Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa ba Ntse ba Gola

Fa ba Ntse ba Gola

Fa ba Ntse ba Gola

“Bobedi jwa rona re ne ra itumelela Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Bibela fa re ne re le bana. Gone jaanong re na le mosimanyana wa dikgwedi di le 16, e bong Joshua. Buka eno ke sedirisiwa se se molemo sa go mo ruta. Tota le fa a sa ntse a le monnye, Joshua o itse bobotlana maina a batho ba le 35 ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ba mo bukeng eno. Maina ano ke karolo ya mafoko a a ithutang.”—Timothy le Ann.

“Morwaake yo o mmotlana o rata go lebelela buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo mme o setse a itse bontsi jwa ditshwantsho tsa yone. E nthusitse go buisana le ene malebana le kafa a ka fenyang mathata kwa sekolong le kwa mafelong a mangwe ka gone. E gaisa sepe fela se ke neng ke ka se batla!”—Jennifer.

“Buka ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 2, e bua ka karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa mosha. Ke na le dingwaga di le 19. Buka eno e nthusitse go ipeela mekgele, go dira ditshwetso tse di siameng malebana le go intsha le mongwe le go tokafatsa kamano ya me le Modimo. Nka kgothaletsa mongwe le mongwe gore a bale buka eno, e ka tswa e le mosha kgotsa mogolo.”—Courtney.

Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Bibela

Ithute mo Morutising yo Mogolo

Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 2

□ Kwantle ga go ipofa tsweetswee ke kopa gore lo nthomelele khopi ya buka (dibuka tse di tlhophilweng fano). O ka romela setlankana seno o dirisa aterese e e tshwanelang e e mo tsebe 5 ya makasine ono.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.