Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Ke Eng se se Farologaneng?

A o ka kgona go bona dilo tse tharo tse di sa tshwaneng fa gare ga setshwantsho A le setshwantsho B? Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e fa tlase fano mme o bo o feleletsa ditshwantsho tseno ka go di tsenya mebala.

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Isaia 6:1-8.

1. ․․․․․

2. ․․․․․

3. ․․․․․

4. Ke setshwantsho sefe se se siameng, a ke setshwantsho A kgotsa setshwantsho B?

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

Isaia o ne a na le boikutlo bofe jo bo siameng? O ka bontsha jang gore o na le moya wa boikokobetso le wa go ithaopa?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Pesalema 110:3; Mathaio 28:19, 20.

DILO TSE DI KA DIRWANG KE LELAPA:

Dira gore mongwe le mongwe mo lelapeng a dire dipatlisiso ka dintlha tse di malebana le tiro e e dirwang ke baengele. Morago ga moo, kopanang mme lo tlotle ka se lo se ithutileng. Ka sekai, maikarabelo mangwe a baengele ke afe?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Pesalema 34:7; Bahebera 1:14; Tshenolo 14:6, 7.

A baengele ba rulagantswe?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Pesalema 103:19-21.

A baengele ba ikokobeditse mme a ba iketleeleditse go thusa batho ba bangwe?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Baatlhodi 13:17, 18; Luke 22:43; Tshenolo 22:8, 9.

Di Boloke Mme o Ithute ka Tsone

Segolola, o bo o mena botlhanngwe jwa yone mme o bo o e boloka

KARATA YA BAEBELE 12 ISAIA

DIPOTSO

A. Ke mang yo o neng a tsamaya le Isaia fa a ne a isetsa Kgosi Ahase molaetsa?

B. Fa Jehofa a ne a botsa ka go re, “Ke tla roma mang?” Isaia o ne a araba ka go reng?

C. Isaia o ne a bolela pele jaana: “Lefatshe le tla tlala . . . ”

[Tšhate]

4026 B.C.E. Adame o a bopiwa

O ne a tshela ka dingwaga tsa mo e ka nnang ka 700 B.C.E.

1 C.E.

98 C.E. Go kwalwa ga buka ya bofelo ya Baebele

[Mmapa]

O ne a nna kwa Jerusalema

Jerusalema

ISAIA

DINTLHA KA GA GAGWE

Moporofeti yo o ikanyegang yo o neng a dira gore kobamelo ya Modimo e nne nngwe ya dilo tse di dirwang mo lelapeng la gagwe. O ne a tlhomela ba lelapa la gagwe sekao se se molemo mo tseleng e a neng a dira bodiredi jwa gagwe ka yone. Mosadi wa gagwe o ne a bidiwa “moporofeti wa mosadi.” (Isaia 7:3; 8:3, 18) Isaia o ne a direla Modimo ka dingwaga tse di ka nnang 46. Leina la gagwe le kaya “Poloko ya ga Jehofa.”

DIKARABO

A. Morwawe, e bong Sheare-jashube.—Isaia 7:3.

B. “Ke fano! Roma nna.”—Isaia 6:8.

C. “. . . kitso ya ga Jehofa.”—Isaia 11:9.

Batho le Dinaga

5. Maina a rona ke Abigail wa dingwaga di le robongwe le Jeriah wa dingwaga di le supa. Re nna kwa India. Ke Basupi ba ga Jehofa ba le kae ba ba nnang kwa India? A ke ba le 31 500, 59 600 kgotsa 86 000?

6. Ke khutlo efe e e bontshang gore re nna kae? E thalele mme o bo o torowa khutlo e e bontshang gore wena o nna kae mme o bone gore o gaufi go le kana kang le India.

A

B

C

D

Bana Batlang Ditshwantsho Tseno

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

Fa o batla go printa dikhopi tse di oketsegileng tsa setlhogo seno sa “Motlotlo wa Lelapa,” ya kwa go www.pr418.com

● Dikarabo tsa “MOTLOTLO WA LELAPA” di mo tsebe 20

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBE 30 LE 31

1. Moengele o na le diphuka di le thataro mo setshwantshong se sengwe mme o na le di le nnè mo go se sengwe.

2. Moengele o tshwere tang mo setshwantshong se sengwe mme o tshwere tšhaka mo go se sengwe.

3. Legala le ama dipounama tsa ga Isaia mo setshwantshong se sengwe mme le ama diatla tsa gagwe mo go se sengwe.

4. B.

5. 31 500.

6. B.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]

La Voz de Galicia/​Fotógrafo: Víctor Mejuto