Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tingatinga—Botaki jo bo Dirang Gore o Nyenye

Tingatinga—Botaki jo bo Dirang Gore o Nyenye

Tingatinga—Botaki jo bo Dirang Gore o Nyenye

DANIEL Augusta, manejara wa Tingatinga Arts Co-operative Society, o kwala jaana: “Tingatinga e re bontsha kafa re ka lebang lefatshe ka teng ka tsela ya bongwana. Ka tsela e e tshegisang, e e itumedisang le e e mebalabala.” Botaki jwa Tingatinga bo bua ka Afrika—diphologolo tsa yone tsa naga le setso sa yone, segolobogolo tsa kwa Tanzania, e leng lefelo le mofuta ono wa botaki o simologileng gone.

Mokgwa wa go taka wa Tingatinga o reeletswe ka mosimolodi wa one e leng Edward Said Tingatinga, yo o tshotsweng ka 1932. Fa Edward a ntse a gola, go bonala sentle gore metseselegae le diphologolo tsa naga tse di neng di dikologile motse wa gagabo o o kwa borwa jwa Tanzania di ile tsa mo kgatlha thata. Fa a ne a le mo bogareng jwa dingwaga tsa gagwe tsa bo20, o ne a tloga kwa gae go ya go batla tiro le botshelo jo bo botoka. Moragonyana o ne a fudugela kwa motsemoshateng wa Tanzania, e leng Dar es Salaam mme a bona tiro ya go nna motlhokomedi wa tshingwana. Mo maitseboeng, bokgoni jwa gagwe jwa go tlhama bo ne jwa bonala mo mminong le mo montantshong; tota e bile o ne a nna modiragatsi yo o tumileng.

Ka ngwaga wa 1968, go ile ga nna le diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa ga Edward. O ne a bona tiro ya puso kwa kokelong ya batho botlhe ya Muhimbili kwa Dar es Salaam. Fa a ntse a le koo, o ne a bona nako ya go tlhalosa dilo tse a neng a di gopola sentle tsa fa a ne a le ngwana ka mofuta wa gagwe wa botaki. Ka ntlha ya seo, botaki jwa Tingatinga bo ne jwa simologa. Edward o ne a sa kgone go reka diborashe, dipente, mebala ya dipente le dilo tse dingwe tse di kgethegileng. Ka jalo, o ne a dirisa dilo tse mongwe le mongwe a neng a ka kgona go di reka mo lebenkeleng lengwe le le rekisang didirisiwa tse di farologaneng. Ka sekai, o ne a dirisa pente ya enamele ya dibaesekele mme go na le gore a dirise matsela, o ne a dirisa dikarolwana tse di momagantsweng tsa khatebokoso tse di neng di le borethe e bile di phatshima ka fa letlhakoreng le lengwe mme seo se ne se dira gore a kgone go penta ditshwantsho tse di phatsimang.

Mokgwa wa go penta wa ga Edward o ne o sa raraana. O ne a dirisa mmala o le mongwe kgotsa e le mebedi kwa morago mme a bo a taka setshwantsho se le sengwe fela—phologolo ya Afrika e e nang le mebala e e galolang e bile e takilwe ka tsela e e feteleditsweng. O ne a sa take dilo tse dingwe gape mo setshwantshong.

Edward o ne a letla ditsala di le mmalwa le ba losika go mo lebelela fa a ntse a taka. Go ise go ye kae, ba le mmalwa ba bone e ne ya nna “baithuti” ba gagwe mme mokgwa wa gagwe wa go taka o ne wa simolola go tuma.

Go tloga fela ka setshwantsho sa ntlha sa Tingatinga se se takilweng, go ne go dirisiwa mebala e e tseneletseng le dipopego tse di sa raraanang tse di nang le ditselana tse di bonalang sentle. Le fa go ntse jalo, fa dingwaga di ntse di tsamaya, mokgwa ono o ile wa tlhabologa, wa raraana le go feta le go nna le dilo di le mmalwa mo setshwantshong se le sengwe. Ee, bataki bangwe ba tlatsa ditshwantsho tsa bone ka batho, diphologolo le dilo tse di farologaneng.

Dilo Tse di Tlhotlheletsang

Botaki jwa Tingatinga bo tlhotlhelediwa ke dilo di le dintsi—mefuta e e farologaneng ya diphologolo le dimela tsa Afrika: ditshepe, dinare, ditlou, dithutlwa, dikubu, ditau, ditshwene, dipitse tse di tilodi le diphologolo tse dingwe mmogo le malomo, ditlhare, dinonyane le ditlhapi—segolobogolo tse di nang le mebala e e galolang. Setshwantsho se se kwa morago se se takilweng ke sa thaba ya Kilimanjaro e e kwa godimo go di gaisa mo Afrika, e e kwa bokonebotlhaba jwa Tanzania.

Bataki ba segompieno ba ditshwantsho tsa Tingatinga ba leka go taka batho ba Afrika le setso sa bone. Ditshwantsho tse ba di takang di ka bontsha letsatsi kwa marekisetsong a a tlhanaselang, loeto go ya kwa kokelong kgotsa botshelo jo bo tlwaelegileng fela jwa kwa motseng.

Fa e sa le botaki jwa Tingatinga bo simolola, bo dirile gore Baafrika ba ba nang le bokgoni jwa go taka ba kgone go itlhalosa mme ka nako e e tshwanang ba nne le lotseno. Ee, bataki ba ditshwantsho tsa Tingatinga e setse e le bagwebi ba ba takang kwa Dar es Salaam. Tota e bile, batho bangwe ba sa ntse ba dirisa mokgwa wa go taka ba dirisa pente ya enamele ya dibaesekele. Fa Edward Tingatinga a ka bo a tshela gompieno (o ile a tlhokafala ka 1972), ga go pelaelo gore go tuma ga botaki jwa gagwe go ka bo go dira gore a nyenye.