Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Lebaganya Ditshwantsho le Temana

Bala Moreri 2:3-10. Thala mola o o golaganyang setshwantsho sengwe le sengwe le temana ya Baebele e e tsamaisanang le sone. (Ditshwantsho ga di latelane ka tsela e e siameng.) Feleletsa ditshwantsho ka go di tsenya mebala.

1. Temana 3

2. Temana 4

3. Temana 5

4. Temana 6

5. Temana 7

6. Temana 8

A

B

C

D

E

F

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

A tota Solomone o ne a itumeletse dilo tse a di itiretseng?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Moreri 2:11.

“Lefela le go kgaratlhela phefo” go kaya eng? Ke ditiro dife tse di ka dirang gore o nne le boitumelo jwa mmatota?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Luke 6:38; Ditiro 20:35.

DILO TSE DI KA DIRWANG KE LELAPA:

Bala Moreri 3:1-8. Dira gore mongwe le mongwe mo lelapeng a kwale mo pampiring ya gagwe sengwe sa dilo tse go buiwang ka tsone mo ditemaneng tseno. Tsenyang dipampiri tseo mo lebokosong. Go tswa foo, motho mongwe le mongwe o tshwanetse go tlhopha pampiri e le nngwe mme a sa bue sepe a dire se se kwadilweng mo pampiring. Bona gore a ba lelapa la gago ba ka kgona go tlhalosa sentle gore ke tiro efe e a e dirang.

Di Boloke Mme o Ithute ka Tsone

Segolola, o bo o mena bontlhanngwe jwa yone mme o bo o e boloka

KARATA YA BAEBELE 11 JOSEFA

DIPOTSO

A. Tlatsa diphatlha tseno. Bomorwarraagwe Josefa ka motsadi a le mongwe ba ne ba mmitsa “ ․․․․․yole” mme ba mo rekisa go nna lekgoba ka dipapetlana tsa selefera di le  ․․․․․.

B. Fa mosadi wa ga Potifaro a ne a mo pateletsa go tlhakanela dikobo le ene, Josefa o ne a araba jaana a tiisitse, “Ke ka dira jang bosula jo bogolo jono mme . . . ”

C. Ke ka ntlha yang fa Faro a ile a dira Josefa mmusi wa bobedi wa Egepeto?

[Tšhate]

4026 B.C.E. Adame o a bopiwa

O ne a tshela mo e ka nnang ka 1700 B.C.E.

1 C.E.

98 C.E. Go kwalwa ga buka ya bofelo ya Baebele

[Mmapa]

A tsewa go tswa Dothane go ya Egepeto

Dothane

EGEPETO

JOSEFA

DINTLHA KA GA GAGWE

Ngwana wa ntlha wa mosimane wa ga Jakobe le Ragele. (Genesise 35:24) Bomorwarraagwe ka motsadi a le mongwe ba ba lefufa ba ne ba mo rekisa go nna lekgoba kwa Egepeto, kwa a neng a nna dingwaga di le 13 e le lekgoba kgotsa legolegwa gone. Go na le gore Josefa a ipusolosetse, o ne a itshwarela bomorwarraagwe ka motsadi a le mongwe ba ba neng ba ikwatlhaile. (Genesise 50:15-21) Le fa a ne a le kgakala le legae, o ne a tlotla Jehofa le go nna a le phepa mo boitsholong, a dira ka natla e bile a ikanyega.—Genesise 39:1-23.

DIKARABO

A. Molori, 20.—Genesise 37:19, 28.

B. “. . . ka leofela Modimo?”—Genesise 39:9.

C. O ne a itse gore moya wa Modimo o dirile gore Josefa a nne le temogo le botlhale.—Genesise 41:38-41.

Batho le Dinaga

7. Leina la me ke Anietie. Ke na le dingwaga di le supa mme ke nna kwa Nigeria. Ke Basupi ba ga Jehofa ba le kae ba ba nnang kwa Nigeria? A ke ba le 190 000, 290 000 kgotsa 390 000?

8. Ke khutlo efe e e bontshang gore ke nna kae? E thalele mme o bo o torowa khutlo e e bontshang gore wena o nna kae mme o bone gore o gaufi go le kana kang le Nigeria.

A

B

C

D

Bana Batlang Ditshwantsho Tseno

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

Fa o batla go printa dikhopi tse di oketsegileng tsa setlhogo seno sa “Motlotlo wa Lelapa,” ya kwa go www.pr418.com

● Dikarabo tsa “MOTLOTLO WA LELAPA” di mo tsebe 15

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBE 30 LE 31

1. 1 e tsamaisana le F.

2. 2 e tsamaisana le E.

3. 3 e tsamaisana le A.

4. 4 e tsamaisana le C.

5. 5 e tsamaisana le B.

6. 6 e tsamaisana le D.

7. 290 000.

8. C.