Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boikaelelo Jwa Motsadi ke Eng?

Boikaelelo Jwa Motsadi ke Eng?

Baebele ya Reng . . . 

Boikaelelo Jwa Motsadi ke Eng?

GO YA ka se se kwadilweng fa tlase fano, o ne o ka rata gore ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome e nne motho yo o ntseng jang?

A. A tshwane le wena.

B. Setsuolodi se se batlang go nna motho yo o farologaneng le wena.

C. Mogolo yo o nang le boikarabelo yo o dirang ditshwetso tse di botlhale.

Batsadi bangwe ba ba tlhophang Tlhopho C ba ka nna ba dira e kete ba rata Tlhopho A. Ba leka go pateletsa ngwana wa bone wa dingwaga tsa bolesome gore a tshele ka melao ya bone, jaaka go mmolelela gore a tlhophe tiro efe. Diphelelo e nna dife? Ka bonako fela fa ngwana a nna le kgololesegonyana e e rileng, o dira se se farologaneng gotlhelele. Se se gakgamatsang ke gore, bana ba le bantsi ba batsadi ba bone ba dirang e kete ba batla Tlhopho A ba feleletsa ba tshwana le bana ba ba tlhalosiwang mo go Tlhopho B.

Lebaka La go Bo o Ka se Atlege go Laola Ngwana Ka mo Go Feletseng

O batla gore ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome e nne mogolo yo o nang le maikarabelo, yo o dirang ditshwetso tse di botlhale. Mme o ka fitlhelela boikaelelo joo jang? Boammaaruri ke gore: Go laola ngwana ka mo go feletseng ga se tharabololo. Ela tlhoko mabaka a mabedi ano.

1. Tsela ya go laola ngwana ka mo go feletseng ga se ya Dikwalo. Jehofa Modimo o bopile batho ba na le tshwanelo ya go itlhophela. O letlelela batho gore ba itlhophele tsela e ba batlang go tshela ka yone, e ka tswa e siame kgotsa e sa siama. Ka sekai, fa Kaine a ne a galefetse morwarraagwe e bong Abele mo e leng gore o ne a batla go mmolaya, Jehofa o ne a mo raya a re: “Fa o simolola go dira molemo, a ga o kitla o godisiwa? Mme fa o sa dire molemo, go na le boleo jo bo bobileng fa kgorong, e bile bo a go eletsa; mme wena, a o tla bo fenya?”—Genesise 4:7.

Ela tlhoko gore le fa Jehofa a ile a naya Kaine kgakololo e e utlwalang sentle, ga a ka a mo pateletsa go e ikobela. Kaine o ne a tshwanetse go itlhophela gore a o tla laola bogale jwa gagwe kgotsa nnyaa. Re ithuta eng mo go seno? Fa e le gore Jehofa ga a leke go laola dibopiwa tsa gagwe ka mo go feletseng gore di mo ikobele, le wena ga o a tshwanela go leka go dira jalo ka bana ba gago ba dingwaga tsa bolesome. *

2. Gantsi tsela ya go laola ngwana ka mo go feletseng e nna le ditlamorago tse o sa di lebelelang. Akanya ka rakgwebo mongwe yo o go pateletsang gore o reke sengwe. Fa a ntse a tswelela a leka go dira gore o se reke, o nna o gana le go feta. Tota le fa o tlhoka selo se a se rekisang, gongwe ga o rate tsela e a lekang go go se rekisetsa ka yone. O batla go kgaogana le ene.

Go ka direga sengwe se se tshwanang fa o leka go pateletsa melao ya gago, dilo tse o di dumelang le mekgele ya gago mo ngwaneng wa gago. A o tla e amogela? Go ka se direge! Tota e bile, tsela e o dirang dilo ka yone e ka dira gore go nne le diphelelo tse o sa di lebelelang, ga dira gore ngwana wa gago a tlhoe melao ya gago. Gantsi fa batsadi ba leka go laola bana ka mo go feletseng, bana ba tsouloga. Gone mme, o ka dira eng?

Go na le gore o leke go laola botshelo jwa ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome ka mo go feletseng, o mo pateletsa go tshela ka melao ya gago jaaka o ka tswa o ne o dira fa a ne a le monnye, mo thuse go bona kafa go leng botlhale ka teng go dira se se siameng. Ka sekai, fa e le gore o Mokeresete, mmontshe kafa go tshela ka melaometheo ya Modimo go tla mo tlisetsang kgotsofalo e e kgolwane ka teng mo botshelong jwa gagwe jotlhe.—Isaia 48:17, 18.

Fa o ntse o dira jalo, mo tlhomele sekao. Nna mofuta wa motho yo o batlang gore ngwana wa gago a nne ene. (1 Bakorintha 11:1) Dira gore ngwana wa gago a tlhaloganye sentle gore o tlhopha go tshela ka melao efe. (Diane 4:11) Fa ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome a simolola go rata Modimo le melao ya gagwe, o tla dira ditshwetso tse di siameng, tota le fa o seyo.—Pesalema 119:97; Bafilipi 2:12.

Mo Rute go Nna le Bokgoni Jo bo Ka mo Thusang

Jaaka go bontshitswe mo tsebe 2 ya makasine ono, go tla tla letsatsi—gongwe go ya ka wena le tla tla ka bonako thata—fa ngwana wa gago yo o godileng a “tla tlogelang rraagwe le mmaagwe” ka lone. (Genesise 2:24) Jaaka motsadi, o batla go tlhomamisa gore ngwana wa gago o na le bokgoni jo a bo tlhokang gore a nne mogolo yo o kgonang go itirela dilo. Ela tlhoko bokgoni bongwe jo o ka mo thusang gore a nne le jone gone jaanong fa a sa ntse a le mo gae.

Go Kgona go Dira Ditiro Tsa mo Gae. A ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome o kgona go apaya dijo? go tlhatswa le go aena diaparo tsa gagwe? go boloka phaposi ya gagwe e le phepa e bile e le bothakga? go baakanya dilo tse di rileng mo koloing? Go kgona go dira dilo tse di ntseng jalo go tla thusa morwao kgotsa morwadio gore a kgone go tlhokomela legae ka letsatsi lengwe. Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “Ke ithutile go ritibala, mo maemong le fa e le afe a ke leng mo go one.”—Bafilipi 4:11.

Go Kgona go Dirisana le Batho ba Bangwe. (Jakobe 3:17) Ngwana wa gago o dirisana sentle go le kana kang le batho ba bangwe? A o kgona go rarabolola dikgotlhang kwantle ga go ngangisana? A o mo rutile go tlotla batho ba bangwe le go rarabolola dikgotlhang ka kagiso? (Baefeso 4:29, 31, 32) Baebele ya re: “Tlotlang batho ba mefuta yotlhe.”—1 Petere 2:17.

Go Laola Madi. (Luke 14:28) A o ka kgona go thusa ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome gore a ithute tiro nngwe ya diatla, a se ka a feta tekanyetso ya madi le go tila sekoloto? A o mo rutile go boloka madi le go tila go reka dilo a sa akanye le go kgotsofalela dilo tse di botlhokwa? (Diane 22:7) Paulo o ne a kwala jaana: “E re ka re na le dijo le se re ipipang ka sone, re tla kgotsofalela dilo tseno.”—1 Timotheo 6:8.

Basha ba dingwaga tsa bolesome ba ba ithutang go tshela ka melao e e siameng le ba ba ileng ba ithuta go nna le bokgoni jo bo rileng ruri ba siametse go nna bagolo. Batsadi ba bone ba fitlheletse boikaelelo jwa bone!—Diane 23:24.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona Tora ya Tebelo ya February 1, 2011, tsebe 18-19.

A O KILE WA IPOTSA GORE . . . 

● Boikaelelo jwa gago ke eng jaaka motsadi?—Bahebera 5:14.

● Boikarabelo jwa ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome e tla nna eng fa a nna mogolo?—Joshua 24:15.

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

O ne o ka rata gore ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome e nne motho yo o ntseng jang?

A tshwane le wena . . . 

Setsuolodi . . . 

Mogolo yo o nang le maikarabelo