Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 Basha ba Botsa Jaana

Nka Lebelela Eng mo Lenyalong?—Karolo 2

Nka Lebelela Eng mo Lenyalong?—Karolo 2

MO SETLHOGONG SA RONA SE SE FETILENG, re ile ra tlotla ka melemo mengwe le dikgwetlho dingwe tse o ka di lebelelang mo lenyalong.

MO SETLHOGONG SENO, re tla sekaseka lebaka la go bo o tshwanetse go lebelela dilo tse o neng o sa di akanya.

Tlhopha se o se lebeletseng mo go tse di latelang:

Ke lebeletse gore molekane wa me wa mo isagweng . . .

  • a nne le ditebego
  • a dire gore ke ikutlwe ke le motho wa botlhokwa
  • a nne le mekgele e e tshwanang le ya me
  • a itumelele boitlosobodutu jo ke bo ratang

 Fa e le gore o batla molekane wa lenyalo, ga go na sepe se se phoso ka go lebelela dilo tse di umakilweng mo tsebeng e e fetileng. Tota e bile o ka nna wa kopana le motho yo o nang le dilo tseno tsotlhe. Boammaaruri ke gore fa nako e ntse e tsamaya, batho ba a fetoga—le maemo a a fetoga.

Sa botlhokwa: Go dira gore lenyalo le atlege, o tshwanetse go lebelela gore go tla direga dilo tse o neng o sa di lebelela.

Dikgang tse di molemo. Dilo dingwe tse o neng o sa di lebelela mo lenyalong e ka nna dilo tse di molemo.

“E re ka gone jaanong re nyalane, ke anaanela thata tsela e Maria * a sa tseyeng dilo masisi ka yone go feta ka nako ya fa re ne re sa ntse re intsha mmogo. Go bo re iteba ka tsela e e tshwanetseng, go ile ga dira gore mathata a re ileng ra kopana le one a se ka a lebega a le masisi thata.”—Mark.

Dikgang tse di seng monate. Dilo dingwe tse o neng o sa di akanya ka lenyalo di ka tswa di sa itumedise. Akanya ka sekai seno.

A re re wena le motho yo e tla nnang molekane wa gago lo ipeetse mokgele wa go nna barongwa kwa nageng e sele. Mme go tla diragala eng fa e re morago ga lenyalo molekane wa gago a bo a tshwarwa ke bolwetse bongwe jo bo masisi jo bo dirang gore lo se tlhole lo kgona go fitlhelela mokgele wa lona? Boammaaruri ke gore go a kgonega e re ka Baebele e re, “dilo tse di bosula di diragalela batho botlhe!” (Moreri 9:11, Holy Bible—Easy-to-Read Version) Ga go na pelaelo gore o tla ngomolwa pelo ke seemo sa molekane wa gago—le go kgobiwa marapo ke go bo o sa fitlhelela mokgele wa gago. Mme fa maemo a a ntseng jalo a a neng a sa lebelelwa a ka nna teng, o tla tshwanelwa ke go amogela se se diragetseng le go dira diphetogo. Boammaaruri ke gore o nyetse motho, e seng mokgele.

Sa botlhokwa: Fela jaaka Baebele e bolela, batho ba ba tsenang mo lenyalong ba tla nna le “pitlagano” nngwe. (1 Bakorintha 7:28) Ka dinako dingwe pitlagano eo e tswa mo maemong a a neng a sa akanngwa.

O ka ipaakanyetsa dilo tse o neng o sa di akanya jang? Fa o tsena mo lenyalong o tla tlhoka go nna le dilo tse pedi.

 1. GO LEBA DILO JAAKA DI NTSE

Le fa lo ka tshwanelana jang le motho yo o tlileng go nyalana le ene, o tshwanetse go lebelela gore

  • ga se ka metlha lo tla dumalanang ka sengwe le sengwe.
  • ga se ka metlha lo tla lebang dilo tse di botlhokwa thata ka tsela e e tshwanang.
  • ga se ka metlha lo tla itumelelang go dira dilo dingwe tse di tshwanang.
  • ga se ka metlha o tla ikutlwang o rata motho yo o nyalaneng le ene ka tsela e o neng o mo rata ka yone fa lo ne lo simolola go intsha.

Maemo a a bontshitsweng fa godimo a tlwaelegile. Mme a ka se thube lenyalo la gago ntle le fa o a letla! Gakologelwa gore Baebele ya re lorato “lo itshokela dilo tsotlhe” e bile “ga lo ke lo fela.”—1 Bakorintha 13:4, 7, 8.

Boammaaruri ke gore: Kwa bofelong, selo se se tla dirang gore lenyalo la gago le atlege kgotsa le thubege ga se mathata a o lebanang le one mme ke kafa o a rarabololang ka teng.Bakolosa 3:13.

2. GO IKANYEGA MO MOLEKANENG WA GAGO

Fa wena le molekane wa gago lo ikemiseditse go nna lo le mmogo le fa go ka direga eng, lo tla kgona go rarabolola mathata a lo neng lo sa a lebelela.—Mathaio 19:6.

Batho bangwe ba re go ikanyega mo molekaneng go dira gore lenyalo e nne mokgweleo. Mme gone go dira se se farologaneng le seo! Go ikanyega go dira gore kamano ya lona e nonofe. Fa dilo tse lo neng lo sa di akanya di direga, wena le molekane wa gago lo tla batla ditharabololo, e seng tsela ya go tswa mo lenyalong.

E le gore o nne le moya wa go ikanyega, o tlhoka go tsaya lenyalo la gago jaaka le ntse, e seng go ijesa dijo tsa ditoro. Go bontsha kafa seno se farologanang ka gone, leka ikatiso e e latelang.

1. Akanya o na le thekete ya mahala ya sefofane ya go ya gongwe le gongwe fela kwa o batlang go ya gone mo lefatsheng. O ka tlhopha go ya kae mme ka ntlha yang?

Lefelo:

Lebaka:

  • tsela e le lebegang ka yone
  • setso
  • tlelaemete
  • boitlosobodutu
  • tse dingwe

2. Akanya thekete ya gago ya sefofane e le ya loeto lwa go ya fela mme e le gore o tla nnela ruri kwa lefelong leo.

Jaanong o ne o tla tlhopha lefelo lefe, fa e le gore le gone?

  • Lefelo:
  • kgotsa ke ne nka tlhopha go nna mo ke leng teng.

Mo ikatisong e e fa godimo, gongwe lefelo le o le tlhophileng la ntlha ga le tshwane le la bobedi. Le fa a tshwana, gongwe o ile wa tshwanelwa ke go akanya ka tsela e e farologaneng ka tlhopho ya gago ya bobedi. Go na le gore o akanye o le motho yo o tsereng loeto lwa boikhutso yo o iketlileng mo lewatleng kgotsa o tsamaya go itlhabisa phefo mo dithabeng, o tshwanetse go akanya o le moagi wa koo yo o lebanang le melemo le dikgwetlho tsa letsatsi le letsatsi.

Ke yone tsela e o tshwanetseng go leba lenyalo ka yone. Tota e bile fa nako e ntse e tsamaya maemo a ka fetoga. Ga go na pelaelo gore wena le molekane wa gago lo tla fetoga. Gore o atlege o tshwanetse wa kgona go ipaakanyetsa maemo a o neng o sa a lebelela le go dira se se siameng fa maemo ano a tlhaga.

Se o ka akanyang ka sone: Gone jaanong o ise o tsene mo lenyalong, o lebana jang le dilo tse o neng o sa di lebelela mo botshelong?

^ ser. 15 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

KE ENG O SA BOTSE BATSADI BA GAGO?

Ke dilo dife tse di molemo mme ke dikgwetlho dife tse di sa lebelelwang tse lo neng lwa lebana le tsone fa lo sena go nyalana? Ke ka ipaakanyetsa jang dilo tse di ka diregang ke ne ke sa di lebelela fa nka tsena mo lenyalong?