Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsunami ya Kwa Japane ya 2011—Bafalodi ba Tlhalosa Se se Ba Diragaletseng

Tsunami ya Kwa Japane ya 2011—Bafalodi ba Tlhalosa Se se Ba Diragaletseng

Tsunami ya Kwa Japane ya 2011—Bafalodi ba Tlhalosa Se se Ba Diragaletseng

Bala ka dipego tsa batho ba ba falotseng thoromo ya lefatshe kwa Japane le tsunami e e neng ya latela.

KA LABOTLHANO, March 11, 2011 ka 2:46 p.m., thoromo ya lefatshe ya bonè e e maatla go gaisa e e kileng ya nna gone mo lefatsheng e ile ya itaya Japane. E ne ya dira gore go nne le tsunami e kgolo le dithoromo tse di maatla tse di ileng tsa latela morago ga thoromo e kgolo mme di ne tsa tswelela go boifisa batho ba mo lefelong leo dibeke di le dintsi. Go tlhokafetse kgotsa go nyeletse batho ba ba ka nnang 20 000. Le fa go ntse jalo, go ile ga falola batho ba le diketekete. Fa tlase fano batho bangwe ba ba falotseng ba tlhalosa se se ba diragaletseng.

Tadayuki le mosadi wa gagwe e bong Harumi, ba ne ba le kwa gae kwa Ishinomaki, kwa Kgaolong ya Miyagi, fa ba ne ba utlwa modumo o mogolo mme ntlo ya bone e simolola go tshikinyega thata. Tadayuki o ne a bolela jaana: “Re ne ra tabogela kwa ntle mme re ne ra tshoga fa re bona lefatshe le phatlogile. Re ne re lebile fa ntlo ya rona e ntse e ya kwa pele le kwa morago mme lerole le tswa mo maboteng e kete ke mosi.”

Lefelo le thoromo ya lefatshe e simologileng kwa go lone le ne le le dikilometara di le 129 go tswa kwa lotshitshing lwa lewatle la kwa Miyagi. Tsunami e ne ya baka tshenyo sekgala sa dikilometara di le 670 go ralala Lotshitshi lwa Pacific lwa kwa Japane. Mo mafelong mangwe, makhubu a ne a le bogodimo jwa dimetara di le 15 mme a ile a thuba lobota lo lo sireletsang dintshi tsa lewatle le tsa noka mme a ya bokgakala jwa dikilometara di le 40 go ya kwa batho ba nnang teng.

Mafelo a motlakase, a gase le mo metsi a a phepa a tswang teng a ne a senyegile gotlhelele. Matlo, mabenkele, le madirelo a a ka nnang 160 000 a ne a senyegile kgotsa a gogotswe ke metsi. Ka nako nngwe, batho ba ba tlhasetsweng ke tsunami ba ba ka nnang 440 000 ba ne ba nna mo mafelong a tshireletsego a nakwana a a ka nnang 2 500 a a jaaka dikolo le mafelo a mangwe a a mo tikologong. Batho ba bangwe ba le bantsi ba ne ba nna mo magaeng a ba malapa kgotsa a ditsala. Go ile ga swa batho ba le diketekete mme go na le ditopo di le diketekete tse di iseng di bonwe.

Go Tlhokafalelwa le Mahutsana

Tsunami e ile ya bolaya batho ba bantsi go feta thoromo ya lefatshe. Yoichi, yo o neng a nna kwa Rikuzentakata, kwa Kgaolong ya Iwate, o ne a lemoga ka bonako gore go tla latela tsunami morago ga thoromo ya lefatshe, ka jalo, o ne a isa batsadi ba gagwe kwa lefelong lengwe le le gaufi la tshireletsego. Morago ga foo, o ne a ya go tlhola baagelani ba gagwe. E re ka ba ne ba sa ntse ba tshwenyegile ka batsadi ba gagwe, Yoichi le mosadi wa gagwe e bong Tatsuko, ba ne ba batla go boa go ya go ba bona mme ba amogela molaetsa wa gore tsunami e a atamela.

Ba ne ba tabogela kwa lefelong le lengwe la tshireletsego mme ba ne ba sa kgone go tsena ka gonne botseno jwa moago oo bo ne bo thibilwe ke matlakala. Go tswa foo, ba ne ba bona moago o montshontsho wa madirelo a go segiwang ditlhare kwa go one o kgokologela kwa go bone. Tatsuko o ne a goa a re: “Taboga!”

Kgabagare ba ne ba fitlha kwa jarateng ya sekolo e e neng e le mo lefelong le le kwa godimo. Fa ba le koo, ba ne ba bona tsunami e kometsa tikologo yotlhe. Mongwe o ne a re: “Ntlo ya me e a gogolega.” Mo e ka nnang dikwatara di le tharo tsa toropo ya Rikuzentakata di ile tsa senngwa mme batsadi ba ga Yoichi ba ile ba gogolwa ke metsi. Setopo sa ga rraagwe ga se a ka sa bonwa; kgabagare setopo sa ga mmaagwe se ne sa bonwa.

Toru o ne a bereka mo madirelong a a gaufi le lotshitshi lwa lewatle kwa Ishinomaki. Fa thoromo ya ntlha e kokobela, o ne a tabogela kwa koloing ya gagwe gore a tshabe. O ne a goeletsa ba bangwe gore ba tshabele tsunami e a neng a belaela gore e tla latela.

Toru o ne a tlhalosa jaana: “La ntlha, ke ne ke ya kwa ntlong ya me, e e neng e le mo lefelong le le kwa godimo mme ke ne ka gaelelwa mo pharakanong e ntsi. Ke ne ka utlwa mo radiong ya koloi gore tsunami e setse e fitlhile mo toropong e e gaufi. Ke ne ka bula fensetere ya koloi ya me gore ke kgone go tshaba fa e ka tlhasela lefelo la rona. Go ise go ye kae, lobota lo logolo lwa metsi a mantsho a a bogodimo jwa dimetara tse di fetang di le pedi a ne a tla ntlheng ya me. Dikoloi tse di mo pele ga me di ne tsa kgoromelediwa mo go ya me mme rotlhe re ne ra gogolelwa kgakala thata le lotshitshi lwa lewatle.

“Ke ne ke ise ke tswe sentle ka fensetere ya koloi fa ke ne ke gogolwa ke metsi a a nkgang a a neng a na le oli. Metsi a ne a ntatlhela mo lebenkeleng le le baakanyang dikoloi, kwa ke neng ka itshwarelela ka ditepisi mme ka palamela kwa boalong jwa bobedi. Ke ne ka dira maiteko a magolo mme ka kgona go boloka batho ba le bararo ka go ba goga. Ba le mmalwa ba rona ba ne ba falola metsi a a neng a tlhatloga le bosigo jo bo tsididi jo go neng go wa kapoko mo go jone. Mme ga re a ka ra kgona go boloka batho ba bangwe ba ba neng ba goa ba kopa thuso.”

Pele ga thoromo ya lefatshe, Midori wa kwa Kamaishi, kwa Iwate, o ne a nna le nako e e itumedisang le rremogolo le mmèmogoloagwe. O ne a sa tswa go aloga kwa sekolong se segolwane mme o ne a ile go bontsha rremogoloagwe yo o neng a na le nakonyana a koafetse dipoloma ya gagwe. Rremogoloagwe o ne a balela dipoloma eo kwa godimo mme a akgolela Midori maiteko otlhe a a a dirileng. Malatsi a le matlhano morago ga tiragalo eo e e itumedisang, thoromo ya lefatshe e ne ya itaya.

Midori le mmaagwe e bong Yuko, ba ne ba kgothaletsa rremogolo le mmèmogoloagwe gore ba ye kwa lefelong le le sireletsegileng e re ka ba ne ba dumela gore tsunami e tla latela. Mme rremogoloagwe o ne a re: “Nnyaa, ga ke ye gope. Ditsunami ga di ise di ko di fitlhe mo mafelong a a kgakala ano a re nnang mo go one.” Ba ne ba leka go mo ntsha mo ntlong mme ba ne ba sa kgone go mo tsholetsa, ka jalo, ba ne ba ya go batla thuso. Le fa go ntse jalo, ka nako eo, tsunami e ne e setse e fitlhile mo lotshitshing lwa lewatle. Banna bangwe ba ba neng ba le mo thotwaneng e e gaufi ba ne ba goa jaana: “Itlhaganeleng! Tabogang!” Tsunami e ne ya kometsa matlo ka go latelana. Midori o ne a goa jaana a tshogile, “Rremogolo! Mmèmogolo!” mme go goa ga gagwe go ne ga utlwala kgakala. Setopo sa ga rremogoloagwe se ne sa bonwa moragonyana mme mmèmogoloagwe ga a ka a bonwa.

Maiteko a go Thusa

Puso ya kwa Japane e ne ya romela ka bonako batimamolelo, mapodisi le masole a tshireletso a a neng a tswa kwa mafelong a a farologaneng go ralala Japane. Mo nakong e khutshwane, batho ba ba fetang 130 000 ba ne ba nna le seabe mo tirong ya go thusa le ya go namola. Fa nako e ntse e tsamaya, thuso e ne ya tswa le kwa dinageng di sele le kwa mekgatlhong ya lefatshe lotlhe. Go ise go ye kae, ditlhopha di le dintsi tsa namolo mmogo le tsa ba kalafi di ne tsa garoga. Ba ne ba batla batho ba ba falotseng, ba thusa ka tsa kalafi le go tlosa matlakala.

Mekgatlho e e farologaneng e ne ya thusa maloko a yone. Basupi ba ga Jehofa e ne e le bangwe ba yone. Ka bonako fela morago ga thoromo ya lefatshe le tsunami ya Labotlhano thapama, Basupi ba ne ba ya go bona gore a batho ba ba kopanelang le bone ka metlha mo kobamelong ba sireletsegile. Le fa go ntse jalo, mo mafelong a le mantsi ditsela di ne di sa tsamaege mme ditirelo tsa motlakase le tsa thelefouno di ne di sa bereke. Go ne go le boima thata go bona batho mo lefelong le le neng le amilwe thata ke thoromo ya lefatshe.

Takayuki, mongwe wa bagolwane mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Soma, kwa Kgaolong ya Fukushima, o ne a kgona go ikgolaganya le malapa a le mmalwa fela ka thapama ya Labotlhano oo o o tshosang. O ne a re: “Ke ne ka swetsa ka gore ke ye go batla ba bangwe mo letsatsing le le latelang. Fa bosigo bo sa, ke ne ka simolola go tsamaya ka koloi morago ga foo ka tsamaya ka maoto go ya go ba batla mme ka tswelela pele go fitlha maitseboa. Ke ne ka ya kwa mafelong a le 20, go akaretsa le mafelo a tshireletsego, go ya go batla maloko a phuthego. Fa ke ba fitlhela, ke ne ka bala le bone ditemana tsa Baebele le go rapela le bone.”

Shunji, wa kwa Ishinomaki, o tlhalosa jaana: “Re ne ra rulaganya ditlhopha go ya go batla badumedi ka rona. Fa re tsena mo lefelong le le iteilweng ke masetlapelo, re ne re gamaregisitswe ke se re se bonang. Dikoloi di ne di akgega mo dipaleng tsa motlakase, matlo a ne a tlhatlagane mme matlakala a ne a koelane e bile a le bogodimo jo bo fetang jwa matlo. Mo godimo ga koloi nngwe, re ne ra bona setopo sa motho yo gongwe a paletsweng ke go falola ka ntlha ya bosigo jo bo tsididi thata. Koloi e nngwe e ne e kaname mme e akgega fa gare ga matlo. Go ne go na le setopo mo go yone.”

Shunji o ne a wela makgwafo fa a fitlhela baobamedi mmogo le ene kwa mafelong a tshireletsego. A re: “Fa ke kopana le bone, ke ne ka lemoga kafa ke ba ratang thata ka teng.”

“Lo Tlile ka Bonako Thata!”

Basadi ba babedi ba basha ba Basupi e bong, Yui le Mizuki, e ne e le baagelani kwa ba neng ba nna teng kwa Minamisanriku, kwa Miyagi. Fa thoromo ya ntlha e kokobela, ba ne ba tabogela kwa ntle mme ba bonana. Ba ne ba tabogela mmogo kwa lefelong le le kwa godimo. Metsotso e e kwa tlase ga e le lesome moragonyana, ba ne ba lebile fa toropo yotlhe mmogo le matlo a bone a gogolwa ke makhubu a a latelanang.

Fa Yui le Mizuki ba fitlhela ditsala tsa Basupi kwa lefelong lengwe la tshireletsego, ba ne ba rapela mmogo le bone. Mo mosong o o latelang, maloko mangwe a phuthego ya bone mmogo le ba diphuthego tse dingwe ba ne ba kgabaganya thaba go ba tlisetsa dijo le dilwana tse dingwe. Yui le Mizuki ba ne ba bolela jaana: “Re ne re itse gore lo tla tla mme lo tlile ka bonako thata!”

Hideharu, mongwe wa balebedi ba Basupi go tswa kwa Phuthegong ya Tome, o ne a etela lefelo leno. O tlhalosa jaana: “Ke lekile go batla ditsala tsa rona tse di nnang gaufi le lotshitshi bosigo jotlhe. Kgabagare ka 4:00 a.m., ke ne ka amogela tshedimosetso ka sekolo sengwe se bangwe ba tshabetseng kwa go sone. Ka 7:00 a.m., mo e ka nnang ba le lesome ba rona ba ne ba phuthega go apaya raese mme ba le bararo ba rona ba ne ba tsamaya ka koloi go isa dijo. Bontsi jwa ditsela di ne di sa tsamaege. Morago ga go dira maiteko a magolo, re ne ra fitlha kwa sekolong. Tota le batho ba ba neng ba latlhegetswe ke magae a bone ba ne ba re thusa gore re thuse ba bangwe.”

Go ba Tlhokomela Ka se Ba se Tlhokang Semoyeng

Basupi ba ga Jehofa ba kopana ka metlha go ithuta Baebele mme diphuthego dingwe di dira jalo ka Bolabotlhano maitseboa. Go ne go ntse jalo le kwa Rikuzentakata; le fa go ntse jalo Holo ya Bogosi—lefelo la kobamelo la Basupi—e ne e sa tswa go gogolwa ke tsunami. Mosupi mongwe o ne a akantsha jaana: “A re tshwareng pokano.” Ka jalo, go ne ga tlhophiwa ntlo e e neng e sa senyega thata mme maloko a phuthego a ne a itsisiwe.

Le fa motlakase o ne o kgaotswe, go ne go na le jenereitara e e neng e kgona go bonesa. Go ne go na le batho ba le 16. Yasuyuki yo mosha, yo o latlhegetsweng ke folete ya gagwe ka ntlha ya tsunami, o gakologelwa jaana: “Re ne ra lela ka ntlha ya boitumelo. E ne e le botshabelo jo bo molemolemo mo go rona.” Hideko o ne a bolela jaana: “Gantsi dithoromo tse di maatla tse di neng tsa latela morago ga thoromo e kgolo di ne di kgoreletsa pokano mme fa re ne re le mmogo, ke ne ke lebala ka poifo le ditlhobaelo tse di neng di ntshwenya.”

Fa e sa le ka nako eo, phuthego e ntse e tshwara pokano nngwe le nngwe ka metlha. Malatsi a le mabedi moragonyana, ka Sontaga, setlhogo sa puo se se neng se tlhophilwe go neelwa ka ntlha ya tiragalo eo se ne se re, “Bokaulengwe Jwa Lefatshe Lotlhe bo Bolokilwe mo Masetlapelong.”

Tiro e e Rulaganeng ya Namolo

Go ise go ye kae, mekgatlho e e farologaneng ya puso e ne ya simolola tiro ya namolo mme ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e e kwa Ebina, gaufi le Tokyo, le yone e ne ya dira jalo. Ka Matlhatso, letsatsi morago ga thoromo ya lefatshe, lekala le ne le setse le kgaogantse karolo e kgolo e e amilweng ke thoromo ya lefatshe ka dikarolo di le tharo. Ka Mantaga, malatsi a le mararo morago ga thoromo ya lefatshe, baemedi ba ba tswang kwa lekaleng ba ne ba etela dikarolo tseno.

Ditiro tsa namolo di ne tsa tswelela ka dibeke le dikgwedi di le dintsi tse di latelang. Go ile ga anamisiwa dilwana tse dintsi tse di tswang kwa Basuping. Ka nako nngwe, mafelo a namolo a le mararo le mabolokelo a le 21 le mafelo a mangwe a ne a na le batho ba ba neng ba tshwaregile thata ka go isa dilo tsa namolo kwa di tlhokegang gone. Mo dikgweding di le pedi tsa ntlha, baithaopi ba le makgolokgolo ba ne ba anamisa ditone di le 250 tsa dijo, diaparo le dilo tse dingwe tse di tlhokegang. Basupi ba le bantsi ba ne ba abelana dilwana tseno le baagelani ba bone.

Maloko a phuthego ya Rikuzentakata le phuthego e e gaufi ya Ofunato ya Basupi ba ga Jehofa a dirisa Diholo tsa bone tsa Bogosi tse di agilweng sesha go nonotsha batho semoyeng. Seno se tla thusa batho ba ba mo mafelong ao go lepalepana le mathata a ba lebanang le one a go simolola matshelo a bone sesha le go lepalepana le kutlobotlhoko e e bakilweng ke thoromo ya lefatshe le tsunami e e sentseng. Mo Basuping ba ba fetang 14 000 ba ba nnang mo lefelong le le iteilweng ke masetlapelo, go ile ga tlhomamisiwa gore ba le 12 ba tlhokafetse mme ba babedi ga ba ise ba bonwe.

Bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa ba ba amilweng ke masetlapelo ano a a tshosang ba ne ba bua se se tshwanang le se se neng sa bolelwa ke lelapa lengwe le le neng la re: “Fa re ne re tshaba, mongwe le mongwe wa rona o ne a tshwere beke e le nngwe fela. Mme badumedi ka rona ba ile ba re thusa ka dilo tsotlhe tse re di tlhokang.” Abo go itumedisa jang ne go bo batlhanka ba Modimo wa boammaaruri, e bong Jehofa, ba kgona go itumelela bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe jo Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba neng ba bua ka jone! Kamano eno e ka se ka ya fedisiwa ke tsunami kgotsa ke masetlapelo ape a mangwe a tlholego.—Johane 13:34, 35; Bahebera 10:24, 25; 1 Petere 5:9.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe  18]

MASETLAPELO A NUKLEA A A LATELA

Go senngwa ga metšhini ya maatla a nuklea ke tsunami kwa lefelong la metšhini eno kwa Fukushima Daiichi, go ne ga dira ditlhogo tsa dikgang go ralala lefatshe. Digase tse di kotsi di ne tsa anama go ralala Japane le kwa dinageng tse dingwe. Batho ba le diketekete ba ne ba fudusiwa ka gonne go boifiwa gore ba ka amiwa ke marang a a botlhole.

Megumi o tlhalosa jaana: “Ntlo ya rona e ne e le gaufi le lefelo le motšhini wa nuklea o neng o le gone. Letsatsi morago ga thoromo ya lefatshe, re ne ra utlwa ka go senyega ga lefelo le motlakase o fetlhiwang mo go lone mme re ne ra bolelelwa gore re tshabe.” Monnawe e bong Natsumi o gakologelwa jaana: “Dihelikopotara di ne di fofa kwa godimo, di-siren di ne di lela mme go ne go na le motho yo o neng a tlhaeletsa gore re tswe re tshabe.” Mo dibekeng tse di latelang, ba ne ba fudugela kwa mafelong a le robongwe a a farologaneng. Kgabagare, basetsana bano ba babedi ba ne ba letlelelwa go boela gae ka diura di le pedi fela gore ba ye go tsaya dilwana dingwe.

Chikako, yo o mo dingwageng tsa bo60, o ne a le kwa Namie, kwa Fukushima. “Fa thoromo ya lefatshe e itaya, ke ne ka ya kwa lefelong la tshireletsego le le gaufi. Fa re le koo, nna le bana ba me ba babedi re ne ra nna bosigo jotlhe re sa robala ka ntlha ya dithoromo tse di maatla tse di neng tsa latela morago ga thoromo e kgolo. Ka 7:00 a.m. letsatsi le le latelang, re ne ra bolelelwa gore re fudugele ka bonako kwa lefelong la tshireletsego kwa toropong e nngwe.

“Ditsela di ne di tletse ka dikoloi, ka jalo, re ne ra goroga kwa re neng re tshwanetse go ya gone ka ura ya boraro thapama. Koo, re ne ra utlwa ka go thunya ga lefelo la maatla a nuklea. Ke ne ke akanya gore re tla boela gae ka bonako, ka jalo re ne re sa tshola sepe.” Ene le ba lelapa la gagwe ba ne ba fuduga go tswa mo lefelong le lengwe go ya go le lengwe go fitlha kgabagare ba bona folete e e neng e le kgakala le legae la bone.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photo by DigitalGlobe via Getty Images

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe  20]

SE ROTLHE RE KA SE ITHUTANG

Yoichi, yo o tswang kwa Rikuzentakata, yo o umakilweng pelenyana, yo o latlhegetsweng ke bontsi jwa dithoto tsa gagwe, o ne a re: “Ke na le bosupi jwa gore dilo tse di bonalang ga di tlise pabalesego.” Mafoko a a ntseng jalo ga a bolo go buiwa ke batlhanka ba Modimo, segolobogolo ba ba ithutileng sengwe mo go se Jesu a ileng a se ba ruta. O ne a tlhalosa kafa dithoto di seng botlhokwa thata ka gone fa di bapisiwa le go amogelwa ke Modimo le masego a gagwe.—Mathaio 6:19, 20, 33, 34.

Thuto e nngwe ke gore re tshwanetse go tsaya kgato fa go ntshiwa ditlhagiso. Go dira jalo go ka dira gore re falole kgotsa re se ka ra falola. Batho ba kwa Japane ba ba ileng ba itlhaganelela go ya kwa mafelong a a kwa godimo, gantsi ba ne ba falola.

[Mmapa/Ditshwantsho mo go tsebe 16]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

JAPANE

TOKYO

Kamaishi

Rikuzentakata

Minamisanriku

Ishinomaki

Soma

Lefelo la maatla a nuklea la Fukushima

Ebina

Ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa

[Ditshwantsho]

Rikuzentakata, Iwate

Soma, Fukushima

Ishinomaki, Miyagi

Kamaishi, Iwate

Minamisanriku, Miyagi

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Harumi le Tadayuki

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Yoichi le Tatsuko

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Yuko le Midori

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Toru

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Koloi e Toru a neng a e kgweetsa

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Takayuki

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Shunji

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Mizuki le Yui

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Hideharu

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Baithaopi ba dira tiro ya namolo

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Holo ya Bogosi ya kwa Rikuzentakata morago ga tsunami

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Tiro ya go e aga sesha dikgwedi di le tharo moragonyana

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Holo ya Bogosi e e weditsweng

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 14]

JIJI PRESS/AFP/Getty Images