ․․․․․

2. ․․․․․

3. ․․․․․

[Setshwantsho]

(Leba kgatiso)

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

Gehasi o ne a bua maaka afe a mabedi?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala 2 Dikgosi 5:22, 25.

Ke mang yo o neng a itse gore Gehasi o ne a bua maaka?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala 2 Dikgosi 5:25, 26; 2 Ditiragalo 16:9; Bahebera 4:13.

Ke eng fa o tshwanetse go tila go bua maaka?

TLHA E E KA THUSANG: Bala Diane 12:22; Johane 8:44.

DILO TSE DI KA DIRWANG KE LELAPA:

Balang pego eno ya Baebele mmogo. Fa go kgonega, dira gore motho wa ntlha a bale karolo ya moanedi, wa bobedi karolo ya ga Elisha, wa boraro karolo ya ga Naamane le batlhokomedi ba gagwe mme wa bonè a bale karolo ya ga Gehasi.

Di Boloke Mme o Ithute ka Tsone

Segolola o bo o mena bontlhanngwe jwa yone mme o bo o e boloka

KARATA YA BAEBELE 8 HESEKIA

DIPOTSO

A. Hesekia o ne a na le dingwaga di le kae fa a ne a nna kgosi ya Juda?

B. Jehofa o ne a oketsa botshelo jwa ga Hesekia ka kgakgamatso ka dingwaga di le kae?

C. Tlatsa phatla eno. Ka ntlha ya dithapelo tsa ga Hesekia le boikanyegi jwa gagwe, Jehofa o ne a romela moengele go bolaya masole a Asiria a le ․․․․․.

[Tšhate]

4026 B.C.E. 1 C.E. 98 C.E.

Adame o a bopiwa O ne a tshela ka

dingwaga tsa mo e ka Go kwalwa ga buka

nnang ka B.C.E. ya bofelo ya Baebele

4026 B.C.E. Adame o a bopiwa

O ne a tshela ka dingwaga tsa mo e ka nnang ka 700’s B.C.E.

1 C.E.

98 C.E. Go kwalwa ga buka ya bofelo ya Baebele

[Mmapa]

O ne a nna kwa Jerusalema

ASIRIA

Jerusalema

HESEKIA

DINTLHA KA GA GAGWE

Kgosi e e ikanyegang e e neng ya baakanya ya ba ya bula tempele ya Modimo sesha, ya senya dilo tsa kobamelo ya maaka mme ya kgothaletsa batho go boloka Tlolaganyo. (2 Dikgosi 18:4; 2 Ditiragalo 29:3; 30:1-6) Le fa rraagwe e bong Kgosi Ahase a ile a se ka a nna sekao se se molemo, Hesekia o ne a “nna a ngaparela Jehofa.”—2 Dikgosi 18:6.

DIKARABO

A. Dingwaga di le 25.—2 Dikgosi 18:1, 2.

B. Dingwaga di le 15.—2 Dikgosi 20:1-6.

C. 185 000.—2 Dikgosi 19:15, 19, 35, 36.

Batho le Dinaga

4. Maina a rona ke Kyrl wa dingwaga di le thataro le Sheen wa dingwaga di le robongwe. Re nna kwa Philippines. Ke Basupi ba ga Jehofa ba le kae ba ba nnang kwa Philippines? A ke ba le 62 000, 126 000 kgotsa ba le 172 000?

5. Ke khutlo efe e e bontshang gore re nna kae? E thalele mme o bo o torowa khutlo e e bontshang gore wena o nna kae mme o bone gore o gaufi go le kana kang le Philippines.

A

B

C

D

Bana Batlang Ditshwantsho Tseno

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

● Dikarabo tsa “MOTLOTLO WA LELAPA” di mo tsebe 20

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBE 30 LE 31

1. Kara ya ga Naamane.

2. Dikgetsana tsa selefera.

3. Diaparo.

4. 172 000.

5. D.