Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Common Loon—Nonyane e e Modumo

Common Loon—Nonyane e e Modumo

BATHO ba le bantsi ga ba lebale selelo se se sa tlwaelegang sa nonyane ya common loon. Go bontsha kafa go didimetseng ka gone kwa nageng, selelo sa yone se utlwala kwa matsheng le kwa dinokeng tse di kgakala le metse kwa Canada, Yuropa le karolo e e kwa bokone ya United States.

Loon ke nonyane e ntle ya mo metsing e e tlotlomadiwang kwa Minnesota, U.S.A., e bile e dirilwe letshwao la naga eo mme e tshwantshitswe mo leding la tshipi la dolara ya kwa Canada, le le bidiwang loonie. Le fa go ntse jalo, ke nonyane e e fudugang mme gantsi e fetsa mariga kwa mafelong a a gaufi le lotshitshi lwa lewatle kwa dikarolong tse di kwa borwa. Ke eng se se dirang gore nonyane ya common loon e itsege ka modumo jaana?

Medumo e e Farologaneng ya Loon

Nonyane ya loon e opela

Dinonyane tsa loon di kgona go dira medumo mengwe e e kgatlhang. Go kuruetsa ga yone mo go tlhabang go utlwala mo maitseboeng kgotsa bosigo mme go ka utlwala bokgakala jwa dikilometara di le dintsi. Fa e batla go buisana le ya bong bo sele, bana ba yone le di-loon tse dingwe mo letsheng le e leng mo go lone, e dira modumo o mongwe o o sa tlerebetseng thata, o o tshwanang le wa morubisi. E dirisa modumo o o roromang fa e tlhagisa tse dingwe. Modumo ono o o tlhalosiwang e le “setshego sa botsenwa” ke one fela modumo o dinonyane tsa loon di o dirang fa di ntse di fofa.

Lokwalopaka lwa BirdWatch Canada lwa re di-loon tse ditonanyana ke tsone fela di dirang modumo o o yang kwa godimo le kwa tlase mme “go lebega di o dirisa fa di sireletsa naga ya tsone. . . . Nonyane nngwe le nngwe e tonanyana ya loon e na le tsela e e dirang modumo o o yang kwa godimo le kwa tlase ka yone,” mme “fa loon e le bokete thata, selelo sa yone ga se kwa godimo thata.” Lokwalopaka lono lwa re mo godimo ga moo, fa loon e tonanyana “e fudugela kwa lefelong le lengwe, e fetola modumo ono wa yone,” mme “e dira gore o farologane kafa go ka kgonegang ka teng le wa e e neng e dula foo pele.”

E Ntle, E na Le Bokgoni Mme ga e Botswerere

Loon e na le tlhogo ya mmala wa botala jo bo tseneletseng jo bo tsabakelang o o batlileng o nna montsho le matlho a mahibidu le molomo o montsho o o motsu. Mme mafofa a yone a fetofetoga le dipaka.

E re ka dinonyane tsa loon di na le dinao tse dikgolo tsa menwana e e gokaganeng jaaka ya pidipidi, di kgona go tsoma motlhofo, go thuma motlhofo e bile di na le bokgoni jwa go thabuela mo metsing. E bile  tota di kgona go thabuela boteng jwa mo e ka nnang dimetara di le 60, mme ka dinako dingwe di nna di le kafa tlase ga metsi ka metsotso e le mmalwa!

Le fa go ntse jalo, nonyane ya loon ga e botswerere go le kalo fa e setse e emelela gore e fofe kgotsa fa e tlhoma fa fatshe! Ka ntlha ya bokete jwa yone, nonyane eno e tlhoka lefelo le le bulegileng le le nang le metsi gore e taboge mo go one e bo e fofa mme e ka phaphasela le go taboga mo metsing sekgala sa dimetara di le makgolokgolo pele e ka emelela. Ka gone, loon e rata mafelo a a nang le metsi a mantsi. Fa e tlhoma fa fatshe e tla ka lobelo lo logolo e isitse maoto kwa morago. Go tswa foo e batagana ka mpa mo metsing e bo e lelemela go se kae pele e ema.

Le fa dinao tsa loon tse dikgolo tsa menwana e e gokaganeng tse di kwa morago thata mo mmeleng wa yone di siametse go thuma, di dira gore e tsamaye le e leng go ema ka tsela e e seng botswerere. Ka jalo, di-loon di aga dintlhaga tsa tsone mo mafelong a di ka tsenang bonolo mo metsing fa di le mo go one.

Lemphorwana la loon le iketlile mo mokwatleng wa mmaalone

E tonanyana mmogo le e namagadi di refosana go elama mae a tsone (a gantsi a nnang mabedi), a mmala o o botala jo bosetlhana mme a na le marontho a mantshonyana. A thuthuga morago ga malatsi a ka nna 29. Fa mamphorwana a na le malatsi a le mabedi fela, a kgona go thuma le go ithabuetsa mo metsing a sa ye kwa teng thata. Fa a tlhoka go ikhutsa a ipalamela mo mokwatleng wa rraaone kgotsa mmaaone. Morago ga dikgwedi di le pedi kgotsa di le tharo fa di-loon tseno di setse di itse go fofa di kgaogana le batsadi ba tsone.

Dira tsa di-loon di akaretsa bontsu, dinonyane dingwe tsa metsi, di-raccoon le batho, ba ba leng kotsi go feta dira tse dingwe tsotlhe. Dinonyane tseno di bolawa ke botlhole jwa ditshipi tse di boima tsa lloto tse di gogelang dikgoge tsa go tshwara ditlhapi kwa tlase le jwa oli e e tshologileng. Dikhemikale tse di kgotlelang tsa pula ya asiti di bolaya ditlhapi tse dinonyane tsa loon di tshelang ka tsone. Makhubu a a bakwang ke mekoro e e fetang a tlatsa dintlhaga tsa tsone ka metsi. Gape ditlhabololo tse di dirwang gaufi le dintshi tsa matsha di kobela dinonyane tsa loon kgakala le lefelo le di ratang go beela mae mo go lone ka gonne di rata go nna fa go didimetseng.

Le fa go ntse jalo, di-loon di sa ntse di le dintsi. Ka jalo, nonyane eno e ntlentle e e lelang ka ditsela tse di tlhomologileng le tse di kgatlhang e tla tswelela go gapa dipelo tsa barati ba dinonyane ka dingwagangwaga.