Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Setlhare sa Keresemose—Tshimologo ya Sone Pele ga Motlha wa Bokeresete

Setlhare sa Keresemose—Tshimologo ya Sone Pele ga Motlha wa Bokeresete

Setlhare sa Keresemose—Tshimologo ya Sone Pele ga Motlha wa Bokeresete

MO DIKAROLONG di le dintsi tsa lefatshe setlhare se se nnang se le tala sa Keresemose se itsiwe thata ka go dirisiwa mo meketeng ya malatsi a boikhutso le mo kgwebong. Setlhare seno ga se bolo go dirisiwa mo bodumeding go tloga kwa tshimologong ya hisitori ya batho.

Seno se bonala kwa Porofenseng ya Bohuslän e e kwa lotshitshing lo lo kwa bophirima jwa Sweden le kwa porofenseng e e gaufi ya Østfold kwa Norway. Kwa mafelong ao, go ile ga fitlhelwa matlapa a a gabilweng a a fetang 75 000 kwa mafelong a a farologaneng a a ka nnang 5 000. Baithutamarope ba bolela gore bontsi jwa matlapa ano a a gabilweng a dirilwe mo e ka nnang mo magareng ga dingwaga tsa bo1 800 le 500 B.C.E. *

Matlapa ano a a tlhomologileng a a gabilweng a senola sengwe ka ditumelo tsa batho ba ba neng ba tshela bogologolo thata pele ga Jesu wa Nasaretha a tsholwa. Ka sekai, babatlisisi bangwe ba akanya gore mo metlheng ya bogologolo kwa mafelong a gone jaanong e leng Sweden le Norway, ditlhare tse di nnang di le tala tse di jaaka di-spruce, di ne di dirisiwa go tshwantshetsa dilo tse di boitshepo.

Ke eng fa batho ba ba nnang kwa mafelong ano a lefatshe a a kwa lotshitshing lo lo kwa ntlheng e e kwa bokone jo bo kwa kgakala ba ile ba dira matlapa a ba gabileng ditshwantsho tsa ditlhare tsa spruce mo go one? Bakanoki bangwe ba akantsha gore lebaka le lengwe la go bo go gabilwe ditshwantsho tseno e ka tswa e le ka go bo ditlhare tseno di ne di bonwa ka sewelo mo motlheng wa pele ga Bokeresete. Go a utlwala go bo setlhare se se nnang se le tala kgotsa se sa swe fa ditlhare tse dingwe tsone di lebega e kete di a swa mo maemong a bosa a a tsididi, e ne e lebega e le masaitseweng.

Ditlhare ga di bolo go dirisiwa go tshwantshetsa botshelo, go falola le bosasweng mo ditsong di le dintsi go ralala lefatshe. Ntlha eno gape e ka re thusa go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa ditshwantsho tsa ditlhare tse di nnang di le tala tse di neng di lebega e le tsa di-spruce di ne di gabilwe mo matlapeng kwa Bohuslän le Østfold makgolokgolo a dingwaga pele ga setlhare seno se gola thata kwa lefelong leo.

Buka ya Rock Carvings in the Borderlands, e e gatisitsweng ka tirisanommogo ya Swedish National Heritage Board, ya re: “Ditshwantsho tsa ditlhare tse di gabilweng mo matlapeng di bontsha gore fa e sale ka nako e go neng go simololwa go dirisiwa boronse ka yone, kgaolo e e kwa borwa jwa Scandinavia e ne e amana le bodumedi le setso sa se gone jaanong e leng Yuropa le dikarolo tse dikgolo tsa Asia. Bodumedi le thutalobopo di ne di tsamaisana le batho ba ba neng ba itshedisa ka temothuo le go rua diphologolo. Gantsi ba ne ba obamela medimo e e tshwanang le fa maina a medimo eo a ne a sa tshwane.”

Bukana ya The Rock Carving Tour, e e gatisitsweng ke Bohusläns Museum, e tswelela ka go tlhalosa jaana: “Batho ba ba gabang matlapa ba ne ba sa batle go gaba dilo tse di diregang letsatsi le letsatsi. Re dumela gore gongwe ditshwantsho tsa bone e ne e le mofuta mongwe wa thapelo le dikopo tse di yang kwa medimong.” Bukana eno e oketsa jaana: “Ditumelo tsa bone di ne di remeletse mo modikologong o o sa feleng wa botshelo, e leng go tsala, loso le go tsholwa gape.”

Buka ya tshedimosetso ya ditshupiso ya Nationalencyklopedin ya naga ya Sweden e bolela jaana fa e tlhalosa mokgwa o o tlhomologileng wa ga taka, o o dirilweng bogologolo pele ga go simololwa mokgwa wa go kwala kwa Yuropa bokone: “Lebaka la go bo go ne go na le ditshwantsho tse dintsi tse di ka ga tlhakanelodikobo le bontsha kafa kobamelo ya tsalo e neng e le botlhokwa ka teng mo bodumeding jwa batho ba kwa Bokone ba nako e go neng go simololwa go dirisiwa boronse ka yone.”

Go bonala sentle gore, dingwao tse di amanang le ditlhare tse di nnang di le tala di ne tsa anama mme tsa simolola go amogelwa kwa mafelong a mantsi. Encyclopædia Britannica e bolela jaana malebana le setlhare sa Keresemose: “Go obamela ditlhare go ne go tlwaelegile mo gare ga Bayuropa ba baheitane mme ba ne ba tswelela go dirisa dingwao tseno fa ba sena go fetoga Bakeresete.” Go ne go ntse jalo le ka meetlo le dingwao tse di farologaneng, go akaretsa le “ngwao ya . . . go baya setlhare sa Keresemose mo matsenong kgotsa mo ntlong ka nako ya malatsi a boikhutso mo gare ga paka ya mariga.”

Dingwao tsa bogologolo tsa setlhare se se nnang se le tala di ne tsa simolola go dirisiwa thata mo motlheng wa segompieno ka 1841 fa lelapa la segosi la Baboritane le ne le dirisa setlhare se se kgabisitsweng sa spruce mo meletlong ya bone ya Keresemose. Gompieno setlhare sa Keresemose se itsiwe gongwe le gongwe mo lefatsheng mme go bonala palo ya batho ba ba batlang ditlhare tsa Keresemose tsa tlholego le tse e seng tsa mmatota e ntse e oketsega. Go ntse go le jalo, go gabiwa ga matlapa a kwa Scandinavia go neela bosupi jwa gore setlhare sa Keresemose ga se simologe mo Bokereseteng.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Mangwe a mafelo a matlapa a a gabilweng a kwa Bohuslän a tsentswe mo lenaaneng la UNESCO la Mafelo a a Tsewang E le A Botlhokwa Thata mo Lefatsheng.

[Mafoko a a mo go tsebe 12]

Go gabiwa ga matlapa go bontsha gore kobamelo ya boheitane ya setlhare se se nnang se le tala e simologile pele ga motlha wa ga Keresete

[Ditshwantsho mo go tsebe 13]

Matlapa a a gabilweng a a bontshang ditlhare tsa kwa (1) Torsbo, (2) Backa le (3) Lökeberg, Sweden

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy Stiftelsen för dokumentation av Bohusläns hällristningar