Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Rremogoloagwe o sa Tswa go Tlhokafala

Rremogoloagwe o sa Tswa go Tlhokafala

Rremogoloagwe o sa Tswa go Tlhokafala

● Monna mongwe o ne a kwalela ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Mexico jaana: “Ga ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme dimakasine tsa lona di nkgatlha fela thata. Nngwe ya tsone e ile ya umaka boroutšhara jwa Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Seno se ne sa nkgatlha. Ka yone nako eo, rremogolo o ne a sa tswa go tlhokafala. Nka rata go romelelwa diboroutšhara tseno di le robedi gore ke di abele ba lelapa la gaetsho go ba gomotsa.”

Boroutšhara jwa Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala bo araba dipotso tse di jaaka: Ke ka itshokela khutsafalo ya me jang? Mme go na le tsholofelo efe ka batho ba ba tlhokafetseng? Bo neela tlhaloso ya Baebele ya gore loso ke eng le gore Baebele ya reng ka boemo jwa baswi. Gape bo tlhalosa tsholofetso e Modimo a e dirileng ka Jesu Keresete, ya go tsosetsa baswi mo lefatsheng le le phepafaditsweng la paradaise.

O ka kopa go romelelwa khopi ka go tlatsa setlankana seno le go se romela o dirisa aterese e e tshwanelang e e mo tsebe 5 ya makasine ono.

□ Kwantle ga go ipofa tsweetswee ke kopa gore lo nthomelele khopi ya boroutšhara jo bo bontshitsweng fano.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.