Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baitse ba Metlha ya Bogare ba Tsa Kalafi

Baitse ba Metlha ya Bogare ba Tsa Kalafi

BONTSI jwa dikarolo tsa kalafi ya segompieno di ka tswa di sa bolo go nna gone go feta kafa o akanyang ka gone. Tota e bile, mekgwa e mentsi ya tsa kalafi e e dirisiwang gompieno e ne e setse e dirisiwa makgolokgolo a dingwaga a a fetileng kwa dinageng dingwe. Ka sekai, akanya ka hisitori ya kalafi mo metlheng ya bogare kwa Botlhabagare.

Ka 805 C.E., CALIPH HARUN AR-RASHID o ne a aga kokelo kwa motsemoshateng wa gagwe, e leng Baghdad. Go tloga ka lekgolo la bo9 la dingwaga go fitlha ka lekgolo la bo13, babusi ba bangwe ba ne ba aga dikokelo le go di tlhokomela go ralala mmusomogolo otlhe wa Boiselamo go tloga kwa Spain go fitlha kwa India.

Dikokelo tseno di ne tsa thusa batho ba ba humileng le ba ba humanegileng ba madumedi otlhe. Dingaka tse di ithutetseng tiro di ne di sa fodise balwetse fela koo mme gape di ne di dira dipatlisiso le go thapisa dingaka tse disha. Go ne ga dirisiwa diphaposi tse di farologaneng go dira ditiro dingwe tse di farologaneng—go alafa malwetse a a amang dirwe tse di mo teng ga mmele, malwetse a matlho, malwetse a marapo, go dira dikaro, go alafa malwetse a a tshelanwang le malwetse a tlhaloganyo. Dingaka di ne di tsamaya le baithuti ba tsone go ya go tlhatlhoba balwetse moso mongwe le mongwe le go ba kwalela dijo tse ba tshwanetseng go di ja le melemo e ba tshwanetseng go e newa. Gape go ne go na le badiri ba khemise mo kokelong ba ba neng ba ntsha melemo. Babereki ba ba dirang tiro ya botsamaisi ba ne ba boloka direkoto, ba laola ditshenyegelo le go tlhokomela fa go apewa dijo mmogo le ditiro tse dingwe tsa botsamaisi—fela jaaka go ntse le gompieno.

Bakwalahisitori ba tsaya dikokelo tseno e le “sengwe sa dilo tse dikgolo tse di ileng tsa fitlhelelwa ke Bamoseleme ba metlha ya bogare.” Howard R. Turner, yo e leng mokwadi e bile e le mokwalahisitori a re mo mmusomogolong otlhe wa Boiselamo, “bookelo e ne e le setheo se go neng go dirwa diphetogo tse dikgolo mo go sone tse di neng di tla ama tsela e saense ya kalafi le tlhokomelo ya balwetse e leng ka yone go tla go fitlha mo metlheng ya gompieno.”

RHAZES o tshotswe mo bogareng jwa lekgolo la borobongwe la dingwaga kwa toropong ya bogologolo ya Rayy, e gompieno e leng karolo ya toropo ya Tehran. O bidiwa “ngaka e e di gaisang tsotlhe le moitse wa tsa kalafi yo o ba gaisang botlhe wa Boiselamo mme e le wa Metlha ya Bogare yotlhe.” E le gore dingaka tse dingwe le tsone di solegelwe molemo, rasaense yono yo o botlhale o ne a kwala ka mekgwa e a neng a e dirisa go dira diteko, maemo a a neng a di dira mo go one, didirisiwa mmogo le diphelelo tsa diteko tseo. Mme o ne a gakolola dingaka tsotlhe gore di itepatepanye le diphetogo tsa bosheng mo dilong tsa bongaka.

Rhazes o ile a fitlhelela dilo di le dintsi. Ka sekai, dilo tse a neng a di kwala tsa kalafi di ne tsa tsenngwa mo bukeng ya dibolumo tse 23 ya Al-Hawi (Bukakakaretso), e e leng nngwe ya dibuka tsa konokono tsa kalafi. Go bolelwa gore tshimologo ya kalafi ya boimana le go tsholwa ga bana, bongaka jwa malwetse a sesadi le karo ya matlho di fitlhelwa mo bukeng eno. Mo dibukeng tse 56 tse a di kwadileng ka ga kalafi go na le ditlhaloso tse di ikanyegang tsa bogologolo go gaisa tsotlhe ka bolwetse jwa sekgwaripana le jwa mmokwane. Gape Rhazes o ne a lemoga gore letshoroma ke nngwe ya ditsela tse mmele o lwantshang megare ka tsone.

Mo godimo ga moo, o ne a okametse dikokelo tsa kwa Rayy le kwa Baghdad, kwa go alafa ga gagwe batho ba ba lwalang mo tlhaloganyong go ileng ga felela ka gore a bidiwe mothei wa thutotlhaloganyo le wa kalafi ya malwetse a tlhaloganyo. Rhazes o ne a sa fetse nako mo ditirong tsa kalafi fela, gape o ne a kgona go kwala dibuka tse di kaga khemiseteri, thutodinaledi, dipalo, filosofi le thutabodumedi.

AVICENNA, yo le ene a neng a di goga kwa pele mo go tsa kalafi, o ne a tswa kwa Bukhara, kwa Uzbekistan ya gompieno. O ne a nna mongwe wa batho ba ba di gogang kwa pele mo go tsa kalafi, mo filosofing, mo thutodinaleding le mo dipalong mo lekgolong la bo11 la dingwaga. Avicenna o ne a kwala buka ya tshedimosetso e e bidiwang The  Canon of Medicine, e e neng e tlhalosa sengwe le sengwe se se amanang le kalafi.

Avicenna o ne a tlhalosa mo bukeng ya gagwe ya Canon gore bolwetsi bo ka anama ka metsi le mmu, gore maikutlo a ama botsogo jwa motho le gore ditshikana di fetisa setlhabi le go dira gore mesifa e gagamale. Buka ya The Canon e ne ya tlhalosa mefuta e ka nna 760 ya diokobatsi—kafa di dirilweng ka teng, kafa di dirang ka gone le matshwao a tsone—mme ya tlhalosa ditsela tsa go dira diteko tsa diokobatsi tse disha. E re ka buka eno e ne e ranoletswe mo Selatineng, e ne ya dirisiwa mo dikolong tsa bongaka kwa Yuropa ka makgolokgolo a dingwaga.

Mokwalo wa seatla wa Searabia o o bontshang didirisiwa tsa karo tsa ga Albucasis

ALBUCASIS le ene ke mongwe yo o itsegeng thata mo hisitoring ya tsa kalafi. Monna yono yo o tlisitseng diphetogo wa lekgolo la bolesome la dingwaga wa kwa Andalusia, e e kwa nageng e gompieno e bidiwang Spain, o ne a kwala buka ya dibolumo tse 30, e e akaretsang pego ya ditsebe tse 300 ya tsa karo. Mo go yone, o ne a tlhalosa mekgwa e mesha e e jaaka go dirisa mogala o o thata (catgut) go roka motho ka fa gare, go ntsha maje a setlha ka sedirisiwa se se tsamayang mo moseleng wa motlhapo, karo ya go ntsha thyroid le karo ya go ntsha lotha.

Albucasis o ne a dirisa se se tlhalosiwang e le “mekgwa e go ka tweng ke ya segompieno ya kalafi” go thusa go tlhofofatsa pelegi e e nang le mathata le go alafa marapo a magetla a a duleng mo malokololong. O ne a simolola go dirisa mokgwa wa go hapa dintho ka matsela le go bofa marapo a a robegileng ka samente. Gape o ne a tlhalosa mekgwa ya go busetsa meno a a duleng, go dira meno a polaseteki, go baakanya meno a a sa lebaganang sentle le go ntsha leswe le le omeletseng mo menong.

 Pego ya ga Albucasis e e ka ga karo e ne e na le ditshwantsho tsa ntlhantlha tse di bontshang didirisiwa tsa karo. E ne e na le ditshwantsho tse di bonalang sentle tsa didirisiwa tsa karo di ka nna 200 e bile e na le ditaelo tsa gore di ka dirisiwa jang le gone leng. Mediro ya didirisiwa tsa gagwe e ile ya fetolwa go sekae go ralala mileniamo.

Avicenna o okametse fa go dirwa melemo ya bolwetse jwa sekgwaripana

Kitso e Anamela Kwa Bophirima

Mo lekgolong la bo11 le la bo12 la dingwaga bakanoki ba ne ba simolola tiro ya go ranolela dibuka tsa bongaka tsa Searabia mo Selatineng segolobogolo kwa Toledo e e kwa Spain, le Monte Cassino le Salerno kwa Italy. Go tswa foo, dingaka di ne tsa ithuta dithanolo tseo kwa diyunibesithing go ralala Yuropa mo go buiwang Selatine gone. Mokwadi wa saense e bong Ehsan Masood a re ka ntlha ya seo kitso ya kalafi ya Botlhabagare “e ne ya tsenelela kwa Yuropa mo makgolokgolong a a latelang a dingwaga, gongwe go gaisa saense epe e nngwe ya Boiselamo.”

Go bonala sentle gore dilo tse di lemogilweng le tse di tlhamilweng ke baitse ba metlha ya bogare ba ba jaaka Rhazes, Avicenna, Albucasis le ba bangwe ba motlha wa bone di ka tlhalosiwa sentle go twe ke motheo wa se gone jaanong re se bitsang kalafi ya motlha wa segompieno.