Baebele e a Tlhaselwa
Baebele e a Tlhaselwa
MEKWALO e re e itseng e le Baebele kgotsa Dikwalo Tse di Boitshepo, e ne ya kwalwa ka dingwaga tse di fetang 1 600. Karolo ya ntlha ya mekwalo eno e ne ya kwalwa ke Moshe; ya bofelo e ne ya kwalwa ke morutwa wa ga Jesu Keresete dingwaga tse di ka nnang lekgolo fa Jesu a sena go tsholwa.
Maiteko a go thibela batho go bala Dikwalo ga a bolo go nna teng fa e sale bogologolo pele ga Motlha wa Rona, go ralala Metlha ya Bogare le go fitlha mo motlheng wa gompieno. Nngwe ya dipego tsa ntlha tsa maiteko a a ntseng jalo ke ya motlha wa moporofeti wa Modimo e bong Jeremia, yo o neng a tshela dingwaga tse di fetang 600 pele ga Jesu Keresete a tsholwa.
Molaetsa O o Sa Ratweng o a Tlhaselwa
Moporofeti Jeremia o ne a laetswe ke Modimo go kwala mo momenong molaetsa o o neng o kgala baagi ba badirabosula ba kwa Juda ya bogologolo le go ba tlhagisa ka gore motsemoshate wa bone e leng Jerusalema, o ne o tla senngwa fa ba sa fetole ditsela tsa bone. Mokwaledi wa ga Jeremia e bong Baruke, o ne a balela molaetsa oo kwa godimo, a o bala phatlalatsa mo tempeleng ya Jerusalema. O ne a o bala lekgetlho la bobedi fa pele ga dikgosana tsa Juda, tse di neng tsa isa momeno oo kwa go Kgosi Jehoiakime. Fa kgosi e ntse e reeditse mafoko a Modimo, ga ya ka ya rata se e se utlwang. Ka jalo, e ne ya sega momeno dikarolwana mme ya o fisa.—Jeremia 36:1-23.
Go tswa foo, Modimo o ne a laela Jeremia jaana: “Itseele momeno gape, o mongwe, mme o kwale mo go one mafoko otlhe a ntlha a a neng a le mo momenong wa ntlha, o Jehoiakime kgosi ya Juda a o fisitseng.” (Jeremia 36:28) Dingwaga di ka nna 17 moragonyana, fela jaaka lefoko la Modimo le ne le boleletse pele ka Jeremia, Jerusalema e ne ya senngwa, bontsi jwa babusi ba yone bo ne jwa bolawa mme baagi ba yone ba isiwa botshwarwa kwa Babelona. Molaetsa o o neng o le mo momenong oo—le pego e e ka ga maemo a a neng a le teng fa o ne o tlhaselwa—o sa ntse o le teng go fitlha le gompieno mo bukeng ya Baebele ya Jeremia.
Go Fisiwa ga Dibaebele go a Tswelela
Jehoiakime ga se ene fela yo o neng a leka go fisa Lefoko la Modimo pele ga motlha wa Bokeresete. Fa Mmusomogolo wa Gerika o ne o kgaoganngwa, Iseraele e ne ya nna ka fa tlase ga tlhotlheletso
ya puso ya losika lwa segosi lwa ga Seleucus. Kgosi Antiochus Epiphanes wa Mo-Seleucus, yo o neng a busa go tloga ka 175 go ya go 164 B.C.E., o ne a batla go kopanya mmusomogolo wa gagwe mo setsong sa Segerika. Gore a dire jalo, o ne a leka go pateletsa mekgwa, setso le bodumedi jwa Segerika mo Bajudeng.Mo e ka nnang ka 168 B.C.E., Antiochus o ne a thukhutha tempele ya ga Jehofa e e kwa Jerusalema. Mo godimo ga sebeso, o ne a aga sebeso se sengwe go tlotla modimo wa Bagerika e bong Seuse. Gape Antiochus o ne a thibela Bajuda gore ba se ka ba boloka Sabata mme a laela gore ba se ka ba rupisa bomorwaabone. Kotlhao ya go itlhokomolosa melao eno e ne e le loso.
Mokgwa mongwe o Antiochus a neng a o dirisa go fetola bodumedi jwa Bajuda e ne e le go leka go nyeletsa memeno yotlhe e Molao o neng o kwadilwe mo go yone. Le fa Antiochus a ile a diragatsa letsholo la gagwe mo Iseraeleng yotlhe, o ne a palelwa ke go nyeletsa dikhopi tsotlhe tsa Dikwalo Tsa Sehebera. Memeno mengwe e e neng e fitlhilwe ka kelotlhoko e ka tswa e ile ya se ka ya fisiwa mo teng ga Iseraele mme go lebega fa dikhopi tsa Dikwalo Tse di Boitshepo di ne di bolokilwe ke baagi bangwe ba Bajuda ba ba neng ba nna go sele.
Taelo ya ga Diocletian
Mmusi yo mongwe yo o itsegeng yo o neng a leka go nyeletsa Dikwalo ke Mmusimogolo wa Roma e bong Diocletian. Ka 303 C.E., Diocletian o ne a laela gore Bakeresete ba tshwarwe setlhogo le go feta. Seno se ile sa felela ka se bakwalahisitori bangwe ba neng ba se bitsa “Pogiso e Kgolo.” Taelo ya gagwe ya ntlha e ne e le gore go fisiwe dikhopi tsa Dikwalo le gore go senngwe mafelo a Bakeresete ba kopanang mo go one. Harry Y. Gamble, yo e leng porofesa ya dithuto tsa bodumedi kwa Yunibesithing ya Virginia, o ne a kwala jaana: “Diocletian o ne a akanya gore Mokeresete mongwe le mongwe mo setšhabeng, go sa kgathelesege gore o kae, o ne a na le dibuka di le mmalwa mme o ne a itse gore dibuka tseo di botlhokwa mo Bakereseteng gore ba falole.” Mokwalahisitori wa kereke yo o neng a tshela ka motlha oo, e bong Eusebius wa kwa Kaesarea, Palesetina, o ne a bolela jaana: “Re iponetse ka matlho a rona fa matlo a thapelo a ne a senngwa le fa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tse di boitshepo di ne di jewa ka molelo kwa marekisetsong.”
Go bolelwa gore dikgwedi di le tharo morago ga taelo ya ga Diocletian, ratoropo wa motse wa Cirta e e kwa Afrika Bokone, e gone jaanong e itsiweng e le Constantine, o ne a laela gore Bakeresete ba ntshe “mekwalo ya molao” le “dikhopi tsa dikwalo” tsa bone tsotlhe. Dipego tsa one motlha oo di bolela gore Bakeresete bangwe ba ne ba itlhophela go tlhokofadiwa le go bolawa go na le gore ba ntshe dikhopi tsa Baebele gore di nyelediwe.
Boikaelelo Jwa Ditlhaselo
Jehoiakime, Antiochus le Diocletian ba ne ba na le boikaelelo bo le bongwe fela jwa go fedisa—ee, go nyeletsa—Lefoko la Modimo. Le fa go ntse jalo, Baebele e ne ya falola maiteko otlhe a go e nyeletsa. Babusi ba Roma ba ba nnileng gone morago ga Diocletian ba ne ba simolola go ipolela fa e le Bakeresete. Le fa go ntse jalo, go tlhaselwa ga Baebele go ne ga tswelela. Ka ntlha yang?
Babusi le baeteledipele ba dikereke ba ne ba bolela gore go fisiwa ga Dibaebele e ne e se maiteko a go di nyeletsa. Go na le moo, banna bano ba ne ba leka fela go dira gore batho ba maemo a a kwa tlase ba se ka ba nna le Baebele. Mme ke ka ntlha yang fa baeteledipele ba dikereke ba ne ba ka batla go dira jalo? Mme kereke e ne ya ya bokgakaleng jo bo kana kang go thibela batho go bala Baebele? Mma re boneng.