Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo o Amega ka Diphologolo?

A Modimo o Amega ka Diphologolo?

Baebele ya Reng . . . 

A Modimo o Amega ka Diphologolo?

BOTSHELO jwa diphologolo bo mo kotsing. Baitsesaense ba le bantsi ba dumela gore mefuta e e farologaneng ya diphologolo e nyelela ka bonako. Diphologolo di mo kotsing ya go nyelela ka gonne mafelo a tsone a tlholego a tsewa ke batho. Madirelo a dijo, metshameko e e setlhogo e mo go yone go dirwang gore diphologolo di lwe le go sa tlhokomele diruiwa tsa mo gae, ke dilo tse di dirang gore maemo ano a a sa itumediseng a nne maswe le go feta.

Le fa go ntse jalo, bangwe ba akanya gore, re ka se kgone go tila maemo ano ka gonne a bakiwa ke go oketsega ga palo ya batho mo lefatsheng. A mme seo ke se Modimo a neng a se ikaeletse? A o tlogeletse diphologolo fela gore di bogisiwe ke batho? Re itse jang gore Modimo o amega ka diphologolo?

O Bontshitse go Amega ka Tsone go Tswa Kwa Tshimologong

Fa Modimo a sena go bopa ditlhapi, dinonyane le diphologolo, o ne a itumetse. Baebele ya re o ne “a bona fa go le molemo.” (Genesise 1:21, 25) Mmopi o ne a bontsha go amega ka lorato ka dibopiwa tseno tsotlhe, go tloga ka tse dinnye thata go fitlha ka tse dikgolo. Modimo ga a di bopa fela di le “botlhale ka tlholego” mme gape o ne a di tlamela ka se di se tlhokang gore di kgone go tshela sentle mo tikologong ya tsone. Mokwadi wa Baebele o ne a tlhalosa sentle jaana: “Tsotlhe fela—di nna di go letetse gore o di neye dijo tsa tsone ka paka ya tsone. Di sela se o di nayang sone. O bula seatla sa gago—di kgotsofadiwe ke dilo tse di molemo.”—Diane 30:24; Pesalema 104:24, 25, 27, 28.

Ke boammaaruri gore Modimo o ne a baya diphologolo mo taolong ya motho wa ntlha e bong, Adame. Diphologolo ga di a bopiwa di na le bokgoni jwa go akanya kgotsa go nna le kamano le Modimo. (2 Peter 2:12; Jude 19) Go farologana le tsone, Adame e ne e le mofuta o o kwa godimo wa setshedi se se bopilweng “mo setshwanong sa Modimo.” O ne a kgona go bontsha botho jwa Mmopi wa gagwe, e bong Jehofa. (Genesise 1:27; Pesalema 83:18) Mme seno se ne se sa bolele gore batho ba na le tshwanelo ya go laola diphologolo ka tsela e Mmopi a sa e amogeleng.

Ka sekai, Adame o ne a simolola go naya diphologolo maina ka gonne Jehofa a ne a mo neile tshiamelo eo. Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a thusa Adame ka go “tlisa [diphologolo] kwa monneng go bona gore o ne a tla raya nngwe le nngwe ya tsone leina a reng.” (Genesise 2:19) Motho o ne a ka kgona go tlhokomela diphologolo sentle fela fa a kaelwa ke Mmopi wa gagwe.

Eleruri Modimo o a Amega!

Ka maswabi, Adame o ne a tsuologela Mmopi wa gagwe. Botsuolodi jwa gagwe bo ne jwa tlisetsa batho le ditshedi tsotlhe mo lefatsheng ditlamorago tse di botlhoko. Le fa go ntse jalo, Mmopi o ne a tlhalosa sentle gore diphologolo di tshwanetse go tshwarwa jang. Le fa kgabagare batho ba ile ba letlelelwa go di ja le go di dirisetsa maikaelelo a mangwe a a utlwalang, Modimo ga a ka ba letlelela go di tshwara setlhogo. Baebele ya re: “Mosiami o tlhokomela moya wa seruiwa sa gagwe, mme mautlwelobotlhoko a baikepi a setlhogo.”—Diane 12:10.

Modimo o ne a bo a naya setšhaba sa bogologolo sa Baiseraele melao e e amanang le go tlhokomela diphologolo. Thulaganyo ya Sabata, e leng letsatsi la go ikhutsa ka botlalo beke nngwe le nngwe, e ne e solegela diruiwa tsa Baiseraele molemo ka gonne le tsone di ne di kgona go ikhutsa. (Ekesodo 23:12) Le fa gone go ne go le botlhokwa gore go se ka ga dirwa tiro epe ka letsatsi leno le le boitshepo, batho ba ne ba tshwanetse go thusa diruiwa fa di le mo kotsing. (Luke 14:5) Mo godimo ga moo, Modimo o ne a laela gore dikgomo di se ka tsa berekisiwa di sa fiwa dijo le gore diphologolo di se ka tsa rwesiwa morwalo o o boima thata. (Ekesodo 23:5; Duteronome 25:4) Go golega poo le tonki mmogo go ne go ileditswe mme seo se ne se sireletsa diphologolo tseno ka bobedi gore di se ka tsa gobala. (Duteronome 22:10) Go bonala sentle gore, Baebele e ruta gore diphologolo di ne di tshwanetse go tshwarwa ka tsela e e tshwanetseng, ka tlotlo le ka kutlwelobotlhoko!

Le fa gone batho ba le bantsi ba amegile ka dilo tse di amang bone fela mme ba itlhokomolosa dilo dipe fela tse di ka diragalelang diphologolo, Modimo ene o di akanyetsa ka kutlwelobotlhoko. Fa moporofeti Jona a ne a tsiboga ka tsela e e sa bontsheng kutlwelobotlhoko fa baagi ba Ninife ba ne ba ikwatlhaya mme ba falola katlholo ya Modimo, Jehofa o ne a re: “Nna, a ga ke a tshwanela go utlwela Ninife botlhoko motse o mogolo, o go nang le batho ba ba fetang dikete di le lekgolo le masome a mabedi mo go one ba gotlhelele ba sa itseng pharologanyo fa gare ga seatla sa bone sa moja le sa molema, re sa bale diruiwa tse dintsi?” (Jona 4:11) Ee, Mmopi o ne a utlwela le e leng diphologolo botlhoko!

Re Tlhomamisegile Gore di Tla Tlhokomelwa mo Isagweng

Ga go na pelaelo gore, Modimo o amega ka tsela e diphologolo di tshwarwang ka yone. Morwawe yo o rategang, e bong Jesu, o ne a re tota le e leng thaga e le nngwe ga e wele fa fatshe kwantle ga kitso ya ga Rraagwe. (Mathaio 10:29) Go farologana le seo, tota le fa batho ba na le maitlhomo a a siameng, ga ba tlhaloganye ka botlalo kafa ditiro tsa bone di amang tikologo ka teng. Go laola batho ka tsela e e bontshang go amega ka diphologolo go tlhoka gore go fetolwe tsela e batho ba akanyang ka yone.

Se se itumedisang ke gore, Baebele e tlhalosa nako e ka yone mo Bogosing jwa Modimo, “lefatshe le tla tlala[ng] kitso ya ga Jehofa.” (Isaia 11:9) Kitso e e ntseng jalo e tla ruta le go thapisa batho ba ba kutlo ka tsela e e tla ba thusang gore ba laole lefatshe sentle. Mmopi o tla tlhomamisa gore go nna le kagiso fa gare ga batho le diphologolo, ka go dira jalo a busetsa lefatshe mo maemong a a neng a ikaeletse gore le nne ka one kwa tshimologong.

Baebele e tlhalosa phetogo eo e e tlileng go direga jaana: “Mme phiri e tla nna nakonyana le kwanyana e tonanyana, mme lengau le tla botha le potsane, le namane le tawana e e seriri le phologolo e e fepilweng sentle tsotlhe di tla nna mmogo; mme mosimanyana o tla di etelela pele. Le kgomo le bera di tla fula mmogo; bana ba tsone ba tla botha mmogo. Le tau e tla ja lotlhaka jaaka poo. Mme ngwana yo o anyang o tla tshameka fa mosimeng wa kake; ngwana yo o kgwisitsweng o tla baya seatla sa gagwe mo mosimeng o o tsenyang lesedi wa noga e e botlhole.” Abo e le tsholofelo e e itumedisang jang ne e re ka akanyang ka yone!—Isaia 11:6-8.

A O KILE WA IPOTSA GORE . . . 

● A Modimo o amega ka gore diphologolo di tshwarwa jang?—Diane 12:10; Mathaio 10:29.

● A go ka kgonega gore batho ba nne mmogo le diphologolo ka kutlwano?—Isaia 11:6-9.

[Mafoko a a mo go tsebe 11]

Go amega ka diphologolo go tlhoka gore batho ba fetole tsela e batho ba akanyang ka yone

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 11]

La Voz de Galicia/Fotógrafo: Víctor Mejuto