Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘E na Le Tshedimosetso e e Boteng Mme Gone e Motlhofo’

‘E na Le Tshedimosetso e e Boteng Mme Gone e Motlhofo’

‘E na Le Tshedimosetso e e Boteng Mme Gone e Motlhofo’

● Ke kafa mmadi mongwe wa kwa Nebraska, U.S.A., a neng a tlhalosa ka teng buka e a e badileng bosheng jaana. O ne a kwala jaana: “Ke monna wa dingwaga di le 56 yo o sa nyalang mme ke sa tswa go wetsa go bala buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo. Ka bonako fela ke ne ka gakgamadiwa ke tshedimosetso e e boteng mme gone e le motlhofo e lo e kwadileng ka tsela e e lorato.” O ne a oketsa jaana: “Ditshwantsho tsa yone di jesa kgakge tota. Ke akanya gore fa nkabo ke le rre kgotsa rremogolo, ke ne ke tla thusa bana ba me ba bannye go fetsa nako e ntsi ba lebile ditshwantsho le go bala se se kwadilweng.”

Mosadi mongwe wa kwa Georgia, U.S.A., o ne a kwala jaana malebana le buka yone eno: “Setlogolo sa me sa dingwaga di le thataro e bong, Avery, o ne a ya ka yone kwa sekolong mme a e bontsha bana ba a tsenang le bone mo tlelaseng ya grade ya ntlha. Fa Avery a sena go balela tlelase polelo nngwe, morutabana wa gagwe o ne a kgatlhegile thata jaana mo a neng a rulaganya gore Avery a bale polelo go tswa mo bukeng eo letsatsi le letsatsi.” Mangwaneagwe o ne a oketsa jaana: “Abo a ile a neela bana ba a tsenang le bone mo tlelaseng le morutabana wa gagwe bosupi jo bo molemo jang ne!”

O ka kopa gore o romelelwe khopi ya buka eno ya ditsebe di le 256, e e nang le ditshwantsho tse dintle, e e lekanang le makasine ono. Tlatsa fela setlankana se se fa tlase fano mme o bo o se romela kwa atereseng e e tshwanetseng mo lenaaneng le le mo tsebe 5 ya makasine ono.

□ Kwantle ga go ipofa tsweetswee ke kopa gore lo nthomelele khopi ya buka e e bontshitsweng fano.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

Ke eng fa Mosamarea e ne e le moagelani yo o molemo?