Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thanolo ya King James Version—Kafa e Ileng ya Tuma ka Teng

Thanolo ya King James Version—Kafa e Ileng ya Tuma ka Teng

Thanolo ya King James Version—Kafa e Ileng ya Tuma ka Teng

GO ILE ga tshwarwa meletlo e le mentsi kwa Engelane monongwaga go keteka ngwaga wa bo400 wa thanolo ya Baebele ya King James e gape e itsegeng e le Authorized Version. E ne ya akaretsa dithulaganyo tse di kgethegileng tsa thelebishene le radio, mmogo le dikokoano, dithuto tsa tlhatlhelelo le diseminara.

Prince Charles o ne a etelela pele mo go ketekeng letlotlo la setšhaba le le reeletsweng ka leina la Kgosi James I wa kwa Engelane. Le fa go ntse jalo, go tlile jang gore King James Version, e e gatisitsweng ka May 1611, e ratiwe thata jaana ke batho ba ba buang Seesemane?

Tiro ya Thanolo e a Gola

Mo bogareng jwa lekgolo la bo16 la dingwaga, batho ba le bantsi go ralala Yuropa ba ne ba simolotse go batla go itse ka dithuto tsa Baebele. Mo e ka nnang makgolo a mabedi a dingwaga pele ga foo, ka 1382, John Wycliffe o ne a dirile gore batho ba ba buang Seesemane ba batle go bala Baebele ka puo ya bone ka gonne o ne a e ranotse go tswa mo Selatineng go ya mo Seesemaneng. Mo makgolong a mabedi a dingwaga a a latelang, balatedi ba gagwe, e leng Ba-Lollard, ba ne ba anamisa mekwalo ya Baebele e e kwadilweng ka seatla mo nageng yotlhe.

New Testament ya mokanoki mongwe wa Baebele e bong William Tyndale le yone e ile ya nna thanolo e nngwe e e botlhokwa. E ne ya ranolwa go tswa mo Segerikeng sa ntlhantlha go ya mo Seesemaneng ka 1525. Ka bonako morago ga foo, ka 1535, Miles Coverdale o ne a golola Baebele ya gagwe e e feletseng ya Seesemane. Ngwaga pele ga foo, Henry VIII o ne a kgaogana le Kereke ya Katoliki mme gape o ne a dira leano lengwe le le botlhale. Gore Henry VIII a nonotshe boemo jwa gagwe jaaka tlhogo ya Kereke ya Engelane, o ne a laela gore go ranolelwe Baebele mo Seesemaneng. E itsiwe e le Great Bible. Baebele eno e e neng ya gatisiwa ka 1539, e ne e le bolumo e kgolo e e kwadilweng ka mokwalo o mokima wa Se-Goth.

Ba-Puritan le Baporotesetanta ba bangwe ba e neng e le batshabi go ralala Yuropa ba ne ba nna kwa Geneva, kwa Switzerland. Ka 1560 go ne ga gololwa Geneva Bible, e leng Baebele ya ntlha ya Seesemane e e neng e balega motlhofo, e dikgaolo tsa yone di neng di kgaogantswe ka ditemana. E ne ya romelwa go tswa kwa kontinenteng ya Yuropa go ya kwa Engelane mme ya tuma ka bonako. Kgabagare ka 1576, Geneva Bible e ne ya gatisiwa le kwa Engelane. Dimmapa le dintlha tse di kwadilweng mo matlhakoreng di ne tsa thusa go tlhalosa se se kwadilweng. Mme babadi bangwe ba yone ba ne ba tenwa ke dintlha tsa yone ka gonne di ne di bua kgatlhanong le bomopapa.

Go Lebana le Kgwetlho

E re ka Great Bible e ile ya se ka ya amogelwa ke mongwe le mongwe mme Geneva Bible yone e ne e na le dintlhanyana tse di kwa tlase tse di neng di baka dikgotlhang, go ne ga swediwa ka gore go dirwe Baebele e e tokafaditsweng. Go ne ga tlhophiwa gore go dirisiwe thanolo ya Great Bible go e tokafatsa. Tiro eno e ne ya newa bobishopo ba Kereke ya Engelane mme ka 1568 go ne ga gatisiwa thanolo ya Bishops’ Bible. Baebele eno e ne e le bolumo e kgolo mme e ne e na le ditshwantsho tse dintsi. Mme Ba-Calvin, ba ba neng ba le kgatlhanong le direto tsa sedumedi, ba ne ba sa rate go dirisiwa ga lefoko “bobishopo.” Ka jalo, Bishops’ Bible ga ya ka ya amogelwa ke batho botlhe kwa Engelane.

Fa Kgosi James I a sena go tlhomiwa mo setulong sa bogosi kwa Engelane ka 1603, * o ne a rotloetsa gore Baebele e ranolwe sesha. O ne a bolela gore, go dira gore Baebele eo e se ka ya kgopisa ope, baranodi ba tshwanetse go tlosa dintlha kgotsa dikakgelo dipe fela tse di kgopisang.

Kgosi James o ne a dira gore tiro eno e tswelele pele. Kgabagare, bakanoki ba le 47 go tswa mo ditlhopheng di le thataro tse di farologaneng go ralala naga ba ne ba ranola dikarolo tsa thanolo eo. Ka go dirisa thanolo ya ga Tyndale le ya ga Coverdale, se tota bakanoki bano ba Baebele ba neng ba se dira e ne e le go tokafatsa Bishops’ Bible. Le fa go ntse jalo, gape ba ne ba dirisa le Geneva Bible le Roman Catholic Rheims New Testament ya 1582.

James ka boene e ne e le mokanoki yo o tlotlegang wa Baebele mme mafoko a a mo ketapeleng ya thanolo eno a a reng “go kgosana e e kwa godimo le e e maatla e bong James” a supa gore ke ene a e simolotseng. E re ka James e ne e le tlhogo ya Kereke ya Engelane, maiteko a a neng a a dira a go ranola Baebele a ne a tsewa e le a go kopanya setšhaba.

Buka e e Kwadilweng ka Botswerere

Baruti ba ne ba itumeletse gore kgosi ya bone e ba neile Baebele “e e neng e diretswe go balwa mo Dikerekeng.” Le fa go ntse jalo, go ne go sa ntse go setse potso ya go re, Setšhaba se ne se tla amogela jang thanolo eno e ntšha ya Baebele?

Mo ketapeleng ya bone ya ntlhantlha e e okeditsweng, baranodi ba ne ba bontsha dipelaelo tsa bone tsa gore a thanolo e ntšha eno e tla amogelwa. Le fa go ntse jalo, King James Version e ne ya amogelwa, le fa gone go ile ga tsaya dingwaga tse di ka nnang 30 gore batho ba simolole go rata go e bala go na le Geneva Bible.

The Bible and the Anglo-Saxon People ya re: “Ka nako ya fa e setse e amogelwa ke mongwe le mongwe, e ne e setse e tsewa e le yone e e tshwanelang ka ntlha ya botswerere jo e kwadilweng ka jone.” The Cambridge History of the Bible e konela jaana: “Thanolo ya yone e ne e tsewa e tswa kwa Modimong ka boene; mo e leng gore Bakeresete ba le bantsi ba ba buang Seesemane ba ne ba tsaya go fetola mafoko a King James Version go tshwana le go tlhapatsa Modimo.”

Go ya Kwa Dikhutlong Tsa Lefatshe

Masetlelara a ntlha a a neng a tswa kwa Engelane a a neng a fitlha kwa Amerika Bokone a ne a tla le Geneva Bible. Le fa go ntse jalo, moragonyana King James Version ke yone e e neng ya amogelwa thata kwa Amerika. Fa Mmusomogolo wa Boritane o ntse o anama go ralala lefatshe, barongwa ba Baporotesetanta ba ne ba dira gore thanolo eno e dirisiwe thata. E re ka batho ba le bantsi ba ba neng ba ranolela Baebele mo dipuong tse di buiwang mo mafelong a bone ba ne ba sa itse Segerika le Sehebera sa Baebele, ba ne ba dirisa King James Version ya Seesemane go ranolela mo dipuong tseo.

Gompieno, go ya ka British Library, “Thanolo ya Baebele ya King James, kgotsa Authorised Version, e sa ntse e le thanolo e e gatisiwang thata mo puong ya Seesemane.” Diphopholetso dingwe di bontsha gore palo ya dikhopi tsa King James Version tse di gatisitsweng mo lefatsheng lotlhe ke tse di fetang bilione!

Nako ya Diphetogo

Go ralala makgolokgolo a dingwaga, batho ba le bantsi ba ile ba dumela gore King James Version ke yone fela Baebele ya “boammaaruri.” Ka 1870, tiro ya go e tokafatsa yotlhe e ne ya simolola kwa Engelane. Moragonyana go ne ga tokafadiwa thanolo ya American go sekae mme go ne ga felela ka gore go nne le English Revised Version e e neng ya gatisiwa e le American Standard Version. * Mo thanolong e e tokafaditsweng bosheng jaana ka 1982, ketapele ya Revised Authorised Version ya re go ile ga dirwa maiteko “a gore go bolokwe mokgwa o montle o e kwadilweng ka one o o tseelwang kwa godimo thata mo go Authorised Version” ya 1611.

Le fa Baebele e le buka e e rekisiwang thata mo lefatsheng—mme King James Version e le e e tumileng thata—Porofesa Richard G. Moulton o ne a bolela jaana: “Re dirile mo e ka nnang sengwe le sengwe se re ka se kgonang ka mekwalo eno ya Sehebera le ya Segerika. . . . Re ile ra e ranola [mme] ra tokafatsa dithanolo tsa tsone . . . Go sa ntse go setse selo se le sengwe se re ka se dirang ka Baebele: go e bala fela.”

Ga go na pelaelo gore King James Version ke buka e e kwadilweng ka botswerere, e e anaanelwang le go tsewa e le botlhokwa ka ntlha ya mafoko a yone a mantle a a ka se tshwantshiweng le ape. Mme go tweng ka botlhokwa jwa molaetsa wa yone? Mekwalo e e tlhotlheleditsweng ya Baebele e senola tharabololo e e tla nnelang ruri ya mathata a dinako tsa mathata tse re tshelang mo go tsone. Go sa kgathalesege gore o tlhopha go dirisa thanolo efe, Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa go ithuta Baebele.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 10 James o ne a tsholwa ka 1566 mme o ne a tlhomiwa mo setulong sa bogosi ka 1567 e le James VI wa kwa Scotland. Fa a ne a tlhomiwa go nna Kgosi James I wa Engelane ka 1603, o ne a nna mmusi wa dinaga tseo tsoopedi. Ka 1604, James o ne a dirisa sereto sa “Kgosi ya Great Britain.”

^ ser. 21 Bona lebokoso la setlhogo se se reng “American Standard Version.”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe  23]

AMERICAN STANDARD VERSION

Ka 1901, go ne ga gatisiwa American Standard Version. E ne e theilwe mo thanolong ya King James Version. Ketapele ya yone ya re: “Ga re itlhokomolose tsela e ntle e Authorized [King James] Version e kwadilweng ka yone.” Le fa go ntse jalo, American Standard Version e ne ya dira phetogo e e botlhokwa.

Ketapele ya yone e tlhalosa jaana: “Morago ga gore batho ba ba neng ba tokafatsa thanolo eno ya Amerika ba sekaseke thanolo eno ka kelotlhoko, ba ne ba dumalana ka gore tumelobotlhodi ya Sejuda ya gore Leina la Modimo le boitshepo thata gore le ka buiwa, ga e a tshwanela go tlhola e nna selo se se tlhotlheletsang thanolo ya Seesemane kgotsa thanolo epe fela ya Tesetamente e Kgologolo, jaaka go ntse mo dithanolong di le dintsi tse di ranotsweng ke barongwa ba segompieno.”

Ga se gore leina la Modimo e bong, Jehofa ga le tlhagelele gotlhelele mo go King James Version. Le tlhaga mo mafelong a le manè, e leng Ekesodo 6:3; Pesalema 83:18; Isaia 12:2; le Isaia 26:4. Le fa go ntse jalo, American Standard Version ya 1901, e ne ya busetsa leina leo mo mafelong a a ka nnang 7 000 a le tshwanetseng go nna mo go one mo Baebeleng.

[Setshwantsho]

1901

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe  24]

GO FITLHELELA SENGWE SE SE TLHOKEGANG SE SE KGETHEGILENG

Ka 1907 go ile ga gatisiwa Thanolo ya Baithuti ba Baebele ya King James Version kwa United States of America e gatisediwa Watch Tower Bible and Tract Society. E ne e na le dintlha tse di oketsegileng tse di bidiwang “Berean Bible Teachers’ Manual.” Moragonyana Basupi ba ga Jehofa ba ne ba gatisa King James Version mo metšhineng ya bone. Ka 1992 Basupi ba ne ba gatisitse dikhopi di le 1 858 368.

[Setshwantsho]

1907

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe  24]

THANOLO E E BOTLHOKWA YA SEGOMPIENO

Mo dingwageng di le 500 tse di fetileng, go ile ga gatisiwa dithanolo tse dintsi tsa Baebele (dingwe tsa tsone di gatisiwa ka dipuo tse dintsi). Thanolo e batho ba le bantsi ba e tsayang e le botlhokwa thata ke Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo. Go anamisitswe dikhopi tse di fetang dimilione di le 170, e le Baebele e e feletseng kgotsa e sa felela, ka dipuo di le 100. Dimmapa, kaedi ya yone e e kwadilweng ka dialefabete tse di latelanang le dintlha tse di oketsegileng tsa yone di thusitse babadi go tlhaloganya botoka molaetsa wa Baebele wa motlha wa rona.

[Setshwantsho]

1961

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

1611

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 22]

Art Resource, NY