Bofelo Jwa Lefatshe bo Boifisa Batho Thata
KWANTLE ga dikgopolo tse di ikakanyeditsweng tsa bofelo jwa lefatshe tse di umakilweng mo setlhogong se se fetileng, go na le dilo dingwe tse di tshwenyang tse re tshwanetseng go di akanyetsa ka kelotlhoko. Batho ba le bantsi ba tshwenyegile ka go oketsega thata ga batho le kafa seo se ka bakang tlhaelo ya metsi le ya dijo ka teng. Ba bangwe ba tshwenyega ka ditlamorago tsa go phutlhama ga ikonomi ya lefatshe lotlhe. Go tweng ka masetlapelo a tlholego, malwetse a leroborobo kgotsa ntwa ya nuklea? A ditiragalo tseno di ka baka tshenyego e kgolo ya lefatshe lotlhe?
A re tlhatlhobeng ka bokhutshwane dingwe tsa dilo tse batho ba akanyang gore di tla fedisa lefatshe. Ga se tsotlhe tse di ka bolayang mongwe le mongwe mo lefatsheng mme ruri go lebega di ka kgona go fedisa botshelo jo bo leng teng gone jaanong. Mme tsone di akaretsa dilo tse di latelang.
Makgwamolelo a a Boitshegang
Ka 1991, Mount Pinatubo e e kwa Philippines e ne ya thunya mme ya bolaya batho ba feta 700 le go senyetsa batho ba ka nna 100 000 magae. Leru le legolo la molora wa lekgwamolelo le ne la tlhatlogela dikilometara di le 30 go ya kwa loaping le bo le wela mo lefatsheng, mme la khurumetsa dijalo le go dira gore marulelo a dikago dingwe a we. Lekgwamolelo la Pinatubo le a mangwe a a tshwanang le lone a baka diphetogo tsa tlelaemete tse di ka tswelelang dingwaga di le dintsi morago ga gore a thunye.
Makgwamolelo a a thunyang ka tsela e e boitshegang, a a tshwanang le a a thuntseng bogologolo, a ka nna magolo thata e bile a ka senya thata makgetlo a le makgolokgolo go feta makgwamolelo ape fela a go kileng ga kwalwa ka one mo hisitoring. Kwantle ga tshenyo e kgolo e le e bakang ka bonako, go fetoga ga tlelaemete ya lefatshe lotlhe go ka dira gore dijalo di se ka tsa ungwa, go se ka ga nna le dijo tse di lekaneng mme seo se felele ka gore batho ba le bantsi ba bolawe ke tlala.
“Makgwamolelo a bolaya dimela le diphologolo tse di fitlhelwang dikilometara di le dintsi go a dikologa; makgwamolelo a a boitshegang a ka tsenya mefuta e e rileng ya ditshedi mo kotsing ya go nyelela ka go fetola tlelaemete go dikologa lefatshe lotlhe.”—“National Geographic.”
Di-Asteroid
Moso mongwe ka 1908, monna mongwe o ne a dutse fa mathuding a lebenkelenyana lengwe kwa Vanavara, kwa Siberia, fa go ne go thunya sengwe se se neng sa mo phaila mo setulong sa gagwe. Mme mogote o ne o le mogolo thata jaana mo a neng a utlwa e kete hempe ya gagwe e a sha. Go thunya goo go ne go diragetse sekgala sa mo e ka nnang dikilometara di le 60 go tswa fa go ene. Go ne go bakilwe ke asteroid e e neng e le bophara jwa dimetara di ka nna 35 mme e le boima jwa dikilogerama di ka nna dimilione di le 100. Fa asteroid e sena go fitlha mo lefaufaung, e ne ya thunya ka ntlha ya lobelo lo logolo lo e tlileng ka lone lo lo bakileng gore e gotele thata. Go thunya ga yone go ne ga ntsha maatla a a lekanang le a dibomo tse di dirisitsweng kwa Hiroshima di le 1 000 mme ya senya sekgwa sa disekwerekilometara di ka nna 2 000 sa kwa Siberia. Gone ke boammaaruri gore go thunya ga asteroid e e fetang eo go ka baka tshenyo e kgolo le go feta, ga baka melelo e megolo e e neng e tla latelwa ke go fokotsega thata ga dithemperetšha mo lefatsheng lotlhe le go fela ga ditshedi di le dintsi.
“Go ralala hisitori ya lefatshe, di-‘comet’ le di-‘asteroid’ tse di tswang ka kwa ga lefaufau di ile tsa wela mo lefatsheng. Di ne tsa wa gantsi mo nakong e e fetileng mme di sa ntse di tla wa gape. Kgang fela ke gore go tla direga leng.”—Chris Palma, motlhatlheledi yo mogolo wa thutodinaledi le fisikisi ya thutodinaledi kwa Penn State University.
Go Fetoga ga Tlelaemete
Baitsesaense ba dumela gore go tlhatloga ga themperetšha ya lefatshe ka kakaretso, maemo a bosa a a feteletseng, go gakologa ga aese e e mo dithabeng le ga dikgapetla tsa aese, go fela ga maje a korale le go swa ga mefuta ya ditshedi tsa botlhokwa, tsotlhe ke bosupi jwa gore tlelaemete ya lefatshe lotlhe e a fetoga. Le fa batho ba sa dumalane ka kgang eno, ba le bantsi ba dumela gore seno se bakwa ke fa dikoloi le madirelo a dirisa magala, oli le digase tsa tlholego—ditukisi tse di dirilweng ka dilo tsa tlholego tse di dirang gore go nne le selekanyo se segolo sa khabonetaeokosaete mo lefaufaung.
Baitse bangwe ba dumela gore digase tseo di dira gore mogote o tswe ka bonya mo lefatsheng go ya lefaufaung mme o dira gore dithemperetšha di tlhatloge. E re ka ditlhare di monya khabonetaeokosaete, go rengwa thata ga dikgwa le gone go ka baka phetogo ya tlelaemete.
“Fa moya o o mo loaping o ka tswelela o gotela ka selekanyo sa gone jaanong mme le selekanyo se khabonetaeokosaete e ntshiwang ka sone se sa fokodiwe, baitsesaense ba le bantsi ba dumela gore themperetšha ya Lefatshe ka kakaretso e tla tswelela e tlhatloga, mo go tla felelang ka diphetogo tse dikgolo le tse di sa laolegeng tsa tlelaemete le go oketsega ga metsi a lewatle mo go ka dirang gore mafelo a a gaufi le dintshi tsa lewatle a batho ba le bantsi ba nnang mo go one a nne mo kotsing.”—“A Mind for Tomorrow: Facts, Values, and the Future.”
Malwetse a Leroborobo
Mo lekgolong la bo14 la dingwaga, leroborobo le le bidiwang Black Death le ne la bolaya nngwetharong ya baagi ba kwa Yuropa mo dingwageng di le pedi fela. Magareng ga 1918 le 1920, go ne ga swa batho ba ka nna dimilione di le 50 ba bolawa ke bolwetse jwa Spanish flu. E re ka mekgwa ya go tsaya mesepele e ne e le bonya, e ne ya thibela go anama ga malwetse ao. Le fa go ntse jalo, bolwetse jo bo tshwanang le joo bo ka anama ka bofefo go ralala dikontinente tsotlhe ka gonne gompieno batho ba oketsega mo ditoropong e bile go motlhofo go etela kwa dinageng tse dingwe.
Bolwetse jo bo tshwanang le jono jwa leroborobo bo ka itlhagela fela ka tsela ya tlholego. Mme gape go na le poifo e e oketsegang ya gore go ka nna le dibetsa tse di dirilweng ka megare, e leng malwetse a a dirilweng ke batho. Baitse ba dibetsa tsa megare ba re setlhopha se sennye sa batho ba ba nang le kitso ka tsone ba ka reka didirisiwa go tswa mo Internet ba bo ba dira dibetsa tse di bolayang tse di dirilweng ka megare.
“Malwetse a a itlhagelang fela ka tlholego a sa ntse a le kotsi mo bathong; le fa go ntse jalo, batho ba ba nang le kitso ya go dira megare e e tshwanang le eo—kgotsa ba ba nang le [megare e e palelang diokobatsi di le mmalwa] kgotsa megare e e itiretsweng—ba ka dira gore go felele ka masetlapelo”—The Bipartisan WMD Terrorism Research Center.
Go Fela ga Mefuta ya Ditshedi Tse di Botlhokwa
Mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng, batho ba ba ruang dinotshe kwa United States ba ile ba latlhegelwa ke diperesente di ka nna 30 tsa dinotshe tsa bone ngwaga le ngwaga ka ntlha ya bothata jo bo leng teng mo lefatsheng lotlhe jwa gore metshitshi e megolo ya dinotshe e nyelele ka tshoganyetso mo e nnang teng go sa itsiwe gore e ile kae. Dinotshe ga di re tlamele ka mamepe fela. Gape di tsamaisa mmudula wa dijalo tsa botlhokwa tse di akaretsang merara, diapole, dinawa tsa soya le katune. Re tlhoka dinotshe.
Gape re tlhoka dimela tse di mo boalong jwa lewatle tse di jewang ke ditlhapi. Kwantle ga tsone re ka se nne le ditlhapi. Fa diboko tse di tlhabololang mmu di seo, dijalo tse re di lemang di ka fokotsega fela thata. Fa mefuta e e ntseng jalo e e botlhokwa ya ditshedi e ka fela, go ka felela go na le tlhaelo ya dijo le tlala mme seo se ka dira gore go nne le thubakanyo le dikhuduego. Kgotlelo, go oketsega thata ga batho, go rengwa thata ga dikgwa, go senngwa ga mafelo a ditshedi di nnang mo go one le go fetoga ga tlelaemete go baka gore mefuta ya diphologolo e fele ka selekanyo se se fetang sa tlholego go menagane makgetlo a ka nna 1 000.
“Ngwaga le ngwaga go nyelela mefuta ya ditshedi e e fa gare ga 18 000 le 55 000. Seno se bakwa ke dilo tse di dirwang ke batho.”—United Nations Development Program.
Ntwa ya Nuklea
Go thunya ga bomo e le nngwe ya nuklea go ka senya toropo e kgolo ka ponyo ya leitlho—selo se se botlhoko se se diragetseng gabedi ka August 1945. Go thunya ga bomo ya nuklea go maatla ka tsela e e boitshegang, mme maatla a yone, phefo, mogote, molelo le marang a yone di a bolaya e bile di a senya. Gape marang a a kotsi a kgotlela dijo le metsi. Ntwa ya nuklea e ka baka gore lorole lo lontsintsi lo ye kwa loaping, mo lo ka thibang marang a letsatsi le go dira gore dithemperetšha mo lefatsheng lotlhe di ye kwa tlase thata. Dijalo tse di tlhagisang dijo le dimela tse dingwe di ka swa. Fa go se na dijo, batho mmogo le diphologolo di ka bolawa ke tlala. Go bolelwa gore dinaga di ka nna robongwe di ka kgona go tlhasela ka dibomo tsa nuklea. Go lebega dinaga tse dingwe di se kae di le mo thulaganyong ya go itirela dibetsa tsa tsone tsa nuklea. Mme mekgatlho ya dirukutlhi e gakaletse go nna le tsone.
“Dibetsa tsa nuklea e sa ntse e le tsone tse di ka bakang kotsi e e masisi thata e bile e le ka tshoganyetso mo bathong. . . . Go sa ntse go na le dibetsa tsa nuklea di ka nna 25 000 mo lefatsheng lotlhe . . . Kgabagare, dirukhutlhi di tla nna le bomo ya nuklea.”—Union of Concerned Scientists.