Se Batsadi ba se Bolelang
Se Batsadi ba se Bolelang
Fa bana ba gago ba ntse ba gola, o ka ba thusa jang go itse botlhokwa jwa go reetsa? O ka dira jang gore ba nne le bokgoni jo bo ka ba thusang fa ba ntse ba gola go nna bagolo? Ela tlhoko se batsadi bangwe go ralala lefatshe ba ileng ba se bolela.
BOKGONI JWA GO DIRISANA LE BA BANGWE LE DITIRO TSA MO GAE
“Fa re ja mmogo le go tlotla ka se se diragetseng mo letsatsing la rona, ngwana mongwe le mongwe o ithuta go reetsa. Fa ba bona Mama le Papa ba reetsa ka bopelotelele, seo se dira gore ba tlotlane le go itlotla.”—Richard, Boritane.
“Go a itumedisa go bona kafa bana ba rona ba tlotlanang ka teng le go bona ba rarabolola dikgotlhang tsa bone kwantle ga gore re ba thuse. Gape ba tlotla ba gololesegile le batho ba ba godileng.”—John, Afrika Borwa.
“Ga ke a itekanela mme ka dinako tse dingwe ke utlwisa bana ba me botlhoko ke sa ikaelela. Fa seo se direga, go botlhokwa thata gore ke kope maitshwarelo ka ntlha ya phoso e ke e dirileng.”—Janelle, Australia.
“Re thapisa bana ba rona gore ba dire ditiro tse di tlhokegang mo ntlong. Go ba ruta go dira ditiro tse solegelang batho ba bangwe ba molemo go dira gore go nne le kagiso mo lelapeng le gore dilo di tsamaye ka thelelo mme seo se dira gore bana ba rona ba ikutlwe ba fitlheletse sengwe.”—Clive, Australia.
“Ga go motlhofo mme go botlhokwa go ruta bana gore ba tlhaloganyane, ba tlotlane le go itshwarelana.”—Yuko, Japane.
BOPHEPA LE BOTSOGO
“Fa bana ba rona ba ne ba le bannye, re ne ra ba ruta go itlhapisa le go dira gore ba go itumelele ka go dirisa sesepa se se bopegileng jaaka setshwantsho sengwe se se rileng, di-shampoo tse di nang le ditshwantsho tsa metlae ya bana le dipontšhe tse e keteng ke diphologolonyana.”—Edgar, Mexico.
“Fa re ne re nna kwa go neng go se na metsi a tepe gone, ka metlha ke ne ke tlhomamisa gore go na le sesepa le metsi mo kgamelong mo lefelong le le fa gaufi gore re tlhape matsogo fa re tsena mo ntlong.”—Endurance, Nigeria.
“Re naya bana ba rona dijo tse di nang le dikotla letsatsi le letsatsi mme re ba tlhalosetsa gore ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go ja sentle. Bana ba batla go itse dilo tse di farologaneng tse re di tsenyang mo dijong, ka jalo ke dira gore ba nthuse go apaya dijo. Nako e re e fetsang mmogo re dira jalo gape e dira gore re buisane.”—Sandra, Boritane.
“Go itshidila mmele go botlhokwa mme rona batsadi re leka go tlhoma sekao se se molemo. Bana ba rona ba rata fa re taboga, re tshameka tenese, baseketebolo kgotsa re palama dibaesekele mmogo re le lelapa. Ba ithuta gore go itshidila mmele ga go botlhokwa fela mme gape go monate.”—Keren, Australia.
“Bana ba tlhoka thata go fetsa nako le batsadi ba bone. Ga go na sepe se sengwe se se tla emisetsang seo—e ka se nne madi, dimpho kgotsa go tsaya maeto. Ke bereka mo mosong fela fa bana ba ile sekolong. Go tswa foo, ke kgona go dirisa nako ya thapama go e fetsa ke na le bone.”—Romina, Italy.
KOTLHAO
“Re lemogile gore ga go na mofuta o o rileng wa kotlhao o o gaisang e mengwe; go ikaegile ka maemo. Ka dinako tse dingwe kotlhao e akaretsa go bua le ngwana go tswa pelong e bile o tiisitse mme ka dinako tse dingwe e akaretsa go mo tseela dilo dingwe tse a di ratang.”—Ogbiti, Nigeria.
“Re dira gore bana ba rona ba boeletse dilo tse re di ba laetseng e le gore re tlhomamise gore ba a di tlhaloganya. Go tswa foo, re dira jaaka re buile. Fa re batla gore bana ba rona ba dire se re ba laetseng go se dira, re tshwanetse go dira karolo ya rona ka go diragatsa ditlamorago tsa gone fa e le gore ga ba a ka ba reetsa.”—Clive, Australia.
“Ke fitlhetse go thusa gore ke khubame fa ke kgalemela bongwanake gore ke nne mo ba ka kgonang go nteba mo matlhong gone. Seno se thusa gore ba tlhome mogopolo mo go nna. Gape go dira gore ba tlhome mogopolo mo tebegong ya sefatlhego sa me, e e tlhalosang go le gontsi fela jaaka mafoko a me.”—Jennifer, Australia.
“Re leka gore re se ka ra raya bana ba rona re re, ‘Ga o nke o reetsa,’ tota le fa seo se lebega se le boammaaruri. Gape ga re kgalemele bana ba rona fa pele ga bana ba bangwe. Bogolo re ka buela kwa tlase le bone kgotsa ra ba tseela kwa thoko gore re bue le bone re le rosi.”—Rudi, Mozambique.
“Bana ba tlhotlheletsega motlhofo e bile ba rata go etsa batho ba bangwe. Ka ntlha ya seo, re tshwanetse go nna tlhotlheletso e e siameng ka go ba tlhomela sekao se se molemo gore ba se ka ba tlhotlhelediwa ke mekgwa e e sa siamang ya bana ba ba tsenang sekolo le bone, metswedi ya tshedimosetso le tikologo e ba nnang mo go yone mme re thusa bana ba rona gore ba nne le mekgwa e mentle e e theilweng mo melaometheong e e siameng. Go nna le mekgwa e mentle e e theilweng mo melaometheong e e siameng go ba thusa gore ba gane go dira sepe fela se se kotsi.”—Grégoire, Democratic Republic of the Congo.
“Fa o otlhaya bana, o tshwanetse go nitama, o nne tekatekano e bile o tlhomame. Bana ba tshwanetse go tlhaloganya ditlamorago tsa go dira selo se se phoso e bile ba tshwanetse go itse gore fa ba sa reetse o tlile go ba otlhaya fela jaaka o buile.”—Owen, Engelane.
[Mafoko a a mo go tsebe 14]
“Lo se ka lwa galefisa bana ba lona, gore ba se ka ba tshwenyega mo maikutlong.”—Bakolosa 3:21
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 15]
DINTLHA KA LELAPA
Go Atlega go Godisa Bana o le Nosi
Potsolotso le Lucinda Forster
Ke eng se e leng kgwetlho thata mo go wena jaaka motsadi yo o nosi?
Go nna motsadi ka bogone fela go thata mme e re ka ke le motsadi yo o se nang molekane, ke go fitlhela e le kgwetlho thata go kgona go dirisa nako le maatla a me sentle. Go tsaya nako go ruta bana melaometheo le mekgwa e mentle mme o bo o sa ntse o kgona go nna le nako ya go iketla le go tshega le bone. Ka dinako tse dingwe ke tshwanelwa ke go dirisa nako e ke ka bong ke iketlile ka yone gore ke dire ditiro tsa mo ntlong.
O dira jang gore o nne o na le puisano e e molemo le bomorwadio?
Fa batsadi ba sena go tlhalana, bana ba ka galefa le go ikutlwa ba sa sireletsega. Ke lemogile gore fa go nna le mathata, go botlhokwa go ba leba mo matlhong le go bua le bone ka lentswe le le ritibetseng. Ke emela gore re ritibale go tswa foo, ke leka go tlhalosa se ke tshwenyegileng ka sone kwantle ga go dira gore bothata bo nne bogolo go sa tlhokege. Ke ba kopa gore ba mpolelele gore ba akanya eng, ke ba reetsa ka kelotlhoko le go ba bontsha gore tota ke tsaya maikutlo a bone a le botlhokwa. Ke kgatlhegela dilo tsa bone tsa sekolo le go ba akgolela se ba se dirang. Ka metlha re ja dijo mmogo mo tafoleng mo lefelong le le ritibetseng le le le lapolosang. Gape ke nna ke ba bolelela kafa ke ba ratang ka teng.
O ba otlhaya jang?
Bana ba tlhoka gore o ba tlhalosetse melao sentle mme go botlhokwa gore e se ka ya fetofetoga. Ke leka go nna pelonomi mme gone ke nitame. Ke tshwanetse go bontsha bana ba me mabaka le go ba tlhalosetsa gore ke ka ntlha yang fa boitshwaro jo bo rileng bo le phoso. Gape ke ba botsa dipotso tse dintsi malebana le gore ba akanya eng le gore ba ikutlwa jang pele ga ke ba otlhaya go bona gore ke ka ntlha yang fa ba ile ba itshwara jalo. Fa e le gore ke nna ke leng phoso—ka sekai, ke sa tlhaloganya boemo joo sentle—ke kopa maitshwarelo.
O ruta bana ba gago jang gore ba tlotle batho ba bangwe?
Ke ba gopotsa se Jesu a ileng a se ruta—go tshwara batho ba bangwe ka tsela e o batlang gore ba go tshware ka yone. (Luke 6:31) Ke kgothaletsa basetsana ba me gore ba rarabolole dikgotlhang tse ba nnang le tsone gareng ga bone ka mo go ka kgonegang ka gone mme ke ba ruta botlhokwa jwa go araba ka tsela e e bonolo le e e pelonomi fa ba kgopisegile.
Lo dira eng go itapolosa?
Ga se ka metlha re kgonang go ya malatsing a boikhutso go sele, ka jalo re leba dilo tse di sa jeng madi a mantsi tse re ka di dirang mo makwalodikgannyeng. Re ya dipikinikeng kgotsa re ya kwa mafelong a go rekisiwang dijalo kwa go one go ya go bona kafa dijalo di golang ka gone. Re jala ditlhatshana tse di natefisang dijo mo tshingwaneng ya rona mme re itumelela go itlhophela tse re ka di dirisang fa re apaya. Go itlosa bodutu go botlhokwa, tota le fa e ka nna go fetsa nako kwa parakeng e e mo lefelong la rona.
O nnile le boitumelo le masego afe?
Go nna mo lelapeng la motsadi yo o nosi go ile ga nna boima mo go rona mme re ile ra atamalana e bile re ithutile go anaanela dilo tse di molemo tse re nang le tsone. Ke itumelela go bona kafa botho jwa ngwana mongwe le mongwe bo golang ka gone. Mo dingwageng tse ba leng mo go tsone, ba batla go fetsa nako le nna mme ke itumelela go fetsa nako ke na le bone. Ba kgona go lemoga fa ke itumetse le fa ke hutsafetse mme ka dinako tse dingwe ba a ntlamparela go nkgomotsa. Tsela e ba mpontshang lorato ka yone e dira gore ke itumele fela thata. Sa botlhokwa le go feta, re bone lorato lwa Mmopi yo o lorato yo o re thusitseng mo maemong a a thata a mantsi a re ileng ra lebana le one. Baebele e nneile nonofo ya go tswelela ke leka go nna motsadi yo o molemo.—Isaia 41:13.
[Setshwantsho]
Lucinda le bomorwadie e bong Brie le Shae