Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikgakololo Tse Supa Tse di Botlhale

Dikgakololo Tse Supa Tse di Botlhale

Dikgakololo Tse Supa Tse di Botlhale

DIKGAKOLOLO tse di fa tlase fano di mo bukeng ya bogologolo e e tletseng ka dikgakololo tse di itshupileng di le mosola e bile di le mo nakong. Ela tlhoko gore dikgakololo tseno di ka go thusa jang go laola madi a gago.

1. “Morati wa selefera ga a kitla a kgotsofadiwa ke selefera, le fa e le morati ope wa khumo ga a kitla a kgotsofadiwa ke madi a lotseno.” (Moreri 5:10) Mafoko ao ga se a motho yo o pelotshetlha yo o neng a humanegile. Mafoko ano a kwadilwe ke Kgosi Solomone wa Iseraele yo e neng e le monna yo o humileng go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela mme o ne a kwala go ya ka se se mo diragaletseng le se a se boneng. Batho ba ba humileng ba motlha wa rona le bone ba kile ba bua se se tshwanang.

2. “Fa re na le dijo le bonno, re tla kgotsofalela tseno. Le fa go ntse jalo, ba ba eletsang go huma ba wela mo thaelong.” (1 Timotheo 6:8, 9, NET Bible) Mafoko ao a ne a kwalwa ke moaposetoloi Paulo, yo o neng a tlogela tiro ya maemo a a kwa godimo mme a nna molatedi wa ga Jesu Keresete. Go farologana le baeteledipele bangwe ba bodumedi gompieno, a nitame, Paulo o ne a tila thaelo epe fela ya go itirela lotseno ka batho ba a neng a ba ruta kgotsa ba a neng a tsalane le bone. Go na le moo, o ne a ka bua jaana ka bopeloephepa: “Ga ke a eletsa selefera ya ga ope kgotsa gouta kgotsa diaparo ka bopelotshetlha. Lona ka bolona lo a itse gore diatla tseno di tlhokometse ditlhoko tsa me le tsa ba ba nang le nna.”—Ditiro 20:33, 34.

3. “Ke mang wa lona yo o batlang go aga tora a sa nneng fa fatshe pele a bo a bala ditshenyegelo, go bona gore a o na le mo go lekaneng go e wetsa?” (Luke 14:28) Setshwantsho sa ga Jesu se ka dirisiwa mo seemong sengwe se o ka lebanang le sone: Fa o reka sengwe, segolobogolo ka karata ya sekoloto, a o tla reka ka lepotlapotla kgotsa a o tla nna pelotelele mme o bale ditshenyegelo? A ruri o tlhoka selo seo mme a o ka kgona go se duelela?

4. “Ba ba adimang ke makgoba a baadimisi ba madi.” (Diane 22:7, Contemporary English Version) Mathata a tsa madi a a nnileng teng mo lefatsheng bosheng jaana a ile a senola boeleele jwa go dirisa dikarata tsa sekoloto le go dira mefuta e mengwe ya dikoloto. Michael Wagner o ne a bolela jaana mo bukeng ya gagwe ya 2009 ya Your Money, Day One: “Go tlwaelegile gompieno gore ka kakaretso, motho a nne le sekoloto se se fetang $9 000 [R60 000] mo dikarateng tsa dikoloto di le nnè kgotsa go feta.”

5. “Moikepi o a adima mme ga a buse, mme mosiami o utlwela botlhoko e bile o naya dimpho.” (Pesalema 37:21) Batho bangwe ba tsaya go ipolela kafa molaong gore ga ba kgone go duela molato e le tsela e e motlhofo ya go tila go duela sekoloto. Ka fa letlhakoreng le lengwe, batho ba ba tsayang kamano ya bone le Modimo e le botlhokwa ga ba ele tlhoko fela gore ba duela sekoloto sa bone fa e le gore ba ka kgona go dira jalo mme gape ba aba se ba nang le sone ka bopelotshweu.

6. “Nkile ka bo ke le lekau, jaanong ke tsofetse, mme le fa go ntse jalo ga ke ise ke bone ope yo o siameng a tlogetswe gotlhelele, le fa e le bana ba gagwe ba batla senkgwe.” (Pesalema 37:25) Mafoko ao a ile a kwalwa ke monna yo o ileng a tshwarwa makgwakgwa. O ne a fetsa dingwaga di le dintsi e le motshabi, ka dinako dingwe a nna mo magageng mme ka dinako tse dingwe a tshabela kwa nageng e sele. Kgabagare motshabi yono e bong Dafide o ne a nna kgosi ya Iseraele wa bogologolo. O ne a iponela boammaaruri jwa mafoko ano fa a ne a sa ntse a tshela.

7. “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Mafoko ao a ile a buiwa ke monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela. Jesu o ne a fetsa botshelo jwa gagwe mo lefatsheng a direla batho ba bangwe “ka ntlha ya boipelo jo bo neng bo tlhomilwe fa pele ga gagwe.” Gone jaanong o itumelela botshelo jwa go sa sweng kwa legodimong ka fa letlhakoreng la moja la “Modimo yo o itumetseng” e bong Jehofa.—Bahebera 12:2; 1 Timotheo 1:11.

Re ka se nne le bokao jo bogolo mo lefatsheng go gaisa go na le fa re etsa sekao sa ga Jesu ka go dira sotlhe se re ka se kgonang go thusa ba bangwe. Ga go na pelaelo gore o tla dumela gore go botoka go boloka madi ka kelotlhoko gore o kgone go nna motho yo o abang ka bopelotshweu go na le gore o dirise madi o sa akanye.