Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Dirang ka Gone Gore Lenyalo le Atlege

Kafa o ka Dirang ka Gone Gore Lenyalo le Atlege

Baebele ya Reng . . . 

Kafa o ka Dirang ka Gone Gore Lenyalo le Atlege

“Yo o neng a ba bopa go tswa kwa tshimologong o ne a ba dira monna le mosadi a ba a re, ‘Ka lebaka leno monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe, mme bobedi jono bo tla nna nama e le nngwe’ . . . Jalo, se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.”—Jesu Keresete, jaaka go kwadilwe mo go Mathaio 19:4-6.

MO LEFATSHENG la rona le le nang le melao ya lone e e fetogang, lenyalo ga le tlhole le tsewa le le botlhokwa. Banyalani ba le bantsi ba nna mmogo go fitlha ba sa tlhole ba kgatlhwa ke ditebego tsa yo mongwe kgotsa fa mathata a nna teng—ka dinako tse dingwe e se mathata a a masisi—mme ba bo ba kgaogana kgotsa ba tlhalana. Ka maswabi, gantsi bana ba sala ba utlwile botlhoko.

Mo bathong ba ba ithutang Baebele, seemo seno ga se gakgamatse. Malebana le ‘metlha ya bofelo,’ e leng nako e re tshelang mo go yone, Baebele e ne ya bolelela pele gore batho ka kakaretso ba tla bo ba se na dinonofo tse di dirang gore malapa a nne a le mmogo—e leng, go ikanyega, lorato lwa mmatota le lorato lwa tlholego. (2 Timotheo 3:1-5) A go fela gono ga mekgwa e mentle le tsela e go amang malapa ka yone go a go tshwenya? A o tsaya lenyalo le le botlhokwa?

Fa e le gore go ntse jalo, o ka gomodiwa ke Baebele ka gonne kgakololo ya yone e e sa bolong go dirisiwa e tswelela go thusa banyalani ba le bantsi. Ka sekai, ela tlhoko melaometheo e le metlhano fela e e ka thusang fela thata mo lenyalong. *

Ditsela Tse Tlhano Tse di Dirang Gore Lenyalo le Atlege

(1) Tsaya lenyalo e le kgolagano e e boitshepo. Jaaka go bontshitswe mo mafokong a ga Jesu a a umakilweng ka fa molemeng, ene le Mmopi, e bong Jehofa Modimo, ba tsaya lenyalo e le kgolagano e e boitshepo. Seno se gatelelwa ke kgakololo e e nonofileng e Modimo a ileng a e naya banna bangwe ba bogologolo ba ba neng ba tlhala basadi ba bone gore ba nyale basadi ba babotlana. Modimo o ne a re: “Ga wa ka wa diragatsa tsholofetso e o e dirileng mo mosading yo o mo nyetseng fa lo ne lo le basha. E ne e le molekane wa gago, mme ga wa ka wa diragatsa tsholofetso ya gago mo go ene le fa o ile wa solofetsa fa pele ga Modimo gore o tla ikanyega mo go ene.” Go tswa foo, Jehofa o ne a bua mafoko ano a a maatla: “Ga ke rate fa mongwe wa lona a dira selo se se setlhogo jalo mo mosading wa gagwe.” (Malaki 2:14-16, Today’s English Version) Go bonala sentle gore Modimo o tsaya lenyalo le le botlhokwa; o ela tlhoko kafa monna le mosadi ba tshwaranang ka teng.

(2) Nna monna yo o nang le maikarabelo. Fa go tsoga dikgang dingwe tsa botlhokwa mo lelapeng, mongwe o tshwanetse go dira tshwetso ya makgaolakgang. Baebele e abetse monna boikarabelo joo. Baefeso 5:23 ya re: “Monna ke tlhogo ya mosadi wa gagwe.” Mme go nna tlhogo ga go reye gore monna o tshwanetse go gatelela mosadi wa gagwe. Monna o tshwanetse go gakologelwa gore ene le mosadi wa gagwe ke “nama e le nngwe” mme o tshwanetse go mo tlotla le go buisana le ene ka dikgang tsa lelapa. (1 Petere 3:7) Kgakololo ya Baebele ke gore, “banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone.”—Baefeso 5:28.

(3) Nna mosadi yo o emang monna wa gagwe nokeng. Baebele e tlhalosa mosadi e le “motlatsi” wa monna wa gagwe. (Genesise 2:18) Ka ntlha ya seo, mosadi o dira gore go nne le dinonofo tse di botlhokwa mo lenyalong. Mme e re ka e le motlatsi wa monna wa gagwe, ga a gaisane le ene go na le moo, o mo ema nokeng ka lorato, ka go dira jalo o dira gore go nne le kagiso mo lelapeng. Baefeso 5:22 ya re: “A basadi ba ikobele banna ba bone.” Mme go tweng fa e le gore ga a dumalane le ene ka kgang e e rileng? Fa go ntse jalo, o tshwanetse go ikutlwa a gololesegile go ntsha maikutlo a gagwe, a bua ka tsela e e nang le seriti le e e bontshang tlotlo, fela jaaka a ne a ka rata gore monna wa gagwe a bue le ene.

(4) Leba dilo jaaka di ntse mme o lebelele dikgwetlho. Lenyalo le ka lebana le dikgwetlho ka ntlha ya mafoko a a sa akanyediwang le a a sa siamang, mathata a tsa madi, bolwetse jo bo masisi kgotsa mathata a go godisa bana. Ke ka moo Baebele e buang e sa fitlhe sepe gore batho ba ba tsenang mo lenyalong “ba tla nna le pitlagano mo nameng ya bone.” (1 Bakorintha 7:28) Mme dipitlagano kgotsa diteko ga di a tshwanela go koafatsa lenyalo. Tota e bile, fa batho ba babedi ba ratana e bile ba na le botlhale jwa bomodimo, ba tla kgona go rarabolola mathata a a ka dirang gore ba kgaogane. A o na le botlhale jo bo tlhokegang jo o ka bo dirisang fa go nna le mathata mo lelapeng la gago? Baebele ya re: “Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a nne a kope Modimo, gonne o naya botlhe ka bopelotshweu e bile a sa kgobe.”—Jakobe 1:5.

(5) Ikanyegeng mongwe go yo mongwe. Go na le dilo di le mmalwa tse di ka koafatsang lenyalo go na le kgokafalo kgotsa tlhakanelodikobo ka kwa ntle ga lenyalo, e leng sone fela selo se se ka dirang gore go nne le tlhalo e Modimo a e amogelang. (Mathaio 19:9) Baebele ya re: “A lenyalo le tlotlege mo go botlhe, le bolao jwa lenyalo bo nne bo sa leswafala, gonne Modimo o tla atlhola bagokafadi le baakafadi.” (Bahebera 13:4) Ke eng se banyalani ba ka se dirang go ba thusa gore ba tile go raelwa go batla go kgotsofatsa keletso ya bone ya tlhakanelodikobo kwa ntle ga lenyalo? Baebele ya re: “A monna yo o nyetseng a neye mosadi wa gagwe tshwanelo ya gagwe; mme a mosadi yo o nyetsweng le ene a direle monna wa gagwe ka tsela e e tshwanang.”—1 Bakorintha 7:3, 4.

Batho bangwe ba ka tsaya dintlha tseno tse tlhano di le molemo mme go lebega go ka se kgonege go di dirisa kgotsa ba di tsaya di siilwe ke nako. Mme diphelelo di bontsha se se farologaneng le seo. Tota e bile, di tshwana le se se diregang fa motho a batla kaelo ya Modimo mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa gagwe: “Ruri o tla nna jaaka setlhare se se jetsweng fa melatswaneng ya metsi, se se ntshang leungo la sone ka paka ya sone se dikala tsa sone tse di nang le makakaba di sa swabeng, mme sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega.” (Pesalema 1:2, 3) “Sengwe le sengwe” se akaretsa go atlega mo lenyalong.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka lenyalo, bona makasine o o tsamaisanang le ono wa Tora ya Tebelo ya February 1, 2011.

A O KILE WA IPOTSA GORE . . . 

● Modimo o ikutlwa jang ka tlhalo?—Malaki 2:14-16.

● Monna o tshwanetse go tshwara mosadi wa gagwe jang?—Baefeso 5:23, 28.

● Ke botlhale jwa ga mang jo bo dirang gore lenyalo le atlege?—Pesalema 1:2, 3.