Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Bana ba ba tsenang sekolo ba ba ka nnang diperesente di le 17 ba ba nang le dingwaga di le 10 go ya go di le 13 kwa Brazil ba amega mo kgannyeng ya go kgerisa—e ka tswa ba kgerisiwa kgotsa e le bone ba kgerisang ba bangwe.—O ESTADO DE SÃO PAULO, BRAZIL.

Go lemogilwe gore gone jaanong bana ba ba kafa tlase ga dingwaga di le 12 ba simolola go nna le bothata jwa kgatelelo e e kwa godimo ya madi, kholeseterole e e kwa godimo, matlapana a a golang mo diphilong le bothata jwa sebete. Lebaka le legolo le le bakang seno ke eng? Go tshela botshelo jwa go sa dire sepe, go ja dijo tse dintsi tse di se nang dikotla le bokima jo bo feteletseng.—ABC, SPAIN.

Go ya ka diphopholetso tse di dirilweng ke puso, tlhwatlhwa ya go godisa ngwana yo o tshotsweng ka 2008 go fitlha a nna dingwaga di le 18 mo lelapeng le le nang le lotseno lo lo fa gare kwa United States ke “mo e ka nnang R1 466 500, (fa madi ao a tlhatlhobiwa go tsamaisana le go tlhatloga ga ditlhwatlhwa ke R1 933 100).”—UNITED STATES DEPARTMENT OF AGRICULTURE, U.S.A.

Go Lebala Gore go Tshamekiwa Jang

Go ya ka patlisiso nngwe ya bosheng, nngwetlhanong ya batsadi kwa Boritane ba bolela gore ba lebetse “kafa ba tshwanetseng go tshameka le bana ba bone ka teng.” Nngwetharong ya bone e bolela gore go tshameka go ba lapisa pelo mme ba bangwe bone ga ba na nako kgotsa ga ba itse ditsela tsa go tshameka. Porofesa Tanya Byron, yo e leng moithutatlhaloganyo o bolela jaana malebana le seno: “Go na le dilo di le nnè tse di botlhokwa tse di ka dirwang gore batsadi ba atlege ka nako ya fa ba tshameka le bana ba bone: bana ba ithute dilo tse disha, ba itirele dilo, ba ithute kafa ba ka itshwarang ka teng le go buisana le batho ba bangwe.” Le fa motsadi a le 1 mo go ba le 3 a tlhopha go tshameka metshameko ya bidio le bana gagwe, bontsi jwa basha ba rata go tshameka metshameko eno ba le nosi. Dingwe tsa dilo tse bana ba dingwaga di le 5 go ya go di le 15 ba batlang go di dira le batsadi ba bone ke go tshameka metshameko e e tshamekelwang kwa ntle le e e tshamekelwang mo tafoleng.

Ditlhamane Tsa Nako ya go Robala

Tirelo nngwe ya Internet e bolela gore e tla thusa borre ba ba tshwaregileng thata go balela bana ba bone ditlhamane tsa nako ya go robala. Lokwalodikgang lwa Daily Telegraph, lwa kwa Sydney, lo tlhalosa jaana: “Thulaganyo eno ya Internet ya maemo a a kwa godimo e rekota mantswe a borre ba bala tlhamane nngwe ya nako ya go robala, e bo e tsenya mmino le medumo e mengwe mme e bo e romela faele eno ya tlhamane ka e-mail kwa ngwaneng.” Le fa go ntse jalo, baitse ba dikamano tsa batho ba belaela seno. Dr. Richard Fletcher wa thulaganyo ya dipatlisiso tsa malapa wa kwa Newcastle University, kwa Australia, a re: “Go balela ngwana tlhamane ka nako ya fa a robala go akaretsa go aga kamano ya gagwe le ene.” Go akaretsa gore borre ba fetse nako le bana ba bone, ba ba tlamparele le go tshega le bone. Fletcher a re, ga go na e-mail epe e e ka dirang gore go nne le melemo e e tshwanang le ya go nna fa fatshe ka tsela ya mmatota le go balela ngwana wa gago.