Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha Ba Botsa Jaana

Nka Bona Kae Boitlosobodutu jo bo Siameng?

Nka Bona Kae Boitlosobodutu jo bo Siameng?

Fa e le gore o Mokeresete, o tlhopha boitlosobodutu jwa gago. Ga o amogele sengwe le sengwe fela se ba bangwe ba reng o se lebelele, o se bale kgotsa o se reetse. Ka ntlha yang? Ka gonne bontsi jwa boitlosobodutu jwa gompieno bo tlotlomatsa tlhakanelodikobo e e sa siamang, thubakanyo le tirisabadimo—dilo tse o tshwanetseng go di tila. Le fa go ntse jalo, go na le boitlosobodutu jo bo siameng. Mma re bone gore o ka bo bona jang. *

DIFILIMI

Fa tlase fano, tshwaya ka ✔ go bapa le mofuta wa filimi e o e ratang.

  • Metlae

  • Terama

  • Thubakanyo/Go lekeletsa dilo tse di kotsi

  • Ditlhamane tsa saense

  • Tse dingwe

A o ne o itse . . . ? Gantsi India e dira difilimi tse di fetang sekete ka ngwaga—difilimi di le dintsi go feta naga epe e nngwe.

Se o tshwanetseng go se tila. Difilimi di le dintsi di rotloetsa mekgwa e e sa dumalaneng le melao ya Baebele. Dingwe di bontsha tlhakanelodikobo le thubakanyo jaaka di ntse, fa tse dingwe tsone di bontsha maatla a a fetang a tlholego. Mme Baebele ya re: “Di tloseng tsotlhe mo go lona, tšhakgalo, bogale, bosula, puo ya go kgoba, le puo e e ferosang sebete.” (Bakolosa 3:8) Mo godimo ga moo, Modimo o kgala ditiro dipe fela tse di amanang le tirisabadimo.—Duteronome 18:10-13.

Kafa o ka tlhophang ka gone. “Fa papatso ya filimi e lebega e sa siama, nka se lebelele filimi eo.”—Jerrine. *

“Ga nke ke amogela dikakantsho tsa motho yo mongwe kwantle ga fa ke itse gore motho yoo o tshela ka melao e e tshwanang le ya me.”—Caitlyn.

“Fa ke lebeletse filimi kwa lefelong la go bogela difilimi mme ke bo ke simolola go ikutlwa ke sa gololesega ka se se bontshiwang, ke tswa ke tsamaya.”—Marina.

“Go nthusa go bona gore filimi e tla bo e na le eng, ke dirisa lefelo la Internet le le tla nnayang tshedimosetso ya gore a e tla bo e na le tlhakanelodikobo, thubakanyo le matlhapa.”—Natasha.

Ntlha e o ka e dirisang: Batla difilimi tse go ka se diregeng gore di nne le dilo tse di sa siamang. Mosha mongwe yo o bidiwang Masami, a re: “Ke itumelela thata difilimi tse di buang ka metlha ya bogologolo—difilimi tse di theilweng mo dibukeng tse di molemo.”

Ipotse ka go re,

‘A difilimi tse ke di lebelelang di dira gore go nne motlhofo—kgotsa gore go nne boima—go ikobela ditaelo tsa Modimo malebana le tlhakanelodikobo, thubakanyo le tirisabadimo?’

DIBUKA

Fa tlase fano, tshwaya ka ✔ go bapa le mofuta wa dibuka tse o ratang go di bala.

  • Tlhamane

  • Tse e seng tlhamane

  • Dibuka tse di molemo

  • Tse dingwe

A o ne o itse . . . ? Go gatisiwa dibuka tse di fetang sekete beke nngwe le nngwe kwa United States fela.

Fa o itlhokomolosa segakolodi sa gago se se thapisitsweng ka Baebele mme o bo o lebelela, o bala le go reetsa sengwe le sengwe fela se se tumileng—kgwebo ya tsa boitlosobodutu ga e latlhegelwe ke sepe—mme e bona madi a mantsi.

Se o tshwanetseng go se tila. Fela jaaka go ntse ka difilimi, dibuka di le dintsi di rotloetsa mekgwa e e sa dumalaneng le melao ya Baebele. Ka sekai, dingwe di bua ka tlhakanelodikobo fela jaaka e ntse kgotsa di bua ka tirisabadimo. Mme Baebele ya re: “A kgokafalo le boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe kgotsa bogagaru di se ka tsa ba tsa umakwa mo go lona.” (Baefeso 5:3) Gape ya re ditiro tsa tirisabadimo di “bosula mo matlhong a ga Jehofa.”—2 Dikgosi 17:17.

Kafa o ka tlhophang ka gone. “Fa ke batla buka e e molemo, ke bala tsebe e e ka fa morago le go leba ditlhogo tsa yone. Fa ke bona sengwe se se sa siamang, ga ke e reke.”—Marie.

“Fa ke ntse ke gola mme ke simolola go itirela ditshwetso, ke ne ka lemoga botlhokwa jwa go reetsa segakolodi sa me. Fa ke ne ke lemoga gore buka ga e a siama, ke ne ke tlogela go e bala. Ke ne ke lemoga gore ga e tsamaisane le tsela e Modimo a akanyang ka yone.”—Corinne.

Ntlha e o ka e dirisang: Bala dibuka tse di farologaneng. “Ke lemogile gore ke kgona go tlhoma mogopolo thata mo dibukeng tse di molemo go na le ditlhamane tsa segompieno. Dibuka tseno di kwadilwe ka tsela e e molemo e bile di botoka go na le ditlhamane tsa segompieno.”—Lara, 17.

Ipotse ka go re,

‘A dibuka tse ke di balang di ntlosa bodutu ka boitshwaro jo Modimo a sa bo amogeleng?’

MMINO

Fa tlase fano, tshwaya ka ✔ go bapa le mofuta wa mmino o o o ratang.

  • Rock

  • Tlelasiki

  • Jazz

  • R&B

  • Hip-hop

  • Tse dingwe

A o ne o itse . . . ? Dikhampani di le nnè tse dikgolo tse di rekotang mmino, fa di kopantswe di golola dialebamo tse di ka nnang 30 000 ka ngwaga.

Se o tshwanetseng go se tila. Fela jaaka go ntse ka difilimi le dibuka, bontsi jwa mmino wa gompieno o na le boitsholo jo bo sa siamang. Dipina tse di nang le mafoko a a tlhalosang tlhakanelodikobo fela jaaka e ntse le dibidio tsa mmino tse di bontshang tlhakanelodikobo jaaka e ntse di ka dira gore go nne thata le go feta gore o laole dikeletso tsa gago tsa tlhakanelodikobo. (1 Bakorintha 6:18) Leigh wa dingwaga di le 21 a re: “Bontsi jwa mmino wa gompieno o rotloetsa boitsholo jo bo sa dumalaneng le melao ya Baebele mme moribo wa one o dira gore batho ba batle go bina ka tsela e e hepisang.”

Kafa o ka tlhophang ka gone. “Ke ipotsa go re, ‘Fa ke ne ke ka tshwanelwa ke go letla Mokeresete yo o godileng go lebelela lenaane la mmino wa me, a ke ne ke tla tlhabiwa ke ditlhong ka ntlha ya se a tla se bonang?’ Seno se nthusa go bona gore ke tshwanetse go reetsa mmino o o ntseng jang.”—Leanne.

Ntlha e o ka e dirisang. Iketleeletse go reetsa mefuta e e farologaneng ya mmino. Mosha mongwe yo o bidiwang Roberto a re: “Rre o rata mmino wa tlelasiki, ka jalo, ke ne ke o reetsa thata fa ke ntse ke gola. Go ithuta ka mmino wa tlelasiki—gape ke ntse ke ithuta go tshameka piano—go ile ga nthuta dilo tse disha!”

Ipotse ka go re,

‘A mmino o ke o reetsang o dira gore go nne motlhofokgotsa gore go nne boima—go laola dikeletso tsa me tsa tlhakanelodikobo?’

BALA MO GO OKETSEGILENG KA GONE!

Bona buka ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 2, Kgaolo 31 le 32, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

 

^ ser. 3 Tsogang! ga e buelele e bile ga e kgale filimi epe, buka kgotsa pina epe. Boikaelelo jwa setlhogo seno ke go go thusa go nna le segakolodi se se thapisitsweng ka Baebele le se se reetsang melao ya Modimo.—Pesalema 119:104; Baroma 12:9.

^ ser. 13 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.