Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ga ke A Swa”

“Ga ke A Swa”

“Ga ke A Swa”

“O se ka wa ema fa lebitleng la me o bo o lela,

Ga ke yo.

Ga ke a swa.”

● A o itse poko eno? A o kile wa utlwa e opelwa? Mo masomeng a le mmalwa a dingwaga tse di fetileng, poko eno e ile ya gomotsa batho go ralala lefatshe. E ile ya amanngwa le baboki ba ba farologaneng go ralala dingwaga. Bangwe ba ile ba bo ba bolela gore ke thapelo ya phitlho ya kwa Navajo. Ka puo ya Seesemane e itsiwe e seng ka mafoko a yone a bofelo a a umakilweng fa godimo mme e itsiwe ka mafoko ano a yone a a simololang: “O se ka wa ema fa lebitleng la me o bo o lela.”

Poko eno e ne ya nna pina e e tumileng thata kwa Japane dingwaga di le mmalwa tse di fetileng mme gape e ile ya tlhakanya batho tlhogo thata. Gantsi Bajapane ba etela mabitla a ba malapa a bone go ba bontsha tlotlo e re ka ba akanya gore ba sa ntse ba tshela. E re ka pina eno e ruta se se farologaneng le se ba se dumelang, ba le bantsi ba botsa jaana: “Tota baswi ba kae?”

Bajapane ba Babuda ga ba bolo go tshwara diphitlho, ditebelelo le ditirelo tsa phitlho. Mme bontsi jwa Babuda ga ba kgone go araba potso e e reng, Baswi ba kae? Kgotsa go araba dipotso tse dingwe tse di jaaka: A baswi ba madumedi le ditšhaba tse dingwe ba ya kwa lefelong le le lengwe? Ke eng fa baswi ba sa tsiboge?

Batho ba le bantsi ba akanya gore dipotso tse di ntseng jalo di ka se arabiwe le gore go batlana le dikarabo tsa tsone ke go senya nako. Le fa go ntse jalo, o ka ipotsa go re, ‘Go direga eng fa re swa?’ Tota dikarabo di ka bonwa kae? Baebele e bolela gore Modimo o ile a bopa banyalani ba ntlha ba itekanetse mme a ba naya tshimo e ntle go nna legae la bone. Ba ne ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise fa fela ba ka ikobela Modimo. Mme ga ba a ka ba dira jalo.

Ka jalo, Modimo o ne a tsaya kgato. O ne a leleka banyalani bano mo legaeng la bone la Paradaise mme a tlogela go ba tlamela. O ne a tlhalosa ditlamorago tsa botlhokakutlo jwa bone jaana: “Gonne o lorole, mme o tlaa boela mo loroleng.” Motho o bopilwe ka lorole mme kgabagare—fa a swa—o boela mo go lone.—Genesise 2:7; 3:19, Baebele e e Boitshepo.

Monna mongwe yo o tlhokomelang lebitla le legolo kwa Kofu, Japane, o ne a bolela jaana: “Dinkgo di a bo di tletse melora le marapo fa ke di tsenya mo lebitleng. Mme morago ga dingwaga tse di ka nnang tlhano, ga di tlhole di tletse jaaka pele. Morago ga dingwaga di le lesome ga go tlhole go na le sepe mo dinkgong di le dintsi.” Mebele ya rona e dirilwe ka dielemente tse di mo mmung mme fa nako e ntse e tsamaya e a senyega e bo e nna lorole gape. Ka jalo, go sala eng?

Le fa go utlwa gotlhe ga rona go fela fa re swa, Modiri wa rona, yo o bonang le e leng thaga epe fela e e swang, o re gopola ka lorato. (Mathaio 10:29-31) Jaaka a solofeditse, o tla re tsosa mo baswing, ee, o tla dira gore re tshele gape. O tla re bitsa mo borokong jwa loso.—Jobe 14:13-15; Johane 11:21-23, 38-44.

Fa e le gore o ka rata go itse mo go oketsegileng ka kgang eno, o lalediwa go kwalela bagatisi ba makasine ono ba ba tla itumelelang go go naya tshedimosetso e e oketsegileng kgotsa o ka ya kwa atereseng eno ya rona ya Internet www.watchtower.org.