John Foxe le Dinako Tsa Gagwe Tsa Ditlhobaelo
John Foxe le Dinako Tsa Gagwe Tsa Ditlhobaelo
BATHO ba ithuta sengwe mo diphosong tse ba di dirileng mo nakong e e fetileng? Akanya ka potso eo fa o ntse o sekaseka botshelo jwa ga John Foxe, monna wa Moesemane yo o neng a kwala buka, a solofetse gore babadi ba gagwe ba ka se dumalane le bosetlhogo jo bo feteletseng jo bo neng bo tletse ka nako ya gagwe.
Eleruri dipego tsa ga John Foxe, tse di kwadilweng ka nako ya Phetogo e Kgolo, di ile tsa nna le tlhotlheletso e kgolo mo bathong ba Engelane ka makgolokgolo a dingwaga. Buka ya gagwe e e nang le setlhogo se se reng Acts and Monuments of the Church, e ne ya tsaya dingwaga tse di fetang 25 gore e wediwe. Mme batho bangwe ba e tsaya e le buka ya bobedi go nna le tlhotlheletso mo puong le mo setsong sa Baesemane fa e bapisiwa le Baebele ya Seesemane.
Dingwaga Tse di Tlhobaetsang
John Foxe o ne a tsholelwa kwa Boston, Engelane, ka 1516 kgotsa ka 1517 mo e ka nnang nako e le nngwe e Martin Luther a neng a kokotela dilo di le 95 tse a sa dumalaneng le tsone mo lebating la kereke kwa Wittenberg, kwa Jeremane. Ka jalo, Foxe, yo o tshotsweng e le Mokatoliki wa Roma, o ne a simolola go itsege fa Balweladiphetogo ba ne ba le kgatlhanong le taolo le dithuto tsa Kereke ya Katoliki.
Foxe o ne a ikwadisa kwa Oxford University mme dithuto tsa gagwe di ne di akaretsa go ithuta Segerika le Sehebera mme seo se ne sa dira gore a kgone go bala Baebele ka dipuo tse e kwadilweng ka tsone kwa tshimologong. Go lebega go bala Baebele ga gagwe ka dipuo tsa ntlhantlha go dirile gore a simolole go se dumalane le ditumelo dingwe tsa Katoliki. Tota e bile, baithuti ba bangwe ba ne ba simolola go belaela gore o simolola go nna Moporotesetanta—pelaelo e e neng ya dira gore ba bolelele balaodi ba kholetšhe. Morago ga foo, Foxe o ne a simolola go elwa tlhoko thata.
Fa a sena go amogela dikirii (master’s degree) ka 1543, Foxe a ka bo a ile a tlhomiwa go nna moruti. Mme o ne a gana go tlhomiwa ka gonne o ne a sa dumalane le molao o o neng o tlhomilwe wa go sa tsene mo lenyalong. Kgato eno e ne ya dira gore dilo di senyegele pele. Ka go bo a ne a belaelwa gore ke mokgelogi—mo fa go neng go ka tlhomamisiwa gore go boammaaruri, go neng go ka kaya loso—o ne a tlogela yunibesithi ka 1545. E re ka a ne a tlogetse tshono ya go bona thuto ya maemo a a kwa godimo, Foxe o ne a nna morutisi wa lelapa lengwe gaufi le Stratford-upon-Avon, Warwickshire, kwa a neng a nyala mosadi mongwe yo o bidiwang Agnes Randall.
E re ka e ne e le moagi wa toropo e e gaufi ya Coventry, Agnes o ne a bolelela Foxe ka motlholagadi mongwe yo o bidiwang Smith yo o neng a ruta bana ba gagwe Melao e e Lesome le thapelo ya ga Jesu ya sekao, e gantsi e bidiwang Thapelo ya Morena. Go na le gore a rute bana ba gagwe ka puo ya Selatine, o ne a ba ruta ka Seesemane. Ka ntlha ya “tlolomolao” eno, o ne a fisiwa mo koteng mmogo le banna ba bangwe ba barataro ba ba neng ba atlhotswe ka tsela e e tshwanang. Ka go bo tshiamololo e kgolo eno e ne ya galefisa batho, bishopo wa lefelo leo o ne a anamisa lefoko la gore batho bao ba ile ba fisiwa ka ntlha ya “tlolomolao e kgolo” ya go ja nama ka Bolabotlhano le ka malatsi a mangwe a go itima dijo.
Baswelatumelo ba ile ba itse jang dikarolo dingwe tsa Baebele ka Seesemane? Dingwaga di ka nna 150 pelenyana ga foo, le fa kereke e ne e le kgatlhanong * Bareri bano ba ne ba tsamaya ba tshotse dikarolo dingwe tse di kwadilweng ka seatla tsa Dikwalo tse ba neng ba di balela batho. Ka ntlha ya seo, Palamente e ne ya leka go thibela tiro eo. Ka 1401, e ne ya tlhoma molao o o neng o naya bobishopo tetla ya go tsenya bakgelogi mo kgolegelong, go ba tlhokofatsa le go ba fisa mo koteng.
le seo, Baebele e ne ya ranolwa go tswa mo puong ya Selatine go ya mo puong ya Seesemane ke John Wycliffe, yo gape a neng a thapisa bareri ba ba etang ba ba itsegeng e le Ba-Lollard.E re ka Foxe a ne a tshaba go tshwarwa, o ne a fudugela kwa Lontone le lelapa la gagwe, kwa moragonyana a neng a emela se Baporotesetanta ba neng ba se dumela. Fa a le koo, o ne a ranolela dipampitshana tsa Balweladiphetogo ba Bajeremane mo Seesemaneng mme a ranola dipampitshana tse dingwe tse di kwadilweng ka Selatine. Gape o ne a ikwalela dipampitshana dingwe.
Gape Foxe o ne a simolola go kgobokanya pego ya hisitori ya Ba-Lollard ba kwa Engelane mme a e wetsa ka 1554. Tiro ya gagwe e ne ya gatisiwa kwa Strasbourg, e gompieno e leng toropo ya kwa Fora mme ya nna bolumo e nnye ya Selatine ya ditsebe di le 212. Tota e bile, e ne e le bolumo ya ntlha ya Acts and Monuments of the Church. Dingwaga di le tlhano morago ga foo, o ne a oketsa bolumo eo gore e nne ya ditsebe tse dikgolo tse di fetang 750.
Letlhoo le le Feletseng ka Dipolao
Go ile ga bolawa banna, basadi le bana ba le diketekete ka nako ya Phetogo e Kgolo kwa Yuropa. Ka 1553, kwa Engelane, Mokatoliki yo o ineetseng yo o neng a itsiwe ka leina Bloody Mary (Mary yo o ratang tshololo ya madi) o ne a tlhomiwa go nna kgosigadi. E re ka Palamente ya Engelane e ne e sentse dikamano tsotlhe tsa yone le Roma ka 1534, Mary o ne a ikemiseditse go dira gore Engelane e laolwe gape ke bomopapa. Ka nako ya puso ya ga Mary ya dingwaga di le tlhano, banna le basadi ba ba ka nnang 300, go akaretsa le baeteledipele ba kereke ya Porotesetanta, ba ne ba fisiwa ka gonne ba ne ba latofadiwa ka gore ke bakgelogi. Ba bangwe ba le bantsi ba ne ba swela kwa kgolegelong.
Foxe o ne a falola motlha ono ka gonne o ne a ya kwa Basel, Switzerland, le lelapa la gagwe ka bonako fa Mary a sena go tlhomiwa go nna kgosigadi. Ka 1559, ngwaga morago ga gore kgaitsadie Mary wa *, o o neng wa dira gore e nne Molaodimogolo wa Kereke. Ka ntlha ya seo, ka 1570, Mopapa Pius V o ne a kgaola Elizabeth mo kerekeng. Go ise go ye kae, go ne ga senolwa maano a a neng a logiwa kwa dinageng tse dingwe kgatlhanong le Engelane, go akaretsa le maano a go bolaya kgosigadi eno ya Moporotesetanta. Ka ntlha ya seo, Bakatoliki ba le bantsi ba ne ba latofadiwa ka boepapuso mme Elizabeth a laela gore ba bolawe.
Moporotesetanta e bong, Elizabeth a tlhomiwe go nna kgosigadi, o ne a boela kwa Engelane mmogo le batshabi ba bangwe. Mo go one ngwaga oo, Elizabeth o ne a busetsa Molao wa BolaodiAbo dikereke tse di ipitsang gore ke tsa Bokeresete—Katoliki le Porotesetanta—di ne di katogetse kgakala jang ne le dithuto tsa ga Jesu Keresete! O ne a ruta jaana: “Tswelelang lo rate baba ba lona lo bo lo rapelele ba ba lo bogisang.” (Mathaio 5:44) E re ka Bakatoliki le Baporotesetanta ba ne ba itlhokomolosa taelo eno e e utlwalang sentle, ba ne ba tlisa kgobo e ntsi mo Bokereseteng—tiragalo e e ileng ya bolelelwa pele mo Baebeleng. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana ka ntlha ya batho ba ba itirang e kete ke Bakeresete: “Tsela ya boammaaruri e tla buiwa ka go kgojwa.”—2 Petere 2:1, 2.
Foxe o Wetsa Tiro ya Gagwe
Kwa Engelane, Foxe o ne a simolola go kwala kgatiso e kgolwane ya pego ya gagwe, e bangwe ba babadi ba buka ya gagwe ba ka tswang ba bone dilo tse a neng a di kwadile. Kgatiso ya gagwe ya ntlha ya Seesemane—e e nang le ditsebe tse di ka nna 1 800 le ditshwantsho tse di gatisitsweng ka logong di le mmalwa—e ne ya nna gone ka 1563 mme ka bonako fela ya nna buka e e rekwang thata.
Kgatiso ya bobedi e ne ya latela dingwaga di le supa moragonyana. Dibolumo tsa yone tse pedi, di ne di na le ditsebe tse di fetang 2 300 le ditshwantsho di le 153. Ngwaga o o latelang, Kereke ya Engelane e ne ya laela gore khopi ya buka ya ga Foxe e bewe mmogo le Baebele mo dikerekeng tsotlhe tse dikgolo tsa Engelane le mo magaeng a batlotlegi ba kereke gore batlhanka le baeng ba solegelwe molemo ke tsone. Dikereke tsa mo metseng le tsone di ne tsa dira fela jalo. Tota le batho ba ba sa itseng go bala ba ne ba solegelwa molemo ka ntlha ya ditshwantsho tse di neng di dira gore ba se ka ba lebala se ba se ithutileng.
Ka nako eno, Foxe e ne e le leloko la Ba-Puritan, e leng Baporotesetanta ba ba neng ba akanya gore go kgaogana fela le kereke ya Roma go ne go sa lekana. Ba ne ba ruta gore motlhalanyana ope fela wa Bokatoliki o tshwanetse go tlosiwa—se se gakgamatsang ke gore selo seo se ne sa baka dikgotlhang mo Kerekeng ya Porotesetanta kwa Engelane, e e neng e sa ntse e dirisa dingwao le dithuto di le dintsi tsa Katoliki.
E re ka tiro ya gagwe e ne e senola bosetlhogo jo bontsi jwa bodumedi jo bo neng jwa direga mo dinakong tsa gagwe tsa ditlhobaelo, John Foxe o ne a fetola tsela e batho ba neng ba leba bodumedi le dipolotiki ka yone kwa Engelane le mo makgolokgolong a dingwaga a a tlang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 9 Bona setlhogo se se reng, “The Lollards, Courageous Bible Preachers,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya August 1, 1980, ka Seesemane.
^ ser. 14 Buka ya The Leading Facts of English History, e e kwadilweng ke D. H. Montgomery, e bolela gore ka 1534, Palamente e ne ya tlhoma Molao wa Bolaodi, “o o neng o bolela gore Henry ke ene fela tlhogo ya Kereke mme a se ka a ganediwa ke ope, motho yo o mo ganetsang o ne a atlholwa ka boepapuso. Fa Kgosi e ne e saena molao oo, e ne ya fetola dilo tse di neng di tlwaetswe go dirwa ka dingwaga di le sekete mme ka bopelokgale Engelane e ne ya tlhoma Kereke ya Naga e e sa laolweng ke Mopapa.”
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 28]
BOOK OF MARTYRS YA GA FOXE
Fa Kereke ya Katoliki e ntse e tswelela go lwantsha Phetogo e Kgolo, batho ba ba kwalang lenaane la baswelatumelo kwa Yuropa, ba ba jaaka Jean Crespin, ba ne ba kgobokanya dintlha ka ga pogiso le boswelatumelo kwa dinageng tsa bone. * Ka ntlha ya seo, buka ya ga Foxe ya Acts and Monuments of the Church e ne ya bidiwa Book of Martyrs ya ga Foxe. Moragonyana fa dikgatiso tse di tokafaditsweng le tse di khutswafaditsweng di nna gone, go ne ga dirisiwa setlhogo seno go na le gore go dirisiwe setlhogo se se tlhophilweng ke Foxe.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 26 Bona setlhogo se se reng “Book of Martyrs ya ga Jean Crespin” mo kgatisong ya makasine ono wa March 2011.
[Motswedi wa Setshwantsho]
© Classic Vision/age fotostock
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
John Wycliffe o ne a roma bareri ba ba etang ba ba itsiweng e le Ba-Lollard
[Motswedi wa Setshwantsho]
From the book The Church of England: A History for the People, 1905, Vol. II
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]
From Foxe’s Book of Martyrs