Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ga ba A ka Ba Ntlhoboga

Ga ba A ka Ba Ntlhoboga

Ke ne ke rata bojalwa le thubakanyo. Mme letsatsi lengwe ke ne ka utlwa dikgang tse di hutsafatsang tse di neng tsa dira gore ke boe ke sekaseke botshelo jwa me gape. Mma ke tlhalose.

KE TSHOTSWE ka 1943 kwa Rubottom, Oklahoma, kwa U.S.A. Go simolola ka dingwaga tsa me tsa bosha ke ne ke tshela botshelo jo bo tletseng thubakanyo. Mo ngwageng wa me wa bofelo kwa sekolong se segolwane, ke ne ka simolola go nwa bobe. E re ka Rre a ne a nwa thata e bile a rata thubakanyo, tsela e ke neng ke nwa ka yone e ne ya dira gore re nne le botsala jo bo sa tlwaelegang. Re ne re tsamaya mmogo kwa ditantsheng le kwa mafelong a mangwe a maitiso e le fela gore re nwe bojalwa le go lwantsha batho.

Ke ne ka nyala ka 1966, mme nna le mosadi wa me Shirley re ne ra nna le bana ba babedi e bong Angela le Shawn. Le fa go ntse jalo, ke ne ka tswelela ke nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng. Go bona lotseno lo lo oketsegileng ke ne ka simolola go lema motokwane le go o rekisa. Gape ke ne ke bereka mo dibareng ke leleka batho ba ba sokodisang mme tiro eno e ne ya dira gore ke kgone go kgotsofatsa keletso ya me ya bojalwa le ya thubakanyo. Mo nakong eo ke ne ke sa tshabe ope e bile ke sa tshabe sepe mme ke ne ke sa kgathalele maikutlo a batho ba bangwe.

“O se Ka wa Ntlisetsa Ope go Tla go Bua le Nna!”

Ntsalae Shirley o ne a fudugela kwa California, kwa a neng a ithuta Baebele gone mme a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Fa a sena go boela kwa Oklahoma, o ne a bolelela Shirley se a se ithutileng, mme Shirley o ne a lemoga ka bonako gore seno ke boammaaruri. Morago ga gore Shirley a ithute Baebele mo go tseneletseng, le ene o ne a dira tshwetso ya go nna Mosupi mme a kolobediwa ka 1976. Ke ne ke sa batle go utlwa sepe ka bodumedi jwa gagwe. Ke ne ka mo raya ka re: “O se ka wa ntlisetsa ope go tla go bua le nna! Go ka se thuse ka sepe.”

Shirley ga a ka a tlogela go tshela ka melaometheo ya Baebele, mme o ne a tswelela go mpontsha lorato. Tota e bile, pele ga ene le bana ba ya kwa dipokanong tsa Bokeresete kwa Holong ya Bogosi o ne a tle a ntaletse ka lorato gore ke tsamaye le ene. Ka tsela e e tshwanang, Angela o ne a tle a re, “Papa, e kete o ka tsamaya le rona.”

E re ka ke ne ke dira ditiro tse di seng kafa molaong, gantsi ke ne ke tsamaya ka tlhobolo. Mo godimo ga moo, ke ne ke a tle ke fetse malatsi a le mantsi ke sa tle gae, mme seo se ne se baka dikgotlhang mo lenyalong la rona. Fa ke boa ke ne ke leka go baakanya dilo le Shirley ka go ya kwa dipokanong di le mmalwa. Ka metlha Basupi ba ne ba ntshwara ka lorato mme dilo tse ba neng ba di ruta di ne di utlwala.

Fa nako e ntse e tsamaya, mogolwane mongwe mo phuthegong o ne a ithaopela go ithuta Baebele le nna. Ke ne ka dumela. Mme ka maswabi se  ke neng ke se ithuta se ne se sa ntlhotlheletse go tsaya kgato—segolobogolo ka gonne ke ne ka tswelela ke itsalanya le ditsala tsa me tsa bogologolo. Mogolwane yoo o ne a lemoga seno mme o ne a mpontsha melaometheo mengwe ya Baebele e e bontshang dikotsi tsa go itsalanya le batho ba ba bosula. (1 Bakorintha 15:33) Le fa kgakololo ya gagwe e ne e theilwe mo Baebeleng, ke ne ka galefa, ka tlogela go ithuta mme ka tsenelela le go feta mo mekgweng ya me ya pele. A bo boikgogomoso jwa me jwa boeleele bo ile jwa utlwisa Shirley le bana ba rona botlhoko jang ne!

“Re sa Ntse re go Rata”

Ka 1983, ke ne ka amogela dikgang tse di hutsafatsang. Ngwana wa ga mogolowe Shirley yo ke neng ke mo rata thata, o ne a tlhokafetse. Seno se ne sa nkama fela thata sa dira gore ke akanye thata ka botshelo jwa me. Ke ne ke bona gore ke senya lenyalo la me le lelapa la me—ee, dilo tse ke neng ke di tsaya di le botlhokwa. Go lemoga ntlha eno ya botlhokwa go ne ga dira gore ke fetole tsela e ke akanyang ka yone. Kwa phitlhong, Mosupi mongwe yo o godileng e bong John o ne a baya seatla sa gagwe mo legetleng la me mme a re: “Ke batla fela go go bolelela gore re sa ntse re go rata.” Eo e ne e le kgothatso e ke neng ke e tlhoka! Mo letsatsing le le latelang ke ne ka founela John mme ka mmolelela gore ke batla go tswelela ke ithuta Baebele, ke akantse gore mo lekgetlhong leno ke tla dira diphetogo tse nkabong ke sa bolo go di dira mo nakong e e fetileng.

Mo thutong ya rona ya ntlha, re ne ra tlotla ka thapelo mme ka bolelela John gore ke tla leka go rapela. Mo letsatsing le le latelang ke ne ka simolola go batla tiro e e siameng, mme ga ke a ka ka bona sepe. Fa ke ntse ke kgweetsa bene ya me ke ne ka rapelela kwa godimo ka re, “Jehofa, fa e le gore o batla ke tswelele ke nna mo lefelong leno, o tla tshwanelwa ke go mponela tiro.” Mme ke ne ka akanya jaana, ‘Seno ke boeleele—go bua ke le esi mo koloing.’ Go ne go bonala sentle gore ke ne ke tshwanetse go dira go le gontsi go nonotsha tumelo ya me mo ‘Moutlwing wa thapelo’ fela jaaka ke ne ke sa ntse ke tlhoka go tokafatsa dithapelo tsa me! (Pesalema 65:2) Le fa go ntse jalo, se se gakgamatsang ke gore mo letsatsing le le latelang ke ne ka bona tiro!

Go lemoga kafa thapelo e leng maatla ka gone go ne ga dira gore ke rate Jehofa le go feta mme ga oketsa tsela e ke ikanyang kaelo ya gagwe ka yone

Go tloga foo, ke ne ka simolola go rapela mo go oketsegileng le ka tlhoafalo. Gangwe le gape ke ne ke bona ditshegofatso tsa ga Jehofa. Ke ne ke ntse ke dumela mo Modimong, mme dilo tseno tse di neng di ntiragalela di ne tsa nthusa go bona boammaaruri jwa mafoko a a mo go 1 Johane 5:14 a a reng: “Go sa kgathalesege gore ke eng se re se kopang kafa thatong ya gagwe, o a re utlwa.” Go lemoga kafa thapelo e leng maatla ka gone go ne ga dira gore ke rate Jehofa le go feta mme ga oketsa tsela e ke ikanyang kaelo ya gagwe ka yone.—Diane 3:5, 6.

Fa ke ne ke simolola go ya dipokanong tsa Bokeresete gape, Basupi ba ne ba nkamogela ka lorato. Mo godimo ga moo ke ne ka simolola go lemoga  gore tota ba ne ba ‘ratana ka lorato lo logolo lo lo tswang pelong’ mme seno se ne sa nkama fela thata. (1 Petere 1:22) Gape ke ne ka simolola go tlhaloganya boammaaruri jwa Diane 13:20 e e reng: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.”

Ke ne ke baketse ba lelapa la me mathata le kutlobotlhoko ka dingwaga di le dintsi mme jaanong ke ne ke leka go nna kagiso, go nna monna yo o botoka, rre yo o botoka le go nna le puisano e e botoka le ba lelapa la me. Ke ne ka simolola go dirisa kgakololo ya Baebele ya gore “banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone” le gore borre ba ‘se ka ba galefisa bana ba bone, gore ba se ka ba tshwenyega mo maikutlong.’—Baefeso 5:28; Bakolosa 3:21.

Go a utlwala go bo diphetogo tse ke neng ka di dira di ne tsa nna le tlhotlheletso e e molemo mo lelapeng la me. Ka ntlha ya seno, ke ne ka bona boammaaruri jwa mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 5:3 a a reng: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” Kgabagare, ke ne ka bona boitumelo jwa mmatota!

Ka June 1984 morwadiake e bong Angela, o ne a botsolodiwa kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa. O ne a tlhalosa gore ke ne ke le motho yo o ntseng jang pele, a bo a bua le ka diphetogo tse ke neng ke di dirile. O ne a konela ka go re o ne a itumeletse go mpona ke ntse mo ditulong tsa ba ba yang kwa kolobetsong mo letsatsing leo.

Ke na le mosadi wa me, Shirley

A bo ke leboga jang ne gore Jehofa ga a tlhoboge batho ba ba tshwanang le nna! Gape ke leboga Shirley mmogo le bana ba rona go bo ba sa ka ba ntlhoboga. E re ka Shirley e le Mokeresete wa mmatota, ka boikanyegi o ne a dirisa kgakololo e e mo go 1 Petere 3:1 e e reng: “Basadi ba lo nyetsweng, nnang mo taolong ya banna ba lona, e le gore, fa bangwe ba sa utlwe lefoko, ba gapiwe kwantle ga lefoko ka boitshwaro jwa basadi ba bone.” Ka ntlha ya boikanyegi jwa gagwe, bopelotelele le boitshwaro jwa gagwe jo bontle, ke ne ka kgona go ithuta boammaaruri, ka tlogela mekgwa ya me e e sa siamang mme ka itharabologelwa.

Fa e sale ke kolobediwa, ke dirisa sekai sa gagwe go kgothatsa ba bangwe ba ba nang le balekane ba ba sa dumeleng, gore ba se ka ba ba tlhoboga. Ke ba raya ke re, “Ka nako e e tshwanetseng, Jehofa a ka dirisa maatla a Lefoko la gagwe, Baebele, le boitshwaro jwa gago jo bontle go thusa molekane wa gago wa lenyalo go fetoga—le fa seo se ka bonala se ka se kgonege kwa tshimologong.”