Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se Batsadi ba se Bolelang

Se Batsadi ba se Bolelang

Se Batsadi ba se Bolelang

Dingwaga tsa bolesome di tlisetsa batsadi ba le bantsi dikgwetlho tse dintsi tse disha. O ka thusa jang ngwana wa gago gore a atlege mo kgatong eno ya botshelo—e e ka tswang e mo tlhakanya tlhogo fela jaaka le wena e go tlhakanya tlhogo? Ela tlhoko se batsadi bangwe go ralala lefatshe ba ileng ba se bolela.

DIPHETOGO

“Fa morwaake a ne a le monnye, o ne a reetsa kgakololo ya me kwantle ga go belaela. Mme fa a ne a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bolesome, go ne go lebega a sa tlhole a tshepa taelo ya me jaaka pele. O ne a belaela se ke se buang le tsela e ke neng ke se bua ka yone.”—Frank, Canada.

“Morwaake ga a tlhole a bua thata jaaka pele. Ke tshwanetse go mmotsa gore o akanya eng go na le gore ke lebelele gore a mpolelele. Go dira gore a arabe potso e e rileng ga go motlhofo. O tla nkaraba—mme e seng ka bonako.”—Francis, Australia.

“Go botlhokwa go nna pelotelele. Ka dinako tse dingwe re batla go omanya bana ba rona mme go diga makgwafo le go buisana le bone gantsi ke yone tharabololo e e botoka!”—Felicia, United States.

PUISANO

“Ka dinako tse dingwe morwadiake yo o mo dingwageng tsa bosha o nna a ipaakanyeditse go iphemela mme ka dinako tse dingwe o akanya gore ke rata go mo tshwaya diphoso go sa tlhokege. Ke tshwanetse go nna ke mo gakolola gore ke a mo rata le gore ke batla gore a atlege!”—Lisa, United States.

“Fa bana ba me ba ne ba sa ntse ba le bannye, ba ne ba mpulela mafatlha motlhofo. Go ne go le motlhofo gore ke itse se ba se akanyang. Gone jaanong ke tshwanetse go leka go ba tlhaloganya le go ba bontsha gore ke tlotla mongwe le mongwe wa bone. Ke yone fela tsela e ka yone ba ka mpolelelang se ba se akanyang le kafa ba ikutlwang ka teng.”—Nan-hi, Korea.

“Ga go a lekana go iletsa basha ba dingwaga tsa bolesome go dira dilo tse di rileng. Re tshwanetse gore re ba beele mabaka le go nna le motlotlo o o utlwalang le o o fitlhelelang dipelo tsa bone. Fa re batla gore ba re bolelele se tota ba se akanyang, re tshwanetse go iketleeletsa go utlwa se ba batlang go se bua, tota le fa seo se akaretsa le dilo tse re neng re ka se batle go di utlwa.”—Dalila, Brazil.

“Fa ke tlhoka go kgalemela morwadiake, ke leka go dira jalo re le nosi go na le go mo kgalemela mo gare ga batho ba bangwe.”—Edna, Nigeria.

“Ka dinako tse dingwe fa ke bua le morwaake, ke simolola go itewa tsebe ke ditiro tse dingwe mo ntlong mme ke bo ke sa mo reetse ka kelotlhoko. O lemoga seo mme ke akanya gore ke lengwe la mabaka a a dirang gore a se ka a bua thata le nna. Ke tshwanetse go leka go mo reetsa thata fa re bua gore a tle a kgone go bua le nna a gololesegile.”—Miriam, Mexico.

KGOLOLESEGO

“Ka metlha ke ne ke tshaba go naya bana ba me ba dingwaga tsa bosha kgololesego mme ruri seo ke sone se se ileng sa baka dikgotlhang dingwe. Ke ne ka tlotla le bone ka kgang eno ke gololesegile. Ke ne ka ba tlhalosetsa lebaka la go bo ke tshaba mme morago ga foo ba ne ba ntlhalosetsa gore ke ka ntlha yang fa ba batla kgololesego e e oketsegileng. Re ne ra dumalana ka gore ba tla nna le kgololesego e e oketsegileng e e sa feteng melelwane e ke ba beetseng yone.”—Edwin, Ghana.

“Morwaake o ne a batla sekuta. Ke ne ke le kgatlhanong le kgopolo eo fela thata mo e leng gore ke ne ka iphitlhela ke mo omanya le go mmontsha mabaka a go bo go sa siama go se reka, ke sa mo letle gore a tlhalose mabaka a gagwe. Seo se ile sa mo galefisa mme sa dira gore a ikemisetse le go feta go se batla! Ke ne ka swetsa ka gore ke leke go bua le ene ka tsela e nngwe. Ke ne ka kgothaletsa morwaake gore a dire dipatlisiso ka kgang eo le go akanyetsa dilo tse di farologaneng, go akaretsa dikotsi tsa gone, ditshenyegelo le dilo tsotlhe tse di tlhokegang gore a bone lekwalo la go kgweetsa le go tswelela a na le lone. Gape ke ne ka mmolelela gore a batle kgakololo mo Bakereseteng ba ba godileng semoyeng mo phuthegong. Ke ne ka lemoga gore go na le gore ke mo gatelele, go botoka gore ke mo kgothaletse gore a bue ka kgololesego ka dilo tse a di batlang. Ka tsela eo ke ne ka kgona go fitlhelela pelo ya gagwe.”—Hye-young, Korea.

“Re tlhoma melelwane mme gape re naya bana ba rona kgololesego ka bonya ka bonya. Fa bana ba rona ba dirisa kgololesego e re ba e nayang sentle, re ba naya kgololesego e e oketsegileng. Re ne ra ba naya ditshono tsa gore ba kgone go nna le kgololesego, re ba bontsha gore re batla gore ba nne le yone; mme re ne re tla ba otlhaya fa ba ne ba sa dire se re se lebeletseng mo go bone.”—Dorothée, Fora.

“Le ka motlha ke ne ke sa ise melao e ke e beileng kwa tlase. Mme fa bana ba me ba ne ba le kutlo, ke ne ke ikemisetsa go dira diphetogo. Ka sekai, gangwe le gape ke ne ke a tle ke ba neye tetla ya go fitlha mo gae moragonyana ga nako e ke ba e beetseng. Mme fa ba ne ba ka se fitlhe ka nako e ke ba e beetseng ka makgetlhonyana, ke ne ke ba otlhaya.”—Il-hyun, Korea.

“Fa mothapiwa a nna kutlo e bile a bontsha gore o na le maikarabelo, mothapi wa gagwe o tla mo akanyetsa le go feta. Ka tsela e e tshwanang, morwaake o kgona go bona gore fa a le kutlo mme a bontsha gore o na le maikarabelo e bile a sa fete melelwane e re mo e beetseng, kgabagare o tla nna le kgololesego e e oketsegileng. Morwaake o itse gore fela jaaka mothapiwa a otlhaiwa fa a sa diragatse maikarabelo a gagwe, le ene a ka latlhegelwa ke kgololesego e a ileng a e fiwa fa a sa e dirise sentle.”—Ramón, Mexico.

[Mafoko a a mo go tsebe 22]

“Ruta bana tsela e ba tshwanetseng go tshela ka yone, mme ba ka se e lebale mo botshelong jotlhe jwa bone.”—Diane 22:6, Good News Translation

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 23]

DINTLHA KA LELAPA

“Go Godisa Bana ba Dingwaga Tsa Bolesome ke Selo se se Itumedisang”

Joseph: Bomorwadiake ba ntlha ba babedi ba mo dingwageng tsa bosha mme ke lemogile gore go botlhokwa gore ke reetse le go amogela tsela e ba lebang dilo ka yone. Go sa fitlhe makoa a me—le go bontsha bomorwadiake tlotlo fa ke bua le bone—go thusa gore ba nne ba buisana le nna ka kgololesego. Ka kakaretso, ke akanya gore go godisa bana ba dingwaga tsa bolesome ke selo se se itumedisang mme re kgonne seo ka ntlha ya kaelo e re e bonang mo Lefokong la Modimo, e leng Baebele.

Lisa: Ke lemogile gore fa morwadiarona yo mogolo a ne a tsena mo dingwageng tsa bosha, ke ne ke tlhoka go tlhoma mogopolo mo go ene le go feta. Ke gakologelwa ke fetsa nako e ntsi ke mo reeditse, ke bua le ene le go mo kgothatsa. Nna le monna wa me re dira gore bomorwadiarona ba itse gore ba ka kgona go bua sengwe le sengwe le rona le gore re tla tlotla maikutlo a bone. Ke leka go dirisa mafoko a a botlhale a a mo go Jakobe 1:19, a a re bolelelang go re nne “bonako go utlwa, bonya go bua.”

Victoria: Mmè ke tsala ya me e kgolo. Ga ke ise ke ko ke kopane le ope yo o lorato e bile a amega jaana ka batho ba bangwe jaaka ene—mme o ntse jalo mo bathong botlhe. Ga ke kgone go akanya ka tsela e nngwe ya go mo tlhalosa fa e se go bolela gore ke motho yo o amegang ka tsela ya mmatota ka batho ba bangwe. Ga go na ope yo o ka tsayang boemo jwa gagwe.

Olivia: Rre o amega ka batho ba bangwe e bile o pelotshweu. Ka metlha o iketleeditse go thusa batho ba bangwe le fa rona re se na go le gontsi. O itse go tsaya dilo masisi mme gape o itse go ijesa monate tota. Ke rre yo o kgethegileng mme ke itumela go bo e le wa me!

“Ga re Na Nako ya go Lapisega Pelo!”

Sonny: Fa basetsana ba na le bothata, re nna fa fatshe re bo re tlotla ka bone re le lelapa. Ka metlha re bua boammaaruri malebana le kafa re ikutlwang ka teng mme re dirisa melaometheo ya Baebele go dira ditshwetso tsa rona. Gape nna le Ynez re leka go tlhomamisa gore basetsana ba nna le ditsala tse di molemo le tse di godileng semoyeng. Ditsala tsa rona ke ditsala tsa bone mme ditsala tsa bone ke ditsala tsa rona.

Ynez: Re nna re na le dilo tse re di dirang e bile re dira dilo mmogo re le lelapa. E re ka re le Basupi ba ga Jehofa, re nna re tshwaregile mo bodireding, re ithuta Baebele mongwe le mongwe a le nosi kgotsa re le lelapa e bile re dira tiro ya boithaopo—go akaretsa tiro ya namolo le ya go aga Diholo Tsa Bogosi. Le fa re dira ditiro tseno, re nna le boitapoloso jo bo siameng. Ga re na nako ya go lapisega pelo!

Kellsie: Rre ke moreetsi yo o molemo mme ka metlha o buisana le lelapa lotlhe pele ga a dira tshwetso e kgolo. Mmè ka metlha o a ntheetsa fa ke tlhoka thuso—kgotsa fa ke batla fela go bua.

Samantha: Mmè o dira gore ke ikutlwe ke le botlhokwa thata e bile ke ratiwa thata—tota le fa a sa lemoge seo. O a reetsa. O a amega. Nka se ananye botsala jwa rona ka sepe.

[Ditshwantsho]

Lelapa loorra Camera: Joseph, Lisa, Victoria, Olivia le Isabella

Lelapa loora Zapata: Kellsie, Ynez, Sonny le Samantha

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Batsadi ba ka naya bana ba bone kgololesego e e rileng mme gape ba ka tlhoma melelwane e e tekatekano