Motho yo o Batlang go Itse yo o Gakologelwang mo Hisitoring
Motho yo o Batlang go Itse yo o Gakologelwang mo Hisitoring
● O ka rata gore batho ba go gopole jang? Ke eng se se tla tlang mo megopolong ya batho fa ba akanya ka wena? E re ka batho ba le bantsi ba amegile thata ka go tlogela boswa, ba le bantsi ba gagamalela go tuma mo dilong tsa saense, tsa dipolotiki, tsa metshameko le tsa botaki. Mme go tweng fa o ne o ka gakologelwa thata ka dipotso tse o kileng wa di botsa?
Dingwaga di le 500 tse di fetileng, monna mongwe kwa Amerika Bogare o ne a botsa dipotso tse dintsi tse di dirang gore o akanye thata. E ne e le kgosi ya morafe mongwe e leina la yone e leng Nicarao, leina le go bonalang lefoko “Nicaragua” le tswa mo go lone. Leina la gagwe le ne la tlhaola morafe wa batho ba gagabo, naga e ba neng ba nna mo go yone le letsha la bone le legolo.
Morafe wa ga Nicarao o ne o nna mo sebateng sa lefatshe se se fa gare ga Lewatle la Pacific le Letsha le legolo la Nicaragua. Ka bonakonyana fela morago ga gore Columbus a lemoge Amerika Bokone le Amerika Borwa, Ba-Spain ba ne ba tsaya loeto go ya go batlisisa lefelo leno. Kapotene Gil González Dávila o ne a etelela masole a gagwe pele go ya bokone jwa se gone jaanong e leng Costa Rica mme a tsena mo nageng ya ga Nicarao ka 1523 C.E.
Akanya kafa babatlisisi bano ba neng ba tshogile ka teng fa ba ne ba ya kwa lefelong le ba sa le itseng. Abo ba tshwanetse ba bo ba itumetse jang ne fa ba ne ba kopana le Kgosi Nicarao! E re ka go nna pelotshweu e sa ntse e le selo se Ba-Nicaragua ba itsiweng ka sone, ba ne ba amogela Ba-Spain mme ba ba naya dimpho, go akaretsa le gauta e ntsi.
Nicarao o ne a batla dikarabo tsa dipotso tse a sa bolong go akanya ka tsone. O ile a nna le dipotso tse dingwe ka go bo Ba-Spain ba ne ba mo etetse. Bakwadi ba ditiragalo ba bega gore o ne a botsa Kapotene González dipotso tse di latelang:
A o kile wa utlwalela ka morwalela o mogolo o o neng wa fedisa batho botlhe le diphologolo? A Modimo o tla senya lefatshe ka morwalela gape? Go diragala eng fa motho a sena go swa? Letsatsi, ngwedi le dinaledi di tsamaya jang? Di tshwarwa ke eng mo loaping? Di bokgakala jo bo kana kang? Letsatsi, ngwedi le dinaledi di tla kgaotsa go phatsima leng? Phefo e tswa kae? Ke eng se se dirang gore go nne mogote, go nne tsididi, go nne lesedi le gore go nne lefifi? Ke eng fa boleele jwa malatsi bo sa tshwane mo ngwageng otlhe?
Go bonala sentle gore Nicarao o ne a batla go itse ka dilo tsa tlholego tse di mo dikologileng. Dipotso tsa gagwe di senola go le gontsi ka dilo tsa bodumedi tse a di dumelang. Di senola gore o ne a kgatlhegela e bile a tshwenyegile ka dilo tse di tshwanang le tsa batho ba le bantsi gompieno. Mme lebaka la go bo Nicarao le batho ba gagwe ba ne ba itse ka morwalela o mogolo le re gopotsa se Baebele e se bolelang.—Genesise 7:17-19.
Le fa setso sa ga Nicarao se ne se remeletse thata mo tirisabadimong le mo meetlong ya go ntsha batho ditlhabelo, o ne a tshwenyegile ka boitshwaro le ka tsela e batho ba gagwe ba neng ba tshela ka yone. Dipotso tsa gagwe di naya bosupi jwa gore batho ba na le segakolodi. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana malebana le kgang eno: “Segakolodi sa bone se naya bosupi kaga bone e bile, mo gare ga dikakanyo tsa bone, ba a latofadiwa kgotsa ga ba bonwe molato.”—Baroma 2:14, 15.
Gompieno sefikantswe sa ga Kgosi Nicarao se tlhomilwe gaufi le lefelo le go akanngwang gore o ne a kopana le babatlisisi ba Ba-Spain ka lekgetlho la ntlha gone gore e nne segopodiso. Go batla go itse ga gagwe, go go neng ga dira gore a akanye thata ka botshelo le dilo tse di mo dikologileng, e ka nna sekao mo go rona.—Baroma 1:20.
[Mmapa mo go tsebe 21]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Nicaragua
AMERIKA BORWA
LEWATLE LA ATLANTIC