Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Nnang Tsala ya Modimo ka Teng

Kafa o ka Nnang Tsala ya Modimo ka Teng

Kafa o ka Nnang Tsala ya Modimo ka Teng

● Seno ke se boroutšhara jwa ditsebe di le 32 jwa O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo! bo se re rutang. Dithuto tsa jone di akaretsa ditlhogo tse di reng, “Modimo o go Laletsa Gore o Nne Tsala ya Gagwe” le “Modimo ke Tsala E e Di Gaisang Tsotlhe E o Ka Nnang le Yone.” Boroutšhara jono bo diretswe go thusa mmadi go ithuta dithuto tsa motheo tsa Baebele.

Boroutšhara jono bo tlhalosa ka botlalo boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe la rona mo thutong ya setlhogo se se reng, “Ditsala Tsa Modimo di Tla Nna mo Paradaiseng.” Le fa go ntse jalo, gore re nne gone mo Paradaiseng e Baebele e e solofetsang, re tshwanetse go ithuta kafa Modimo a batlang re mo direla ka gone. Dithuto tse di jaaka “Kafa o ka Bonang Bodumedi Jwa Boammaaruri ka Teng” le “Gana Bodumedi Jwa Maaka!” di tla go thusa gore o nne tsala ya Modimo le gore a go amogele. Re tlhomamisega gore go bala boroutšhara jono go tla go solegela molemo.

O ka kopa thuto ya Baebele mmogo le khopi ya boroutšhara jono, ka go tlatsa setlankana se se fa tlase fano mme o bo o se romela kwa atereseng e e tshwanetseng mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Kwantle ga go ipofa tsweetswee ke kopa gore lo nthomelele khopi ya boroutšhara jo bo bontshitsweng fano.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.