Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditlhatlhobo tse di dirilweng ka matsela a go phepafatsa di senola gore dinomoro tse o di tobetsang mo metšhining ya ATM mo ditoropong go ralala Engelane di kgotletswe ka baketeria e e kotsi e e tshwanang le e e fitlhelwang mo sedulong sa ntlwana ya boithomelo ya batho botlhe.—THE TELEGRAPH, BORITANE.

“Ka dinako dingwe, baitsesaense ba gakgamadiwa ke dithoromo tsa lefatshe [tse di jaaka tsa kwa New Zealand tsa monongwaga le tsa kwa Haiti ngogola] ka gonne di direga mo diphatlheng tse di neng di sa lemogiwe. . . . Seo se tsosa potso e e tlhobaetsang: Go ka nna le dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo di le kae mo diphatlheng tse di sa lemogiweng kgotsa tse di sa itsiweng?” —THE NEW YORK TIMES, U.S.A.

“Batho ba le banè ba ba humileng go gaisa mo lefatsheng . . . ba laola dikhumo tse di fetang tsa dinaga di le 57 tse di humanegileng go gaisa.”—FOREIGN POLICY, January/February 2011, U.S.A.

Diperesente di le 90 tsa beng ba dikgwebo kwa Poland ba bega gore ba ile ba utswediwa le go tsiediwa ke bathapiwa ba bone mo dingwageng di le pedi tse di fetileng.—GAZETA PRACA POLAND.

Kereke ya Katoliki kwa Brazil gone jaanong e duedisa banyadiwa madi a faene a a kana ka $300 (United States) fa ba goroga thari kwa manyalong a bone. Batho ba ba nyalanang ba tshwanetse go saena tšheke pele ga moletlo mme ba tla e busediwa fela fa ba fitlha ka nako.—G1, BRAZIL.

Mopapa ga a Tlhole a Aba Dirwe Tsa Mmele

Lokwalodikgang lwa kwa Italy lwa La Repubblica lo bolela gore fa Joseph Ratzinger e ne e sa ntse e le mokadinale wa Kereke ya Roma Katoliki, o ne a aba dirwe tsa gagwe tsa mmele. Le fa go ntse jalo, fa e sale a tlhophiwa go nna mopapa, Benedict XVI ga a tlhole a aba dirwe tsa gagwe tsa mmele. Ka ntlha yang? Bishopomogolo Zygmunt Zimowski, yo e leng leloko la ditlhopha tsa baruti kwa Vatican, o tlhalosa jaana: “Mmele wa Mopapa ke wa Kereke yotlhe. Ka jalo, go a utlwala gore fa mopapa a tlhokafala, mmele wa gagwe o tshwanetse wa bo o feletse, e re ka go ka direga gore o obamelwe mo isagweng.”

A o Ka Ananya Botshelo ka Madi?

A batho ba ka dumela go rekisa ngwaga o le mongwe wa botshelo jwa bone ka di-euro di le milione? Patlisiso e e dirilweng ke setheo se se dirang dipotsolotso sa Emnid mo boemong jwa Reader’s Digest Deutschland, ya re kwa Jeremane, banna ba ba fetang a le mongwe mo go ba le banè le mosadi a le mongwe mo go ba le barataro a ka dira jalo. Batho ba basha thata ba ba neng ba botsolodiwa ke bone ba go neng go lebega ba ne ba ka amogela tumalano e e ntseng jalo—diperesente di le 29 tsa batho ba ba dingwaga tse di fa gare ga di le 14 le 29 le diperesente di le 25 tsa batho ba ba dingwaga tse di fa gare ga 30 le 39, ba ne ba ka dira jalo. Le fa go ntse jalo, go lebega batho ba ba godileng ba anaanela botshelo le go feta. Ke diperesente di le 13 fela tsa batho ba ba dingwaga tse di fa gare ga di le 50 le 59 le diperesente di le 11 tsa batho ba ba dingwaga tse di fetang 60 ba ba neng ba ka akanya ka go rekisa ngwaga o le mongwe wa botshelo jwa bone.