Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Murchison Falls—Karolo e e Tlhomologileng ya Nile Kwa Uganda

Murchison Falls—Karolo e e Tlhomologileng ya Nile Kwa Uganda

Murchison Falls—Karolo e e Tlhomologileng ya Nile Kwa Uganda

“Tseno e ne e le diphororo tse dikgolo go gaisa tsa noka ya Nile.”—Mmatlisisi wa Moesemane e bong Motlotlegi Samuel White Baker.

BATHO ga ba bolo go kgatlhiwa le go rata diphororo. Modumo o o ritibatsang wa metsi a a itaaganang mo majeng a a fa tlase le mouwane o o tsiditsana o gantsi o tlhatlogang o tswa mo diphororong tseno o dira gore bajanala ba le bantsi ba fetse diura di le dintsi foo go itapolosa.

Go ntse fela jalo le ka Murchison Falls * kwa Uganda. Noka ya Nile e boleele jwa dikilometara tse di fetang 6 400 mme bangwe ba re diphororo tseno ke sengwe sa dilo tse di kgatlhang thata ka yone. Gone ke boammaaruri gore bogodimo jwa tsone ga bo lekane le jwa Angel Falls ya kwa Amerika Borwa kgotsa metsi a mantsi a a jaaka a kwa Victoria Falls mo Afrika kgotsa a kwa Niagara Falls kwa Amerika Bokone. Le fa go ntse jalo, bontle le maatla a Murchison Falls a dira gore batho ba se ka ba lebala ka yone.

Hisitori ya Murchison Falls

Murchison Falls ke nngwe ya dikarolo tse di kgethegileng tsa kgaolo e e disekwerekilometara di le 3 841 tsa Murchison Falls National Park. Serapa seno sa diphologolo, se se kwa bokonebophirima jwa Uganda, se ne sa simololwa ka 1952. Baker o ne a etela kwa diphororong tseno mo masimologong a bo1860. Mo bukeng ya gagwe ya The Albert N’yanza o tlhalosa lekgetlho la ntlha le ka lone a neng a bona diphororo tseno.

O ne a kwala jaana: “Fa re ne re potela re ne ra kgatlhantshiwa ke bontle jo bogolo. . . . Diphororo tseno di ne di le ditshweu fela jaaka kapoko e bile di ne di le dintle thata fa o di bapisa le mafika a mantsho a a neng a le ka fa matlhakoreng oomabedi a noka mme ditlhare tse dintle tsa mokolane tsa boboatsatsi le dijalo tsa naga di ne di dira gore diphororo tseno di lebege bontle le go feta. Tseno e ne e le diphororo tse dikgolo go gaisa tsa noka ya Nile.” Kwa tshimologong Baker o ne a bitsa diphororo tseno a re ke Murchison Falls e le go tlotla poresidente ya Royal Geographical Society.

Ditsela Tsa go di Leba

Tsela e e molemo ya go bona diphororo tseno ke ka go dirisa mokoro. Loeto lono lo simolola kwa Paraa, kwa lefelong le mekoro e palamelwang gone mme lefelo leno le dira gore bajanala ba kgone go tsamaya mo Nokeng ya Nile fa ba ntse ba lebile diphologolo ba le bokgakala jo ba ka kgonang go di bona sentle. Gantsi o kgona go bona dikubu, ditlou tse dikgolo tsa Afrika, dikwena le dinare. Diphologolo tseno tse dintle tse di gaufi le noka ya Nile di ka dira gore mojanala a lebale gore tota o ne a tlile go leba diphororo. Mme fa a fitlha mo diphororong tse ditshweutshweu tse di ntseng di itaagana mo majeng, o tlhaloganya gore ke eng fa Baker a ne a kgatlhegile thata jaana.

Le fa bajanala ba le bantsi ba itumelela thata go leba diphororo ba le mo mekorong, go di leba o le kwa godimo le gone go kgatlha ka tsela nngwe e e kgethegileng. Bangwe ba tsaya go di leba o le kwa godimo e le gone go leng botoka thata. Fa motho a le koo, o kgona go bona noka ya Nile e e bophara jwa dimetara di le 49 e feta mo phatlheng e e ka nnang bophara jwa dimetara di le thataro mme e bo e pomponyega dimetara di le 40 go ya kwa tlase. Seno se ile sa tlhalosiwa e le “go pomponyega go go maatla ga metsi go go iseng go ke go bonwe gope mo lefatsheng.” Ka dinako tse dingwe bajanala ba utlwa lefatshe le roroma go sekae fa metsi a ntse a phothosela kwa tlase.

Baker o tlhalosa kafa a neng a kgatlhegile ka teng pele ga a bona diphororo tseno. A re o ne a utlwa modumo o mogolo fa a ne a tswile phakela go ya go iphutholola maoto. O ne a akanya gore medumo eo e ne e le tumo e e kgakala ya maru mme o ne a gakgamala fa a ne a lemoga gore medumo eno e ne e tswa mo diphororong.

Fela jaaka Baker, ngwaga mongwe le mongwe diketekete tsa batho di kgatlhiwa ke bontle jo bo jesang kgakge le maatla a metsi a lefelo leno le lentlentle. Go bona maatla a metsi ano a ntse a phothosela kwa tlase ke selo se o ka se kang wa se lebala motlhofo. Eleruri Murchison Falls ke karolo e e tlhomologileng ya noka ya Nile.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Gape e itsiwe e le Kabalega kgotsa Kabarega Falls.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 17]

Murchison Falls National Park

Patlisiso e e ileng ya dirwa ka 1969 e ile ya bontsha gore dikubu di ka nna 14 000, ditlou di ka nna 14 500 le dinare di ka nna 26 500 di ne di nna mo serapeng seno sa diphologolo. Mo masomesomeng a dingwaga tse di neng tsa latela, palo ya diphologolo tseno e ne ya fokotsega ka tsela e e gakgamatsang. Bosheng jaana, ka ntlha ya maiteko a go di sireletsa, di oketsega gape. Gone jaanong dikgwa tseno ke legae la diphologolo tse dintsi tse di jaaka di-chimpanzee le ditshwene mme naga e e tletseng bojang yone ke mafulo a diphologolo tse di jaaka dithutlwa le dikgama tsa Jackson. Tota e bile, go bonwe mefuta e e fetang 70 ya diamusi le mefuta ya dinonyane e e fetang 450 mo serapeng seno.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]

All photos pages 16 and 17: Courtesy of the Uganda Wildlife Authority