Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se Bana ba se Tlhokang mo Batsading

Se Bana ba se Tlhokang mo Batsading

Gompieno bana ba lebana le thubakanyo e e seng kana ka sepe mmogo le mekgwa e e senyang boitsholo. Ka jalo, bana ba rona ba tlhoka go kaelwa mo dilong tse di amanang le boitsholo mmogo le go kaelwa mo dilong tsa semoya go feta le fa e le leng pele. Batsadi ba ka bona thuso ya go thapisa bana ba bone kae? Batsadi ba le bantsi ba ba atlegileng ba ile ba dirisa Baebele ka gonne ba lemoga gore kaelo ya yone e e malebana le botshelo le melao ya yone ya boitsholo e ka se bapisiwe le epe.

Basupi ba ga Jehofa ba dirile buka ya setlhogo se se reng, Ithute mo Morutising yo Mogolo go thusa batsadi gore ba rute bana ba bone. Dikgaolo di le 48 mo bukeng eno di akaretsa ditlhogo tse di latelang: “Go Utlwa Go a Go Sireletsa,” “Lebaka La go Bo re Tshwanetse go Itshwarela ba Bangwe,” “Lebaka La go Bo re Sa Tshwanela go Bua Maaka,” “Se se Ka re Thusang go Fenya Dilo Tse di re Boifisang” le “Lebaka La go Bo re Tshwanetse go Bereka.”