Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Kwa Jeremane, diperesente di ka nna 33 tsa bana ba ba tshotsweng ka 2010 ba ne ba tshotswe ke batho ba ba sa nyalanang, fa go bapisiwa le diperesente di le 15 fela tsa ba ba tshotsweng ka 1993.—ÄRZTE ZEITUNG le THE LOCAL, JEREMANE.

Go ya ka tshedimosetso ya dipalopalo tsa 2010, diperesente di le 69,4 tsa bana ba kwa United States ba dula le batsadi ba le babedi, diperesente di le 23,1 ba dula le mmaabone fela, fa diperesente di le 3,4 ba dula le rraabone fela mme diperesente di le 4,1 ga ba dule le motsadi ope. —U.S. CENSUS BUREAU, U.S.A.

Ka 2011 masetlapelo a tlholego a ile a senya madi a le mantsi a ikonomi ya lefatshe lotlhe, mo e ka nnang diranta di le ditrilione di le 3,2. Thoromo ya lefatshe ya kwa Japane “e nnile kotsi ya masetlapelo e e sentseng madi a mantsi go feta masetlapelo ape fela a a kileng a direga, e bakile ditshenyegelo tse di jeleng diranta di le ditrilione di le 1,8—go sa akarediwe kotsi ya nuklea ya kwa Fukushima.”—NEW SCIENTIST, BORITANE.

Mo lefatsheng ka bophara sejo se se utswiwang thata go feta tse dingwe ke tšhisi. Lefatshe ka bophara go nyelela diperesente di feta 3 tsa dilo tse di rekisiwang ngwaga le ngwaga, bontsi jwa dilo tseno di utswiwa ke babereki le bareki.—CENTRE FOR RETAIL RESEARCH, BORITANE.

Dikotsi Tsa go Thula Bolo ka Tlhogo mo Motshamekong wa Kgwele ya Dinao

Mo motshamekong wa kgwele ya dinao, batshameki ba a tle ba thule bolo ka tlhogo. Le fa go ntse jalo, dipatlisiso tsa bosheng tse di dirisang botegeniki jwa maemo a a kwa godimo jwa go tsaya ditshwantsho ka ekeserei le diteko tsa go tlhatlhoba tlhaloganyo di dirile gore batho ba le bantsi ba tshwenyege ka dikotsi tsa go thula bolo ka tlhogo kgapetsa kgapetsa mo motshamekong wa kgwele ya dinao. Go ya ka babatlisisi ba kwa Albert Einstein College of Medicine e e kwa New York kwa U.S.A., tlwaelo eno e “oketsa kotsi ya go gobala boboko le go golafala tlhaloganyo.” Go ile ga fitlhelwa dikgobalo mo batshameking ba ba sa itshediseng ka go tshameka kgwele ya dinao, ba ba thulang bolo ka tlhogo makgetlho a a fetang 1 000 go ya go a le 1 500 ka ngwaga—mme seno ke “makgetlho a le mmalwa fela ka letsatsi mo motshameking yo o setseng a tlwaetse go tshameka kgwele ya dinao.”

Dikoloi Tse di Tsamaisiwang ka Motlakase di Kotsi Thata mo Bathong ba ba Tsamayang ka Dinao

Pego ya Department of Transportation ya kwa United States ya re: “Go dirisiwa ga dikoloi tse di tsamaisiwang ka motlakase go dirile gore mekgatlho e e buelelang kgang eno e tshwenyege ka pabalesego ya batsamaakadinao. Maloko a mekgatlho eo a tshwenyegile ka gore dikoloi tseno ga di dire modumo o o utlwalang fa di tsamaya, mme batsamaakadinao le bapalami ba dibaesekele ba ikaegile ka modumo o o tlwaelegileng o o dirwang ke koloi gore o ba tsibose fa koloi e tla mo tseleng kgotsa mo makgabaganyong a ditsela.” Pego eno ya re ke boammaaruri gore fa e kgweediwa ka ditsela dingwe, “koloi e e tsamaisiwang ka motlakase e ka dira kotsi ya go thula motho yo o tsamayang ka dinao, mo e ka nnang ka makgetlho a le mabedi go feta dikoloi tse di tlwaelegileng.” Ke ka lebaka leo The National Highway Traffic Safety Administration e ileng ya dira kakantsho ya gore dikoloi tse di tsamaisiwang ka motlakase di tshwanetse go dira modumo mongwe fa di tsamaya ka lobelo lo lo kwa tlase.